LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/06 ts. 3-6
  • Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 1/06 ts. 3-6

Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo

1. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Jehofa a bo a bidiwa motho yo o nayang ka boitumelo? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go etsa Jehofa ka go aba ka boitumelo?

1 Jehofa o tlhalosiwa e le “Modimo yo o itumetseng.” (1 Tim. 1:11) Ke eng se se dirang gore Jehofa a itumele? Lebaka lengwe ke ka gonne o pelotshweu e bile o iketleeleditse go aba, ‘o bula seatla sa gagwe a kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’ (Pes. 145:16) Mpho e kgolo ya gagwe ke Morwawe yo a mo ntshitseng go nna thekololo mo go rona. (Joh. 3:16) Gape, akanya ka masego otlhe a semoya le a senama a re a amogelang mo go ene letsatsi le letsatsi! Eleruri, Jehofa ke sekao se se tlhomologileng sa go nna “yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakor. 9:7) Baebele e re kgothatsa jaana: “Nnang baetsi ba Modimo.” (Baef. 5:1) A re sekasekeng dikarolo tse re ka etsang Jehofa mo go tsone go bona boitumelo jo bo nnang gone mo go abeng.—Dit. 20:35.

2. Re nna le seabe mo go abeng ga mofuta ofe mme re solegelwa molemo jang?

2 Re itumelela go aba fa re rerela batho ba re kopanang le bone mo tshimong ya rona dikgang tse di molemo tsa Bogosi le fa re neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Fa re nna le seabe se segolo mo tirong eno ya go rera le ya go ruta, re itumela thata. Batho ba ga Jehofa ba dirisa diura tse di fetang bilione ngwaga le ngwaga mo tirong eno ya go aba. Mo tirong ya rona ya go rera re tsamaisa dimakasine, diboroutšhara le dibuka di le dimilionemilione kwantle ga tuelo.

3. (a) Phuthego ya ga Jehofa e ntse e aba jang mo dinageng tse di humanegileng? (b) Go lebeletswe eng mo diphuthegong tse di nnang le mafelo a a ntseng jalo a kobamelo?

3 Mo godimo ga moo, mo dinageng tse di humanegileng, phuthego ya ga Jehofa e thusitse diphuthego di le dintsi go aga Diholo Tsa Bogosi. Seno se dirile gore bakaulengwe ba rona mo dinageng tse di humanegileng ba nne le mafelo a a siameng a go kopanela. Go fitlha jaanong, Diholo Tsa Bogosi tse di fetang 6 000 di agilwe mo dinageng tse di humanegileng mo Afrika fela. Go lebeletswe gore diphuthego tseno di tlhokomele diholo tseno le go ntsha meneelo ya ditshenyegelo tsa go aga, go ya kafa ba kgonang ka gone. Meneelo eno e thusa diphuthego tse dingwe go nna le holo e ntšha mo nakong e e tlang.

4. Tlhalosa se Jehofa a se dirileng mo makaleng a a fetang 100 go tsweletsa pele tiro ya go rera.

4 Setlhopha se se Laolang se kaela tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe ka makala a a fetang 100. Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang 20 000 ba ba direlang mo makaleng ano. Mangwe a one ke makala a a gatisang a a nang le metšhine e e gatisang le e e kopanyang dibuka go gatisa dilo tse di tlhokegang mo tshimong. Bosheng jaana mokgatlho o ne wa reka metšhine e le supa e megolo ya MAN o mongwe le mongwe o kgonang go gatisa dimakasine di le 90 000 ka ura. A o ko o akanye ka nakwana gore go dirwa tiro e e kana kang mo mafelong ano a magolo a bogatisetso. Go tlhokega dikago tse dikgolo go tsenya metšhine eno e megolo. Go tlhokega pampiri e ntsi le dilo tse dingwe tse di turang go gatisa dimakasine le dibuka tsotlhe. Go tlhokega dikhomputara le didirisiwa tse dingwe go tlhokomela tiro yotlhe ya go ranola le ya mo ofising. Gape, go tlhokega bonno jo badiredi ba Bethele ba tla nnang mo go jone. Go dirwa seno sotlhe go tsweledisa pele tiro ya go rera.

