Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang tsa poeletso mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 30, 2007. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 5 go ya go April 30, 2007. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Re ka boloka jang aotlelaene ya rona ya puo e le motlhofo? [be-TN ts. 168 ser. 4]
2. Umaka ditsela di le nnè tse ka tsone re ka tlhalosang dintlha ka tsela e e utlwalang sentle. [be-TN ts. 170 ser. 3–ts. 172 ser. 4]
3. Ke dintlha dife tse re tshwanetseng go di gakologelwa fa re sekaseka dilo tse re tshwanetseng go di akaretsa mo puong ya rona? [be-TN ts. 173 ser. 1-2]
4. Melemo mengwe ya go neela puo o sa bale ke efe? [be-TN ts. 175 ser. 2-4]
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bua ka tsela ya go tlotla mme re ka tlhagolela jang bokgoni jono? [be-TN ts. 179 ser. 4, lebokose; ts. 180, lebokose]
PUO NO. 1
6. Mokaulengwe o tshwanetse go baakanyetsa jang fa a abetswe go neela dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele wa beke le beke? [be-TN ts. 47 ser. 3-4]
7. Ke eng se se botlhokwa thata ka thekololo ya ga Keresete go gaisa melemo e re e amogelang mo go yone? [w05-TN 11/1 ts. 14 ser. 1]
8. O tshwanetse go dirisa jang Dikwalo tse di umakilweng tse di gatisitsweng mo aotlelaeneng ya puo ya phatlalatsa? [be-TN ts. 53 ser. 1-2]
9. Boikaelelo jwa ga Jesu e ne e le bofe fa a ruta, mme re ka mo etsa jang? [be-TN ts. 57 ser. 1]
10. Ke ka ntlha yang fa go dira dipharologanyo go na le matswela mo go ruteng? [be-TN ts. 57 ser. 3-4]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Re ka leka jang go dirisa kgakololo e e mo go Jeremia 6:16 ya go tsamaya mo ‘ditseleng tsa bogologolo, kwa jaanong tsela e e molemo e leng teng’?
12. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhopha go dirisa mogolori go ruta Bajuda ba ba sa ikanyegeng thuto ya botlhokwa, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Jer. 8:7)
13. Re ka dirisa jang Jeremia 15:17 malebana le tsela e re lebang boitlosobodutu ka yone gompieno?
14. Batho ba tshwana le letsopa jang mo diatleng tsa Mmopi yo Mogolo, e bong Jehofa? (Jer. 18:5-11)
15. Tsela e ditšhaba di rulagantsweng ka yone mo go Jeremia 25:17-26 e botlhokwa jang mo motlheng wa rona?