LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/06 ts. 4
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Ditiro Tsa Bogosi di Tshegediwang ka Gone ka Madi
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Ditshenyegelo tsa Yone di Duelelwa Jang?
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa O Rata Batho Ba Ba Abang ka Bopelotshweu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tiro ya Rona e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe e Tshegediwa Jang ka Madi?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 12/06 ts. 4

Lebokoso la Dipotso

◼ A go tla bo go siame go rulaganya go rekisa dilo kgotsa go rulaganya ditiragalo tse dingwe tsa go kokoanya madi go thusa phuthego?

Go tlwaelegile gore mekgatlho ya bodumedi e tshegetse ditiragalo tsa go kokoanya madi tse di jaaka go rekisa dijo, go rekisa dilo kgotsa meletlo. Le fa bangwe ba ka nna ba akanya gore dilo tseno di diriwa ka ntlha ya lebaka le le molemo, totatota ditiragalo tseno ke mofuta mongwe wa go kopa madi. Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele thuso ya madi ka tsela eo.

Makasine wa bobedi wa Tora ya Tebelo, ya August 1879 (ka Seesemane), o ne wa bua jaana ka go gana ga rona go etsa dikereke le go kopa madi: “Re dumela gore ‘Zion’s Watch Tower’ e tshegediwa ke Jehofa, mme fa a ntse a dira jalo ga e kitla e kopa kgotsa e lopa batho gore ba e tshegetse. Fa Ene yo a reng: “Gouta yotlhe le selefera e e mo dithabeng ke ya me,’ a sa kgone go e tshegetsa ka madi a a tlhokegang, re tla tlhaloganya gore ke nako ya gore kgatiso eno e se ka ya tlhola e gatisiwa.”

Re tswelela pele re latela molaomotheo ono wa Dikwalo: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakor. 9:7) Go beilwe mabokoso a meneelo mo Holong ya Bogosi gore batho ba ntshe meneelo ka go rata fa ba batla. (2 Dikg. 12:9) Meneelo ga e kopiwe; kgotsa ga e ntshiwe ka kgopolo ya gore motho le ene o batla gore a direlwe sengwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela