LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/06 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka December 11
  • Beke e e Simololang ka December 18
  • Beke e e Simololang ka December 25
  • Beke e e Simololang ka January 1
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 12/06 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka December 11

Pina 174

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya December 15 le Tsogang! ya December di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha kafa o ka arabang ka gone fa motho a kgoreletsa puisano ka go re “Ga ke kgatlhege.”—Bona buka ya Go Fetolana, ts. 16.

15 mets: Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2007. Puo le dipotsolotso ka molebedi wa sekolo. Tlotla ka dintlha tse di amang phuthego ya lona go tswa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2006. Tlhalosa gore molebedi wa sekolo ga a umake go sa le gale bokgoni jwa go bua jo seithuti se berekelang mo go jone. E re ka re tla fetsa go bala Dikwalo Tsa Sehebera go tloga go Isaia 24 go ya kwa bofelong jwa Malaki ka 2007, monongwaga e tla nna nako e e molemo ya gore bakaulengwe ba ba abetsweng go neela dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le ba bangwe ba ba akgelang ba dirise dikgatiso tsa rona tse di buang ka dibuka tseno tsa boporofeti. Botsolotsa baboledi ba le babedi kgotsa ba le bararo mo go ba ba latelang: moithuti yo mosha, moithuti yo mmotlana yo o gatelang pele sentle le moithuti yo o nang le maitemogelo. Ba kope gore ba tlhalose gore sekolo se nnile le matswela afe mo bodireding jwa bone le mo bomoyeng jwa bone. Kgothaletsa botlhe go tlhoafala fa ba dira dikabelo tsa bone, fa ba nna le seabe mo puong ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le fa ba dirisa dikakantsho tse di neelwang beke le beke mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

20 mets: “O se Ka wa Felelwa ke Lorato lo o Neng O na Le Lone Pele.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.

Pina 193 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 18

Pina 150

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Sekaseka Lebokoso la Dipotso. Tlhalosa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo tsa December 25 le January 1.

15 mets: “Boela Kwa Bathong Botlhe ba ba Bontshitseng Kgatlhego go se Kae.”b Kopa bareetsi go akgela kafa ba ileng ba kgona ka gone go bona tshedimosetso e e kaga kwa batho ba ba kgatlhegang ba ba kopaneng le bone ba nnang gone fa ba ne ba rera ba se mo bodireding kgotsa fa ba le mo tirong ya mmila le go tlhalosa maitemogelo ape a a tlhomologileng a go dira maeto a go boela mo bathong bano. Mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ka kopiwa go sa le gale gore ba akgele.

20 mets: “Moya wa go Ithaopa o Lere Masego.”c Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba itsegeng ba na le moya wa go ithaopa. Ba ile ba bontsha jang moya wa go ithaopa? Ke diphetogo dife tse ba ileng ba tlhoka go di dira, mme ba ile ba kgona go di dira jang? Ba ile ba nna le masego afe ka ntlha ya go dira jalo?

Pina 108 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 25

Pina 210

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya January 1 le Tsogang! ya January di ka tsamaisiwa jang. Kwa bofelong jwa puisano nngwe le nngwe, botsa potso e e dirang gore motho a akanye e e tla arabiwang mo loetong lo lo latelang o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng?

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “A o Na le Tshimo ya Gago ka Namana?”d Akaretsa dikakgelo tse dikhutshwane tsa molebedi wa tirelo kaga bogolo jwa tshimo ya phuthego, gore tshimo e berekiwa ga kae le gore a baboledi ba ka nna le tshimo ya motho ka namana.

Pina 219 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 1

Pina 158

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa December.

15 mets: Go Bega ka Kgatelopele mo Bodireding. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, go tswa mo setlhogwaneng se se mo tsebeng ya 83 go ya kwa bofelong jwa kgaolo.

20 mets: “Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Rera o sa Tlhaole.”e Fa lo tlotla ka Baroma 1:14, e e umakilweng kwa bofelong jwa serapa sa 2, akaretsa dikakgelo tse dikhutshwane tse di tswang mo bukeng ya Insight, Bolumo 1, tsebe 255, serapa sa ntlha kafa tlase ga setlhogo se se reng “Barbarian.” Fa o se na go tlotla ka serapa 3, boeletsa dikgato tse tharo tse di tlhalositsweng mo tsebeng ya 2 ya bukana ya Good News for People of All Nations, mme o bontshe kafa o ka dirisang bukana eno ka gone fa o kopana le batho ba mo tshimong ya lona ba buang puo e sele.

Pina 65 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela