Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Fa ngwaga wa tirelo wa 2006 o ne o tla kwa bokhutlong, go ne ga neelwa Diholo tse disha tsa Bogosi di le mmalwa mo tshimong ya rona. Diholo Tsa Bogosi di le supa di ne tsa neelwa mo bekeng ya bofelo ya August, mme seno se dira gore palogotlhe ya Diholo Tsa Bogosi tse di weditsweng e nne 35 mo ngwageng ono.
Diphuthego tse di latelang di le lesome di itumelela go kopanela mo Diholong tsa tsone tse disha tsa Bogosi: Dassenhoek, Kwa-Mashu North, Kwa-Mashu South le Volksrust kwa KwaZulu-Natal; Kwangwanase kwa Kosi Bay; Madadeni East kwa Newcastle; Diepsloot North le Kwa-Thema North kwa Gauteng; Kgomotso gaufi le Warrenton, le Mqhekezweni gaufi le Umtata. Re itumela le diphuthego tseno jaaka di obamela Jehofa mo lefelong le le tshwanelang leina la gagwe. Diphuthego tseno di itumelela thata thuso ya Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo le ya baithaopi ba ba neng ba ba thusa go aga dikago tseno.
Ope fela yo o batlang go bereka le Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo la gaabo o tshwanetse go tlatsa foromo ya Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire (S-82). Mokwaledi wa phuthego o na le diforomo tseno, tse di ka otariwang ka foromo ya Literature Request Form (S-14).