Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 26, 2006. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya May 1 go ya go June 26, 2006. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Go fetofetola modumo wa lentswe ke eng, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa? [be-TN ts. 111, mabokoso]
2. Re ka fetofetola jang lobelo lwa lentswe fa re neela puo? [be-TN ts. 112 dir. 3-6, lebokoso]
3. Re ka bontsha jang matlhagatlhaga mo puong ya rona, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa? [be-TN ts. 115 ser. 1–ts. 116 ser. 2, mabokoso]
4. Fa re ruta batho ba bangwe, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tsenya maikutlo, mme ke eng se se ka re thusang go dira jalo? [be-TN ts. 118 ser. 2–ts. 119 ser. 5]
5. Tlhalosa botlhokwa jwa go itshikinya mmele le tebego ya sefatlhego fa o buisana le mongwe. (Math. 12:48, 49) [be-TN ts. 121, mabokoso]
PUO NO. 1
6. Buka ya Jobe e tlotlomatsa Jehofa jang le go gatelela melao ya gagwe e e siameng malebana le botshelo? [si-TN ts. 99 ser. 39-ts. 100 ser. 41]
7. Ke eng se se nayang bosupi jwa gore buka ya Dipesalema e boammaaruri? [si-TN ts. 102 dir. 10-11]
8. Mo go Diane 13:16, lefoko botlhale le kaya eng? [w04-TN 7/15 ts. 28 dir. 3-4]
9. Moya o o boitshepo ke mothusi ka tsela e e ntseng jang, mme go itse seno go tshwanetse ga re kgothaletsa go dira eng? (Joh. 14:25, 26) [be-TN ts. 19 dir. 2-3]
10. Ke ka kgopolo efe Jesu a tlang, mme ke go “tla” gofe go Jesu a neng a bua ka gone mo go Mathaio 16:28? [w04-TN 3/1 ts. 16 lebokoso]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Re ka ithuta eng ka tsela e Jobe a neng a tsibogela Jehofa ka yone e e umakilweng mo go Jobe 42:1-6?
12. Ke “selo se se lolea” sefe se ditšhaba di nnang di ngunanguna ka sone? (Pes. 2:1, 2)
13. Ke metheo efe e e digilweng? (Pes. 11:3)
14. Motho yo o mabela ‘o duelwa jang ka botlalo’? (Pes. 31:23)
15. Ke kgothatso efe e re ka e amogelang go tswa go Pesalema 40 e e ka re thusang go itshokela bosaitekanelang jwa nama le masetlapelo a a farologaneng a tsamaiso eno ya dilo? (Pes. 40:1, 2, 5, 12)