Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka ka natla go simolola dithuto tsa Baebele. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Nnang lo Disitse!, Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? September: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ E re ka July e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
◼ Go tla tlotliwa ka bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends? kwa Pokanong nngwe ya Tirelo ka September. Fa go tlhokega, dibidio tseno di tshwanetse go otariwa ka phuthego ka bonako jo bo kgonegang.
◼ Re kopa gore diforomo tsa Application for Regular Pioneer Service (S-205) di fitlhe kwa ofising ya lekala bobotlana malatsi a le 30 pele ga letlha le ba ba batlang go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ba batlang go simolola ka lone. Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go tlhatlhoba diforomo tseo go tlhomamisa gore di tladitswe sentle. Fa batho ba ba tsentseng dikopo ba sa gakologelwe letlha le ba kolobeditsweng ka lone, ba tshwanetse go lekanyetsa gore e ka tswa e le lefe mme ba kwale letlha leo mo direkotong tsa bone. Mokwaledi o tshwanetse go kwala letlha leo mo karateng ya Congregation’s Publisher Record (S-21).
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 2007 fa di romela kopo ya tsone ya dibuka ya July. Dilo tse di latelang ga di a tshwanela go kopiwa ka gonne di romelwa mmogo le diforomo tse phuthego e di newang ngwaga le ngwaga: Congregation Report (S-1), Report Card Envelopes (rce), Foromo ya go Romela Meneelo (S-20), Pego ya go Tlhatlhoba Diakhaonto Tsa Phuthego (S-25), Pampiri ya Diakhaonto (S-26), le Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30). Tsweetswee dirisang diforomo tsotlhe ka go di somarela le go di dirisetsa boikaelelo jwa tsone fela.
◼ Di-CD Tse Disha Tse di Leng Gone:
Buka ya Me ya Dipolelo tsa Baebele—Seesemane
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela—Seesemane
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Gone:
Pursue Goals That Honor God—Puo ya Diatla ya Amerika