5. Ke ditshenyegelo dife tse dingwe tse mokgatlho o di duelelang go tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi?

5 Ditshenyegelo tse dingwe tse mokgatlho o nnang le tsone di akaretsa go tlhokomela barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng ba le diketekete ba ba romelwang kwa ditshimong tse go tlhokegang baboledi ba ba oketsegileng mo go tsone. Mme go na le balebedi ba ba etang ba le diketekete ba ba etelang diphuthego go nonotsha tumelo ya bakaulengwe le go ba kgothatsa mo tirong ya go rera. Re ka bala dilo di le dintsi tse Jehofa a dirang gore batlhanka ba gagwe ba di fitlhelele tse di jang madi a le mantsi.

6. Madi a a dirisediwang tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe a tswa kae?

6 Ka jalo, fa o lebelela tiro e kgolo ya lefatshe lotlhe, o ka nna wa ipotsa gore madi a go duela ditshenyegelo tseno tsotlhe a tswa kae. Meneelo ga e ntshiwe ke bakaulengwe ba le mmalwa ba ba humileng kgotsa dinaga di le mmalwa tse di humileng. Meneelo e ntshiwa ke bakaulengwe ba le dimilione le batho ba ba kgatlhegang ba ba anaanelang botlhokwa jwa tiro e kgolo e Jesu a re laetseng gore re e dire. (Math. 24:14; 28:19, 20) Meneelo eno yotlhe e tshwana le marothodi a pula a kgabagare a nnang molatswana wa metsi a a elelang kwa nokeng. Noka eo e elela kwa nokeng e kgolo mme kwa morago e nna morwalela. Basupi ba ga Jehofa ga ba tsamaise dijana tsa koleke mo dipokanong tsa bone e bile ga ba kope madi. Botlhe ba ba tshegetsang tiro eno e kgolo ka madi ba dira jalo ka gonne ba rata Jehofa.

7. Umaka dikai tsa batlhanka ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng ba ba neng ba tshegetsa kobamelo ya ga Jehofa ka go ntsha dimpho.

7 Go ntshetsa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa dimpho ga e bolo go nna letshwao la baobamedi ba boammaaruri. Fa Aborahame a sena go atlega go fenya baba ba ba neng ba tsere Lote e bong ngwana wa ga monnawe, o ne a neela moperesiti Melekisedeke mpho. (Gen. 14:18-20) Kgosi Dafide o ne a ntsha gouta, selefera, kgotlho, dikota tse dintsi le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo gore di dirisediwe tempele e Solomone morwawe a neng a e aga moragonyana. (1 Ditir. 29:1-5) Fa Jehofa a ne a laela Moshe go aga motlaagana kwa nageng, batho ba ne ba aba ka bopelotshweu. Pego e e mo go Ekesodo 35:21 ya re: “Foo ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa, mme ba tlisa, mongwe le mongwe yo moya wa gagwe o neng o mo tlhotlheletsa, moneelo wa ga Jehofa wa tiro.” Ee, ‘dipelo tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa’ le ‘moya wa bone o ne wa ba tlhotlheletsa’ go ntsha ka go rata dimpho tse di turang tsa dibenya le dilo tse dingwe tse ba neng ba se kitla ba nna le tsone gape mo isagweng e e fa gaufi. Ba ne ba eletsa ka pelo yotlhe go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri.

8. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa gompieno ba etsa sekao sa motlholagadi yo o humanegileng yo o umakilweng ke Jesu mo go Luke 21 jang mme ba tlhotlhelediwa ke eng gore ba dire jalo?

