Dikitsiso
October: Makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.
◼ E re ka October e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng, eno e ka nna tshono e e molemo ya gore bangwe e nne babulatsela ba ba thusang.
◼ Nngwe ya ditsenyeletso tsa kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ke “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2006” mme e tshwanetse go bolokwa sentle gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 2006.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa Ditaletso tsa Segopotso tsa 2006 fa di dira kopo ya tsone e e latelang ya dibuka. Ditaletso tseno di tla bo di le gone ka Seburu, Seesemane, Sefora, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Di tshwanetse go kopiwa ka ditlhopha tsa 100. Tsweetswee kopang ditaletso tseno ka go di somarela e re ka di diretswe batho ba ba kgatlhegang fela, e se tse di newang mongwe le mongwe.
◼ Nako le nako, go na le batho ba ba founelang ofisi ya lekala ba botsa ka kgang ya go ntshetsa masetlapelo mangwe a a rileng moneelo, jaaka masetlapelo a bosheng jaana a tsunami a a neng a nna gone kwa Borwa Botlhaba jwa Asia. Mo isagweng, meneelo yotlhe e e ntshediwang go namola ba ba wetsweng ke masetlapelo kgotsa e e ntshediwang sengwe fela, e ntshediwe tiro ya lefatshe lotlhe mo phuthegong kgotsa e romelwe ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala. Madi a a tlhokwang a tiro ya go namola a tla tsewa mo meneelong e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe.
◼ Fa lo romela makwalo ape kwa ofising ya lekala, tsweetswee kwalang leina la phuthego ya lona, nomore ya yone le nomore ya depo kgotsa lo kwale aterese ya lona ya poso mo makwalong ao otlhe. Seno se tla re thusa thata gore re kgone go romela makwalo otlhe kwa mafapheng a a tshwanetseng go ya kwa go one ka bonako jo go ka kgonegang ka jone. Batho ba ba kwalelang ofisi ya lekala le bone ba kopiwa gore ba kwale maina a bone ka tsela e e bonalang sentle le aterese ya kwa lekwalo leo le tswang teng mo sekhutlong se se kwa godimo se se kafa molemeng kafa pele ga enfelopo.