LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/06 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 1/06 ts. 7

Dikitsiso

◼ January: Dibuka dipe fela tse di gatisitsweng pele ga 1991 tse phuthego e ka tswang e na le tsone mo setokong. Fa e le gore ga lo na dipe tsa dibuka tseno mo setokong, tlholang gore a diphuthego tse di gaufi le lona di ka tswa di sa ntse di na le dikgatiso dingwe tsa bogologolo tse lo ka di tsamaisang. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka nna tsa tsamaisa boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! February: Atamalana le Jehofa. March: Ithute mo Morutising yo Mogolo. April: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

◼ E re ka April e na le mafelo beke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.

◼ Go simolola ka February mme e seng morago ga March 5, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla nna le setlhogo se se reng “O ka Itumelela Botshelo ka Kagiso Gone Jaanong—Le ka Bosaengkae!”

◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanelang go tshwara Segopotso sa ngwaga ono ka Laboraro, April 12, fa letsatsi le sena go phirima. Le fa gone puo e ka simolola letsatsi le ise le phirime, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso ga go a tshwanela go simolola pele letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore letsatsi le tla phirima nako mang mo lefelong la lona. Phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go leka go tshwara Segopotso sa yone. Le fa go ntse jalo, seno se ka nna sa se kgonege ka metlha. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe diphuthego tse dingwe di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore thulaganyo e e latelang e simolole bobotlana metsotso e le 40 morago ga e e fetileng gore botlhe ba kgone go solegelwa molemo ke tiragalo eno ka botlalo. Go tshwanetse ga akanyediwa gape le maemo a pharakano le mafelo a go emisa dikoloi, go akaretsa le go folosiwa ga bapagami le fa ba tla go tsewa. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa dira tshwetso ya gore ke dithulaganyo dife tse di tla tshwanelang lefelo la bone.

◼ Ka metlha fa go dirwa dithulaganyo tsa go eta tse di akaretsang go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, kwa kopanong ya potologo kgotsa ya kgaolo kwa nageng e nngwe, fa lo kopa tshedimosetso e e malebana le matlha, dinako le mafelo a di tshwarelwang kwa go one, go tshwanetse ga romelwa kopo kwa ofising ya lekala le le okametseng tiro mo nageng eo. Diaterese tsa diofisi tsa makala di kwadilwe mo tsebeng ya bofelo ya Yearbook ya bosheng.

◼ Ofisi ya lekala e sa ntse e amogela makwalo a a sa kwalwang aterese ya kwa lekwalo le tswang teng kafa ntle ga enfelopo. Gore re kgone go thusa Lephata la Post Desk, tsweetswee kwalang sentle leina le nomore ya phuthego ya lona, kgotsa fa e se lekwalo la phuthego, kwala leina le aterese ya gago, kafa pele ga enfelopo mo sekhutlong se se kwa godimo kafa molemeng.

◼ Tiro e e Kgethegileng ka March, April le May: March, April le May ke nako ya go oketsa tirelo ya rona. Baboledi ba le bantsi ba tla tsaya bobulatsela jo bo thusang. Balebedi ba tirelo ba kgothalediwa go simolola go rulaganya go nna le seabe mo go oketsegileng ga phuthego ya bone mo bodireding jwa tshimo ka bonako, go akaretsa le dithulaganyo tsa go nna le seabe mo Letsatsing le le kgethegileng la Dimakasine ka April 1, 2006. Diphuthego di tshwanetse tsa tsenya dikopo tse di kgethegileng tsa dimakasine tse di oketsegileng tse ba tla di dirisang ka dikgwedi tseno pele ga February 1, 2006. Fa diotara tseno di romelwa morago ga nako re ka nna ra se ka ra nna le dimakasine tse di lekaneng.

◼ Molebedi yo o Okamelang le Mokwaledi: Mo isagweng re tla romela dibuka gangwe fela ka kgwedi ka teraka. Makwalo a le mantsi a a tswang mo lekaleng a tla romelwa ka Poso. Tsweetswee tlhomamisegang gore lo romelela ofisi ya lekala aterese ya poso e e siameng gore lo romelelwe makwalo a phuthego ka yone. Gantsi ofisi ya lekala e busediwa makwalo ka gonne aterese ya makwalo ya diphuthego dingwe e sa siama kgotsa e sa tlhole e bereka. Tsweetswee dirisang foromo ya Go Fetoga ga Aterese ya Molebedi yo o Okamelang (S-29) go neela ofisi ya lekala tshedimosetso eno.

◼ Go thusa baboledi ba ba buang Sepotokisi le batho ba ba sa tswang go kgatlhega, re ntsha matlha a kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe le kopano ya potologo ka Sepotokisi. Kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe mo Johannesburg e rulagantswe gore e tshwarwe ka February 25, 2006. Tsweetswee ikgolaganyeng le ofisi ya lekala fa letlha leno le setse le le gaufi go itse gore kopano eno e tla tshwarelwa kae. Kopano ya potologo ka Sepotokisi e tla tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka July 22, 23, 2006.

◼ Re rulaganya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ka puo ya diatla kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka April 23, 2006. Eno e tla bo e le kopano ya ntlha e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e neelwang yotlhe ka puo ya diatla. Botlhe ba ba tla solegelwang molemo ke thulaganyo eno ba kopiwa gore ba nne gone. Le fa go tla nna le ditshenyegelo di se kae go ya kwa kopanong eno, kopano eno e tla naya ba ba mo tshimong ya bosusu mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di fa gaufi tshono ya go atamalana.

Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine e tla nna ka April 1, 2006. Re kgothaletsa botlhe gore ba simolole go rulaganya dilo gone jaanong gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo monongwaga. A o ka nna mmulatsela yo o thusang ka kgwedi ya April?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela