Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka April 10
Pina 49
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang mo tshimong ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya April 15 le Tsogang! ya April di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha mmoledi a tsamaisetsa mong wa ntlo, yo o kgatlhegelang molaetsa wa Baebele thata, buka ya Baebele e Ruta Eng?
15 mets: “Buka ya Baebele e Ruta Eng?—Buka ya Konokono E re E Dirisang go Ithuta Baebele.”a Dira gore bareetsi ba tlhagafalele go simolola dithuto tsa Baebele ka buka eno e ntšha. Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba ikutlwang ka gone ka buka eno e ntšha le go bolela maitemogelo ape a a kgatlhang a ba nnileng le one fa ba e tsamaisa.
20 mets: “A o Ka Kgona go Fetofetola Thulaganyo ya Gago?”b Bontsha kafa tshedimosetso eno e ka dirisiwang ka teng mo lefelong la lona. Umaka dithulaganyo dipe tse phuthego e di dirileng go neela bosupi maitseboa.
Pina 13 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 17
Pina 104
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang tsa Puso ya Modimo. Umaka dithulaganyo tse di dirilweng tsa puo e e kgethegileng ya phatlalatsa. Kgothaletsa botlhe go tswelela ba dirisa taletso e e mo tsebeng ya bofelo ya makasine wa Tora ya Tebelo ya April 1 go laletsa diithuti tsa Baebele le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang go tla Segopotsong. Umaka ka bokhutshwane maitemogelo a le mabedi kgotsa a le mararo a bangwe ba nnileng le one fa ba dirisa makasine ono wa Tora ya Tebelo go laletsa batho go nna gone kwa puong e e kgethegileng ya phatlalatsa.
30 mets: “Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele o Eme fa Kgorong le ka Thelefouno.”c Dira pontsho e e bontshang se mmoledi a ka se buang go dira gore thuto e e tshwarwang go engwe fa kgorong e tshwarwe go ntswe fa fatshe.
Pina 162 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 24
Pina 66
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Ka May re tla tswelela re tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang mo tshimong ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May di ka tsamaisiwa jang. Morago ga dipontsho tseo, tlotla ka ditlhogo tse dingwe mo dimakasineng tseo tse di ka kgatlhang batho mo tshimong ya lona.
15 mets: “Kafa re ka Nnang re Tlhoafetse ka Gone.”d Akaretsa dikakgelo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 2002, tsebe 14, serapa 13.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
Pina 191 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka May 1
Pina 211
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April. Tlotla ka lebokoso le le reng “A o Tle o Kope Maina a Batho Ba ba Ka Ratang go Ithuta Baebele?” le le mo tsebe 7.
15 mets: “Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Bua o Lebane le Bone mo Matlhong.”e Akaretsa le pontsho e khutshwane e mo go yone mmoledi a lebang motho mo matlhong mo lefelong la batho botlhe mme mmoledi yono o simolola motlotlo a bo a neela bosupi.
20 mets: Tlhatlhanya ka Tiro ya ga Jehofa. (Pes. 77:12) Puo le motlotlo le bareetsi ka 2006 Yearbook. Tlotla ka dintlha tse di kgothatsang mo lekwalong la Setlhopha se se Laolang. (ts. 3-5) Tlotla ka dintlha tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Bible Translation.” (ts. 10-11) Tlotla ka dintlhakgolo tse dingwe le maitemogelo a ngogola. (ts. 6-64) Kopa bareetsi go akgela ka dintlha tse ba di itumeletseng fa ba bala 2006 Yearbook. Kgothaletsa botlhe go e dirisa go thusa diithuti tsa Baebele go anaanela phuthego ya ga Jehofa.
Pina 82 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.