8 Go a tshwana le gompieno. Go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Bogosi go dirwa ke batho ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go ntsha moneelo. Ba le bantsi ba bone ba humanegile mme ba tshegetsa tiro ya go rera ka madi, gantsi ba latlhegelwa thata, ka tsela e e tshwanang le ya motlholagadi yo o humanegileng wa mo motlheng wa ga Jesu. Pego e e mo go Luke 21 e tlhalosa kafa Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba lebeletse batho ka gone ba latlhela meneelo ya bone mo matloleng a matlotlo kwa tempeleng. Jaanong motlholagadi mongwe yo o humanegileng o ne a tla mme a latlhela madinyana a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata. E rile Jesu a bona seno, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta kafa botlhe ba dirileng ka gone. Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.” (Luke 21:2-4) O ne a akgolwa ka gonne o ne a ntsha moneelo e le fa a itima dilo dingwe. Pego eno e bontsha gore le e leng meneelo e mennye ya bakaulengwe ba ba sa kgoneng e botlhokwa e bile e itumedisa Jehofa le Morwawe, Jesu Keresete.

9. (a) Go ne ga direga eng fa Baiseraele ba ne ba sa tlhole ba anaanela kobamelo ya boammaaruri? (b) Dipelo tsa rona di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

9 Go abela kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa go tshwanetse ga dirwa ka go rata. Fa Baiseraele ba ne ba sa tlhole ba anaanela tempele ya ga Jehofa, go na le gore ba tlise matsomane a bone a a molemo thata go ntsha setlhabelo, ba ne ba tlisa a ba neng ba se kitla ba latlhegelwa thata fa ba a ntshitse, e leng diphologolo tse di lwalang, tse di foufetseng le tse di golafetseng. A Jehofa o ne a tla itumelela ditlhabelo tse di ntseng jalo? Legoka! Jehofa o ne a re ba ne ba mo nyatsa ka go tlisa ditlhabelo tse di ntseng jalo. (Lefi. 1:10; Mal. 1:13) Seno se bontsha gore go abela kobamelo ya boammaaruri ga ya tshwanela go nna fela go ikgolola. Keletso ya rona ya go tsweletsa pele kobamelo e e itshekileng e tshwanetse go re tlhotlheletsa; ee, dipelo tsa rona di tshwanetse go re tlhotlheletsa go ntsha setlhabelo sa mmatota jaaka motlholagadi yo o humanegileng a ile a dira. Jehofa o tla re segofatsa, jaaka a ne a solofetsa Iseraele fa ba ne ba tshegetsa kobamelo ya gagwe.—Mal. 3:10.

10. (a) Thulaganyo ya go ntsha moneelo e bereka jang mo baboleding? (b) Le fa re sa duedise batho dibuka tse re di tsamaisang, ke eng se go tla bong go tshwanela go se bolelela batho ba ba tsayang dibuka tsa rona?

10 Baboledi bangwe ba sa ntse ba sa tlhaloganye sentle gore thulaganyo ya moneelo e bereka jang fa go tsamaisiwa dibuka le dimakasine. Fa re amogela dibuka kgotsa dimakasine kwa Holong ya Bogosi, re na le tshiamelo ya go ntsha moneelo wa dikgatiso tse re di tsayang. Ka tsela eno re leka go duelela ditshenyegelo dingwe tsa go gatisa dilwana tseno. Fa re tsamaisetsa batho dikgatiso tseno kwa bodireding jwa rona jwa tshimo, re ba tlhalosetsa gore re tsamaisa dibuka tsa rona kwantle ga tuelo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ba bolelela gore fa ba batla go ntsha moneelo wa go tshegetsa tiro ya rona ya lefatshe lotlhe, meneelo e e ntseng jalo re a e itumelela. Go tswa foo re ka nna ra ba bontsha enfelopo e e kwadilweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe.—Mathaio 24:14.” Batho ba le bantsi, fa ba lemoga gore tiro ya rona ya lefatshe lotlhe e kgolo go le kana kang, ba itumelela go ntsha moneelo ka go tsenya madi mo enfelopong. Re tsenya madi a a mo dienfelopong tsa rona tsa moneelo mo lebokosong le le kwadilweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14” kwa Holong ya Bogosi gore meneelo eno e romelwe kwa ofising ya lekala.

11. (a) Re tshwanetse go leba go ntshetsa tirelo ya ga Jehofa meneelo jang? (b) Mongwe le mongwe wa rona o kgothalediwa go dira eng?

