LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/05 ts. 10
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 10/05 ts. 10

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 31, 2005. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya September 5 go ya go October 31, 2005. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]

BOKGONI JWA GO BUA

1. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore se re se rutang go tswa mo Lefokong la Modimo se fitlhelele dipelo tsa batho? (Math. 13:19) [be-TN ts. 258 dir. 1-2, lebokoso]

2. Ke eng se se tla re thusang go lemoga se se mo pelong ya motho, mme re tshwanetse ra nna re gakologetswe eng? [be-TN ts. 259 dir. 1-2]

3. Ke eng fa go le botlhokwa gore re gatelele thata dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa fa re ruta batho? [be-TN ts. 260 ser. 1]

4. Re ka thusa jang batho ba re ba rutang Baebele gore ba lemoge mo ba tshwanetseng ba dira diphetogo teng? [be-TN ts. 260 ser. 4–ts. 261 ser. 1]

5. Ke eng se re ka se dirang go thusa batho ba re ithutang le bone Baebele kgotsa batho ba ba re reeditseng gore ba sekaseke maitlhomo a bone a go dira dilo dingwe? [be-TN ts. 262 dir. 2-3]

PUO NO. 1

6. Mafoko a a reng “ba ba mmatlang ka tlhoafalo” a kaya eng, mme re ka bontsha jang gore re batla Jehofa ka tsela e e ntseng jalo? (Baheb. 11:6) [w03-TN 8/15 ts. 25 ser. 2; ts. 26 dir. 1-2; ts. 27 ser. 2]

7. “Sekao sa mafoko a a itekanetseng” ke eng, mme bagolwane ba ka bontsha jang gore ba nna ba a tshegeditse? (2 Tim. 1:13, 14) [w03-TN 1/1 ts. 29 ser. 3–ts. 30 ser. 1]

8. Ke eng se se bolelwang ke polelwana e e reng “karolo ya Bibela,” mme ke mabaka afe a a dirang gore buka ya Baebele e tsewe jalo? [si-TN ts. 299 dir. 5-6]

9. Ke eng fa mokwalo o o sa felelang sentle o o neng wa bonwa ke Muratori, wa go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o le botlhokwa thata mo go tlhomamiseng gore Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ke karolo ya Baebele? [si-TN ts. 302 ser. 19]

10. Dikwalo ka botsone di bontsha jang gore Baebele e tshwanetse go ranolwa, mme dithanolo tsa bogologolo tsa Baebele di ile tsa ranolwa ka boikaelelo bofe? [si-TN ts. 307 ser. 9]

MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE

11. A 2 Dikgosi 13:21 e tshegetsa tumelo ya gore masalela a baswi a tshwanetse go tlotliwa?

12. A Hesekia o ne a dirile kgolagano le Egepeto? (2 Dikg. 18:19-21, 25)

13. Le fa gone dipego tsa hisitori ya Asiria di sa bue ka tlhamalalo ka tsela e e gakgamatsang e Jehofa a neng a fenya Senakaribe ka yone, ke eng se o se fitlhelang se kgatlha ka se se bolelwang ke dipego tseo? (2 Dikg. 19:35, 36)

14. Rraagwe Shealatiele e ne e le mang? (1 Ditir. 3:16-18)

15. Mo metlheng ya ga Kgosi Saulo, Barubene, Bagada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase ba ne ba tlhomela batlhanka botlhe ba Modimo ba segompieno sekao sefe se se molemo? (1 Ditir. 5:18-22)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela