Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! June: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Nnang lo Disitse!, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise.
◼ Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go nna le diforomo tse di lekaneng tsa Application for Regular Pioneer Service (S-205) le Application for Auxiliary Pioneer Service (S-205b). Diforomo tseno di ka otariwa mo foromong ya Literature Request Form (S-14). Dirang gore lo nne le setoko se se tla tsayang ngwaga otlhe. Tlhatlhobang diforomo tsotlhe tsa go kopa go nna mmulatsela wa ka metlha go tlhomamisa gore di tladitswe ka botlalo pele ga lo di romela kwa ofising ya lekala.
◼ Go botlhokwa gore ofisi ya lekala e nne le rekoto e e mo nakong ya diaterese le dinomoro tsa thelefouno tsa balebedi botlhe ba ba okamelang le bakwaledi. Fa go ka direga gore go nne le diphetogo le fa e le leng fela, Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go tlatsa foromo ya Presiding Overseer/Secretary Change of Address (S-29), e bo e e saena le go e romela kwa ofising ya lekala ka bonako. Seno se akaretsa le diphetogo dipe tse di amanang le khouto ya lefelo ya founo.
◼ Ka metlha fa o dira dithulaganyo tsa go eta tse di akaretsang go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, kwa kopanong ya potologo, kana ya kgaolo kwa nageng e nngwe, fa o kopa tshedimosetso e e malebana le matlha, dinako le mafelo a di tshwarelwang kwa go one, o tshwanetse go romela kopo ya gago kwa ofising ya lekala le le okametseng tiro mo nageng eo. Diaterese tsa diofisi tsa makala di kwadilwe mo tsebeng ya bofelo ya Yearbook ya bosheng.
◼ Bangwe ba ile ba botsa gore a ba ka direla ba bangwe mo phuthegong dikhopi tsa Watchtower Library e e mo CD-ROM, kgotsa ba letla ba bangwe go tsenya thulaganyo eno mo dikhomputareng tsa bone mme morago ga moo ba bo ba ba busetsa CD-ROM eno. Tumelano ya go dirisa thulaganyo eno, e e tlhagelelang fa o tsenya thulaganyo eno mo khomputareng e bile gape e kwadilwe mo dintlheng tse di oketsegileng tsa Help system, e bolela gore mekgwa eno ga e a letlelelwa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgothalediwa go amogela khopi ya bone ya Watchtower Library mo phuthegong.
◼ Mokwaledi o tshwanetse go tlhomamisa gore Komiti ya Kago ya Kgaolo e nna e itsisiwe ka boemo jwa baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba ileng ba romela diforomo tsa Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire (S-82). Fa go na le sengwe se se fetogileng ka boemo jwa moithaopi, jaaka fa a fuduga kana a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi kana mogolwane, go tshwanetse ga tladiwa foromo e ntšha ka bonako mme e romelwe. Fa aterese ya poso kana nomoro ya thelefouno ya moithaopi e fetoga kana a sa tlhole a na le boemo jo bontle mo phuthegong, bagolwane ba tshwanetse go itsise Komiti ya Kago ya Kgaolo ka bonako ka lekwalo. Dikhopi tse di tladitsweng tsa diforomo tsa S-82 tse di mo faeleng ya phuthego di tshwanetse go newa molebedi wa potologo gore a di sekaseke fa a etetse phuthego.
◼ Re rulaganya gape kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya puo ya diatla kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka May 13, 2007. Kopano ya potologo ya puo ya diatla e tla tshwarwa ka August 25, 26, 2007, kwa lefelong le le tshwanang. Gape, re itumelela go itsise batho ba ba mo tshimong ya bosusu gore kopano ya ntlha ya kgaolo ya malatsi a mararo ka puo ya diatla e rulaganyediwa go tshwarwa ka December 14-16, 2007, kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof. Re lo itsise jaana go sa le gale gore batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ba ba mo tshimong ya bosusu mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di fa gaufi ba kgone go nna gone mo kopanong eo.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Fa lo founela ofisi ya lekala, tsweetswee nnang lo gakologetswe dintlha tse di latelang: (1) Ka kopo founelang maloko a lelapa la Bethele morago ga diura tsa tiro, ntle le fa e le mo maemong a tshoganyetso. (2) Fa o founa mabapi le bothata bongwe kgotsa o na le potso, tsweetswee bolela ka botlalo gore o founa o le kwa kae o bo o bolele le se o ka ratang go tlotla ka sone. Re kopa gore bagolwane ba se ka ba bitsa mokaulengwe ope ka leina ba re ba kopa go bua le ene e re ka a ka tswa a abetswe go dira mo lefapheng le lengwe kgotsa a seyo gore a ka ba thusa. Kgaitsadi yo o amogelang megala o tla kgona go go fetisetsa kwa lefapheng le le tshwanetseng. Tsweetswee leka go khutshwafatsa puisano ya gago ka mo go ka kgonegang ka gone gore nako ya botlhokwa e se ka ya senngwa. (3) Fa e le gore o na le bothata jo bo go amang ka namana jo o batlang go tlotla ka jone, tsweetswee tlotla ka jone le bagolwane ba phuthego ya lona pele ga o founela ofisi ya lekala. Ke bone ba ka kgonang go araba dipotso tsa gago kgotsa go go thusa ka mathata a o nang le one. Fa e le gore ke kgang e e potlakileng, re kgothaletsa BOTLHE, go akaretsa le bagolwane, gore ba kwale lekwalo go tlhalosa bothata jwa bone. Re tla itumelela go lo thusa ka bothata joo ntle le go diega.—Bona Letlole la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1992, tsebe 5.