11 Fa re akanya sentle ka boineelo jwa rona mo go Jehofa, re lemoga gore re neile Jehofa gotlhe go re nang le gone. Lefatshe le se se le tladitseng ke sa ga Jehofa. (Pes. 24:1) Ka jalo fa re ntsha moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe, tota re a bo re busetsa Jehofa se a setseng a se re neile. Kgosi Dafide o ne a tlhalosa seno sentle ka nako ya fa ene le setšhaba sa Iseraele ba ne ba ntsha moneelo wa go aga tempele. O ne a bua jaana fa a rapela Jehofa: “Nna ke mang le batho ba me ke bomang, gore re bo re na le maatla a go ntsha meneelo e e ntseng jaana ka go rata? Gonne sengwe le sengwe se tswa kwa go wena, mme re go neile se se tswang mo seatleng sa gago.” (1 Ditir. 29:14) Gone mme, mongwe le mongwe o tshwanetse go swetsa mo pelong ya gagwe go ya kafa a kgonang ka gone gore o batla go ntsha eng. Fa a dira seno go tswa mo pelong, Jehofa o tla mo segofatsa. Go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a sekaseke pelo ya gagwe malebana le go tshegetsa tiro ya Bogosi.

12. Mongwe le mongwe wa rona a ka latela jang kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 16:2?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a neela botlhe ba ba ratang Jehofa kgakololo e e molemo le ba ba batlang go tshegetsa tiro ya Bogosi ka madi. O ne a re: “Letsatsi lengwe le lengwe la ntlha la beke a mongwe le mongwe wa lona kwa ntlong ya gagwe a beele sengwe kwa thoko mo bobolokelong go ya kafa a ka tswang a tlhogonolofala ka gone.” (1 Bakor. 16:2) Bangwe ba ka ne ba sa amogele ka beke kgotsa ka kgwedi. E ka ne e le balemirui mme ba sa kgone go beela sengwe kwa thoko ka beke kgotsa ka kgwedi. Mme ntlha e moaposetoloi Paulo a e tlhagisang fano ke gore re tshwanetse go leka go beela sengwe kwa thoko ka metlha go tshegetsa tirelo ya ga Jehofa.

13. Madi a a mo mabokosong a meneelo a tshwanetse go tshwarwa jang, mme meneelo eo e tshwanetse go romelwa kae?

13 Meneelo e e ntseng jalo e ka romelwa ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala mo nageng ya lona kgotsa e ka tsenngwa mo lebokosong la meneelo la tiro ya lefatshe lotlhe kwa Holong ya Bogosi. Kwa bofelong jwa pokano nngwe le nngwe go tshwanetse ga nna le bakaulengwe ba babedi ka dinako tsotlhe, bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi, go bala meneelo le go kwala rasiti ya madi a a amogetsweng. Fa bagolwane ba ikanyega go tlhokomela meneelo eo sentle, bakaulengwe ga ba kitla ba etsaetsega go tsenya meneelo ya bone mo mabokosong a meneelo kwa Holong ya Bogosi. (1 Bakor. 4:2) Meneelo yotlhe ya tiro ya lefatshe lotlhe e tshwanetse go romelwa kwa ofising ya lekala kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe.

14. Matswela a go ntshetsa kobamelo ya boammaaruri moneelo ka boitumelo e tla nna eng?

14 Jehofa o ne a solofetsa setšhaba sa Iseraele gore fa ba ne ba tshegetsa ka boikanyegi kobamelo ya gagwe ya boammaaruri ka dilo tsa bone tse di bonalang, o ne a tla ba segofatsa. (Mal. 3:10) Re ka tlhomamisega gore o tla re segofatsa le rona fa re tshegetsa ka boikanyegi tiro ya go rera ka Bogosi ka boikanyegi le go ‘tlotla Jehofa ka dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo.’—Dia. 3:9.

[Picture on page 6]

Motšhine o o gatisang wa MAN

[Picture on page 6]

Bogatisetso jo bosha

[Picture on page 6]

Lefelo le le kopanyang dibuka tse di rokiwang tsa dikhabara tse di seng thata

[Picture on page 6]

Go dirwa ga Dibaebele tsa ntlha tsa khabara e e seng thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela