LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/06 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka June 12
  • Beke e e Simololang ka June 19
  • Beke e e Simololang ka June 26
  • Beke e e Simololang ka July 3
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 6/06 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka June 12

Pina 218

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang mo tshimong ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya June 15 le Tsogang! ya June di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha mmoledi a tsamaisa dimakasine a se mo tshimong.

20 mets: “Bodiredi Jwa Rona—Tiro e e Bontshang Gore Re na Le Kutlwelobotlhoko.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.

15 mets: Go Ikanya “Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale.” Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo kgaolong ya 3 ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa.

Pina 47 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 19

Pina 21

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

20 mets: Lefoko ka Nako ya Lone e e Tshwanetseng le Molemo Jang Ne! Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 2006, tsebe 16-19. Mo matsenong a puo eno, bua ka dilo tse nnè tse di leng molemo ka go akgola ba bangwe tse go tlotliwang ka tsone kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Matswela a a Molemo.” Morago ga moo, kopa bareetsi go araba dipotso tse di latelang: Ke mang wa ntlha yo o tshwanelwang ke go bakwa? Ke ka ntlha yang fa badumedimmogo le rona ba tshwanetse go akgolwa ka tsela e e tshwanetseng? Re na le ditshono dife tsa go akgola ba bangwe mo phuthegong? Ke ka ntlha yang fa go le molemo go akgola maloko a lelapa mme re ka dira seno jang? Go akgolwa go ile ga go kgothatsa kgotsa ga go nonotsha jang?

15 mets: “Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Ba Akgola.”b Dira pontsho e khutshwane e mo go yone mmoledi a reetsang mong wa ntlo ka kelotlhoko, o mo akgolang go tswa pelong a bo a tlotla mo go oketsegileng ka se mong wa ntlo a se buileng ka go bala temana e e tshwanetseng.

Pina 96 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 26

Pina 63

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang mo tshimong ya lona go bontsha gore Tora ya Tebelo ya July 1 le Tsogang! ya July di ka tsamaisiwa jang. Kwa bofelong jwa puisano nngwe le nngwe, mmoledi o botsa potso e e dirang gore motho a akanye e e tla arabiwang mo loetong lo lo latelang ka buka ya Baebele e Ruta Eng?

15 mets: Go Direla mo Phuthegong ya Puo e Sele. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 2006, tsebe 17-20. Akaretsa le dikakgelo tse di mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, tsebe 112, serapa 2. Bontsha gore mo phuthegong ya lona dintlha tseno di ka dirisiwa jang. Go ka nna ga akarediwa potsolotso e le nngwe kgotsa di le pedi tse dikhutshwane tsa ba ba batlang go oketsa bodiredi jwa bone ka go ithuta puo e sele.

15 mets: Go Neela Dikgang Tse di Molemo ka July. Ke ditlhogo dife tse di kgatlhang batho mo tshimong ya lona? Ka bokhutshwane botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba dirisitseng buka ya Baebele e Ruta Eng? ka tsela e e nang le matswela mme gongwe ba simolotse thuto ya Baebele. Morago ga moo dira pontsho go tsamaisiwa kgatiso eo ka ntlo le ntlo, o dirisa puisano nngwe e e nang le matswela mo tshimong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005, ts. 8, ser. 5.

Pina 208 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka July 3

Pina 111

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa June fa ba ise ba di tlise.

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “Kafa o ka Fitlhelelang Mekgele ya Gago ya Semoya ka Gone.”c Kopa basha ba mo phuthegong go akgela ka mekgele ya bone ya semoya le se ba se dirang go e fitlhelela. Go ka nna ga rulaganngwa go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba akgele.

Pina 30 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela