LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka January 8
  • Beke e e Simololang ka January 15
  • Beke e e Simololang ka January 22
  • Beke e e Simololang ka January 29
  • Beke e e Simololang ka February 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 1/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka January 8

Pina 12

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Kgothaletsa botlhe go lebelela bidio ya No Blood—Medicine Meets the Challenge gore ba ipaakanyetse fa e tla bo e tlotlwa mo Pokanong ya Tirelo mo bekeng ya January 22. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya January 15 le Tsogang! ya January di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha kafa o ka arabang ka gone fa motho a kgoreletsa puisano ka go re “Ke tshwaregile.”—Bona buka ya Go Fetolana, ts. 19-20.

15 mets: Solegelwa Molemo ke go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo ketapeleng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2007. Tlotla ka tsela e go leng botlhokwa ka yone gore botlhe ba dirise metsotso e sekae letsatsi le letsatsi go sekaseka temana ya Dikwalo le dikakgelo. Rulaganya go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba akgele ka thulaganyo e ba nang le yone ya go sekaseka temana ya letsatsi le kafa seno se ba solegetseng molemo ka gone. Konela ka go tlotla ka bokhutshwane ka temana ya ngwaga ya 2007.

20 mets: Fitlhelela Mongwe le Mongwe ka Dikgang Tse di Molemo. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 92 go fitlha mo setlhogwaneng se se mo tsebeng ya 102.

Pina 165 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 15

Pina 93

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: Sekaseka le bareetsi dintlha tsa konokono tsa lekwalo la February 16, 2005 le February 1, 2006 malebana le thulaganyo e ntšha ya sekolo. Kgothaletsa batsadi ba ba nang le bana ba ba tsenang sekolo go tlotla le barutabana ka boemo jwa bana ba bone.

20 mets: “Ga ke Kgatlhege.”a Fa lo tlotla ka serapa sa 4, botsa bareetsi gore ke dilo dife tse di kgatlhang batho mo tshimong ya lona. Dira dipontsho tse pedi tse dikhutshwane tse di bontshang kafa o ka arabang ka gone fa motho a kgoreletsa puisano ka go re “Ga ke kgatlhege.”—Bona buka ya Go Fetolana, ts. 16.

Pina 135 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 22

Pina 224

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya February 1 le Tsogang! ya February di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha gore go ka dirwa jang loeto lwa go boela mo mothong yo o isetswang dimakasine ka metlha.

10 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

25 mets: “Kalafi ya Maemo a a Kwa Godimo ke Efe?” E neelwe ke mogolwane. Tlotla le bareetsi ka bidio ya No Blood, o dirisa dipotso tse di gatisitsweng mo setlhogong seo. Konela ka go bala serapa sa bofelo le go kgothaletsa botlhe go sekaseka ka kelotlhoko ditlhogo tse di umakilweng tsa Tora ya Tebelo.

Pina 188 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 29

Pina 55

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa January. Umaka dibuka tse di tsamaisiwang ka February, mme o dire pontsho e le nngwe.

15 mets: “A o Ipaakanyeditse Masetlapelo a Tlholego?”b E neelwe ke mogolwane. Akaretsa dikakgelo tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2005, tsebe 3.

20 mets: “Ke Leba Jang Dikarolwana Tsa Madi le Kalafi e go Dirisiwang Madi A me Mo go Yone?”c Motlotlo wa dipotso le dikarabo le pontsho. Mogolwane yo o neelang puo eno o tshwanetse go kgomarela ka botlalo se se kwadilweng mo aotlelaeneng ya ofisi ya lekala.

Pina 137 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 5

Pina 3

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

15 mets: Seno Ke se Ke Leng Sone! Puo le motlotlo le bareetsi. Basha bangwe ba okaoka go ipolela gore ke Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba akanya gore balekane ba bone ba tla ba sotla. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a molemo a go ipolela se o leng sone. Barutabana ba ba itseng se o se dumelang ba tla go tlotla e bile ga ba kitla ba go pateletsa go dira sengwe se se sa tshwanelang. Basha ba ba se nang maitseo ba tla okaoka go go laletsa gore o kopanele le bone mo boitshwarong jo bo sa siamang. Ba bangwe ba tla tlhaloganya ditshwetso tsa gago ka bonako malebana le dikgang tse di tshwanang le go ratana kgotsa go nna le seabe mo metshamekong ya sekolo le ditiro tse dingwe tsa morago ga sekolo. Gape ga o kitla o boifa go neela bosupi kwa sekolong kgotsa go kopana le yo o tsenang sekolo le ene fa o rera mo tshimong. (g02-TN 4/8 ts. 16 [g02 3/22 ts. 12]) Kopa bareetsi go akgela kafa ba solegetsweng molemo ka gone ke go ipolela gore ke Basupi ba ga Jehofa kwa sekolong. O ka nna wa rulaganya go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba akgele.

20 mets: “Lorato—Tsela ya go Nna le Bodiredi jo bo Nang le Matswela.”d Akaretsa dikakgelo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 2003, tsebe 23, serapa 16-17.

Pina 83 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela