LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/05 ts. 5-8
  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Sa 2006

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Sa 2006
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Ditlhogwana
  • Ditaelo
  • THULAGANYO
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 10/05 ts. 5-8

Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Sa 2006

Ditaelo

Ka 2006 go tla latelwa thulaganyo e e latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

DIKGATISO TSE DI TLA DIRISIWANG: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo [bi12-TN], Tora ya Tebelo [w-TN], Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo [be-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo E bile lo Mosola” [si-TN], le Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN].

Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tsa go amogela ba ba leng gone mme se tswelele jaaka go bontshitswe fa tlase fano. Morago ga puo nngwe le nngwe molebedi wa sekolo a role puo e e latelang.

BOKGONI JWA GO BUA: Metsotso e le 5. Molebedi wa sekolo, mogakolodi yo o thusang kgotsa mogolwane yo mongwe yo o tshwanelegang o tla tlotla ka ntlha ya bokgoni jwa go bua e e theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi. (Mo diphuthegong tse di nang le bagolwane ba le mmalwa fela, go ka nna ga dirisiwa batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang.)

PUO NO. 1: Metsotso e le 10. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang, mme e tla bo e tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kgotsa “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo E bile lo Mosola.” E tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le lesome e se na dipotso tsa poeletso. Boikaelelo ga e a tshwanela go nna go tlotla fela ka dintlha tsa puo mme gape e nne go supa ka fa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, e gatelele se se tla thusang phuthego thata. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng. Go lebeletswe gore bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno, ba ele tlhoko gore ba neela puo mo nakong e e beilweng. Ba ka nna ba neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega.

DINTLHAKGOLO TSA MMALO WA BAEBELE: Metsotso e le 10. Mogolwane yo o tshwanelegang kgotsa motlhanka wa bodiredi o tshwanetse go dirisa metsotso ya ntlha e metlhano go bontsha kafa dintlha tse a tlotlang ka tsone di ka dirisiwang ka teng mo phuthegong. A ka nna a akgela ka karolo epe fela ya mmalo wa Baebele wa beke eo. Seno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o a o abetsweng. Boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go bone le ka moo e leng botlhokwa ka gone. Sebui se tshwanetse go nna kelotlhoko gore se se fete metsotso e metlhano e e abetsweng karolo e e simololang. O tshwanetse go tlhomamisa gore metsotso e metlhano ya bofelo e beelwe kwa thoko gore bareetsi ba tseye karolo. Bareetsi ba tshwanetse go kopiwa go dira dikakgelo tse dikhutshwane (tse nngwe le nngwe ya tsone e tsayang metsotswana e le 30 kgotsa ka fa tlase ga yone) ka dintlha tse ba fitlhetseng di kgatlha mo mmalong wa Baebele le melemo ya tsone. Motshwari wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti ba ba abetsweng kwa diphaposing tse dingwe.

PUO NO. 2: Metsotso e le 4 kgotsa e e kafa tlase. Ke mmalo o o neelwang ke mokaulengwe. Moithuti o tshwanetse go bala dintlha tse a di abetsweng a sa dire matseno ape le fa e le konelo epe. O tshwanetse a bala mafoko a a tlhagang fa godimo ga kgaolo fa a bala mmalo o o tlhagang mo bukeng ya Dipesalema. Molebedi wa sekolo o tla ela tlhoko thata gore o thusa baithuti go bala ka tsela e e bontshang gore ba tlhaloganya se ba se balang, go bala ka thelelo, go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng, go fetofetola modumo wa lentswe, go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng le go bala ka tsela ya tlholego.

PUO NO. 3: Metsotso e le 5. E tla neelwa ke kgaitsadi. Baithuti ba ba newang puo eno, ba tla abelwa seting kgotsa ba tla itlhophela nngwe go tswa mo go tse di mo lenaaneng le le mo go tsebe 82, ya buka ya Sekolo sa Bodiredi. Moithuti o tshwanetse go dirisa setlhogo se a se abetsweng mme a dire gore se tshwanele maemo a tshimo ya phuthego ya bone. Fa go sa supiwa gore dintlha tsa puo di tswa mo kgatisong efe, moithuti o tla tshwanelwa ke go ipatlela dintlha tsa puo eno ka go dira patlisiso mo dikgatisong tsa rona. Baithuti ba basha ba tshwanetse go abelwa dipuo tse go bontshitsweng gore dintlha tsa tsone di tswa mo kgatisong efe. Molebedi wa sekolo o tla ela tlhoko thata tsela e moithuti a tlhalosang dintlha ka yone le kafa a thusang mong wa ntlo ka teng go tlhalosa mabaka a dirisa Dikwalo, le go tlhaloganya dintlha tsa konokono tse ba tlotlang ka tsone. Molebedi wa sekolo o tla aba mothusi a le mongwe.

PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Moithuti o tshwanetse go tlotla ka setlhogo se a se abetsweng. Fa go sa supiwa gore dintlha di tswa mo kgatisong efe, moithuti o tla tshwanelwa ke go ipatlela dintlha tsa puo eno ka go dira patlisiso mo dikgatisong tsa rona. Fa puo eno e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go neelwa a lebile bareetsi botlhe mo Holong ya Bogosi. Fa puo eno e neetswe kgaitsadi, ka dinako tsotlhe e tshwanetse go neelwa jaaka go bontshitswe mo go Puo No. 3. Molebedi wa sekolo a ka abela mokaulengwe Puo No. 4 fa a bona go tshwanela go dira jalo. Tsweetswee ela tlhoko gore ditlhogo tse di nang le naletsana di tshwanetse go abelwa bakaulengwe fela gore ba di neele e le puo.

NAKO: Ga go puo epe kgotsa dikakgelo tsa mogakolodi tse di tshwanetseng go feta nako e di e beetsweng. Puo No. 2 go fitlha ka ya bo4 di tshwanetse go emisiwa ka botlhale fa nako ya tsone e fedile. Fa bakaulengwe ba ba neelang puo e e simololang e e tlotlang ka bokgoni jwa go bua, Puo No. 1 kgotsa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele ba ja nako, ba tshwanetse go neelwa kgakololo kwa thoko. Botlhe ba tshwanetse go ela tlhoko nako ya bone. Thulaganyo yotlhe: metsotso e le 45, go sa akarediwe pina le thapelo.

KGAKOLOLO: Motsotso o le mongwe. Molebedi wa sekolo o tla dirisa nako e e sa feteng motsotso o le mongwe go neela yo o neetseng Puo No. 2, No. 3 le No. 4 kgakololo mo karolong ya puo e a dirileng sentle mo go yone. Boikaelelo jwa gagwe ga se go mmolelela fela gore o “dirile sentle” mme go na le moo, e tshwanetse ya nna go bontsha mabaka a go bo a dirile sentle mo karolong nngwe ya puo. Go ikaegile ka gore moithuti o tlhaela kae, molebedi wa sekolo a ka nna a naya moithuti kgakololo e e mosola kwa thoko morago ga dipokano kgotsa ka nako e nngwe.

MOGAKOLODI YO O THUSANG: Mo godimo ga go tlhopha motshwari wa sekolo, setlhopha sa bagolwane se ka nna sa tlhopha mogolwane yo o nang le bokgoni fa a le gone gore a nne mogakolodi yo o thusang. Fa go na le bagolwane ba le mmalwa mo phuthegong, go ka nna ga abelwa mogolwane o sele yo o tshwanelegang ngwaga le ngwaga go dira kabelo eno. Boikarabelo jwa mogakolodi yo o thusang e tla bo e le go neela bakaulengwe ba ba neelang Puo No. 1 le dintlhakgolo tsa Baebele kgakololo kwa thoko fa go tlhokega. Ga go tlhokege gore a neye bagolwane ka ene kgotsa batlhanka ba bodiredi kgakololo eo nako le nako fa ba sena go neela dipuo.

PAMPITSHANA YA KGAKOLOLO: E mo bukeng.

DIPOTSO TSA POELETSO: Metsotso e le 30. Mo dikgweding dingwe le dingwe tse pedi, molebedi wa sekolo o tla botsa dipotso tsa poeletso ka se se ithutilweng. Pele ga tsone go tla tlotlwa ka bokgoni jwa go bua le ka dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele jaaka fa go tlhalositswe fa godimo. Dipotso tsa poeletso di tla bo di theilwe mo dintlheng tse di ithutilweng mo sekolong dikgwedi di le pedi tse di fetileng go akaretsa le tsa beke eo. Fa phuthego ya lona e na le kopano ya potologo ka beke e lo tshwanetseng go tshwara dipotso tsa poeletso ka yone, poeletso eo (le sotlhe se se rulaganyeditsweng sekolo sa beke eo) e tshwanetse ya dirwa mo bekeng ya morago ga kopano mme thulaganyo e e neng e diretswe beke ya morago ga kopano e tshwanetse go dirwa ka yone beke ya kopano. Fa molebedi wa potologo a etela phuthego ya lona ka beke e go dirwang dipotso tsa poeletso mo sekolong, pina, bokgoni jwa go bua le dintlhakgolo tsa Baebele di tshwanetse tsa neelwa fela jaaka go rulagantswe. Puo ya tao (e e newang morago ga puo ya bokgoni jwa go bua) e tshwanetse ya tsewa mo thulaganyong ya beke e e latelang. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa beke e e latelang se tla nna le puo ya bokgoni jwa go bua le dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele fela jaaka go rulagantswe, go bo go latela dipotso tsa poeletso.

THULAGANYO

Jan. 2 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 29-32 Pina 91

Bokgoni Jwa go Bua: Solegelwa Molemo ka Botlalo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (be-TN ts. 5 ¶1–ts. 8 ¶1)

No. 1: Natefelwa ke Lefoko la Modimo (be-TN ts. 9 ¶1-5)

No. 2: 2 Ditiragalo 30:1-12

No. 3: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Puo ya Matlhapa

No. 4: Kafa Boleo bo Amang Botsalano Jwa Rona le Modimo ka Gone (rs-TN ts. 113 ¶3–ts. 114 ¶2)

Jan. 9 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 33-36 Pina 144

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bala Sentle (be-TN ts. 83 ¶1-5)

No. 1: 2 Ditiragalo—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN ts. 84 ¶34-6)

No. 2: 2 Ditiragalo 34:1-11

No. 3: Se Baebele e se Buang ka Moya (Soul) (rs-TN ts. 296 ¶1-5)

No. 4: O se Ka wa Tlhabiwa ke Ditlhong go Ngaparela Melao ya Baebele ya Boitsholo

Jan. 16 Mmalo wa Baebele: Esera 1-5 Pina 137

Bokgoni Jwa go Bua: Tsela ya go Bala Sentle (be-TN ts. 84 ¶1–ts. 85 ¶3)

No. 1: Ketapele ya Esera (si-TN ts. 85 ¶1–ts.86 ¶7)

No. 2: Esera 1:1-11

No. 3: Melemo ya go Nna le Segakolodi se se Molemo

No. 4: Diphologolo ke Meya (Soul) (rs-TN ts. 296 ¶6–ts. 298 ¶1)

Jan. 23 Mmalo wa Baebele: Esera 6-10 Pina 106

Bokgoni Jwa go Bua: Mafoko a Builwe ka Tsela e e Utlwalang (be-TN ts. 86 ¶1-6)

No. 1: Esera—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 87 ¶14-18)

No. 2: Esera 6:1-12

No. 3: Moya (Soul Kgotsa Spirit) ga o Tswelele o Tshela Morago ga Loso (rs-TN ts. 298 ¶2–ts. 300 ¶2)

No. 4: aTsela e Modimo a Lebang Lenyalo ka Yone

Jan. 30 Mmalo wa Baebele: Nehemia 1-4 Pina 161

Bokgoni Jwa go Bua: Mokgwa wa go Bua ka Tsela e e Utlwalang Sentle (be-TN ts. 87 ¶1–ts. 88 ¶3)

No. 1: Ketapele ya Nehemia (si-TN ts. 88 ¶1-5)

No. 2: Nehemia 2:1-10

No. 3: Mofuta o o Botlhokwa Thata wa Pabalesego

No. 4: Se Moya o o Boitshepo e Leng Sone (rs-TN ts. 300 ¶4–ts. 301 ¶2)

Feb. 6 Mmalo wa Baebele: Nehemia 5-8 Pina 40

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bitsa Mafoko Sentle—Dintlha Tse o Tshwanetseng go di Akanyetsa (be-TN ts. 89 ¶1–ts. 90 ¶3)

No. 1: Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi (be-TN ts. 10 ¶1–ts. 12 ¶3)

No. 2: Nehemia 5:1-13

No. 3: Se se Bontshang Gore Motho O na Le Moya o o Boitshepo (rs-TN ts. 301 ¶4–ts. 302 ¶3)

No. 4: “Dibela Pelo ya Gago” (Dia 4:23)

Feb. 13 Mmalo wa Baebele: Nehemia 9-11 Pina 159

Bokgoni Jwa go Bua: Ditsela Tsa go Tokafatsa go Bitsa Mafoko (be-TN ts. 90 ¶4–ts. 92)

No. 1: Go Ithuta Kagiso e Seng Ntwa (w04-TN 1/1 ts. 6 ¶8–ts. 7 ¶5)

No. 2: Nehemia 10:28-37

No. 3: Bosupi Jwa Gore Jehofa O a Re Rata

No. 4: Ga go Na Karolo Epe ya Moya mo Mothong e e Tswelelang e Tshela fa Motho a Swa (rs-TN ts. 303 ¶2–ts. 304 ¶1)

Feb. 20 Mmalo wa Baebele: Nehemia 12-13 Pina 118

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bua ka Thelelo (be-TN ts. 93 ¶1–ts. 94 ¶3)

No. 1: Nehemia—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 90-1 ¶16-19)

No. 2: Nehemia 13:1-14

No. 3: Lebaka La go Bo go Sa Kgonege go Buisana le Baswi (rs-TN ts. 410 ¶2–ts. 411 ¶4)

No. 4: bMetshameko ya Bidio e e Nang le Bothubaki ga ya Tshwanela Bakeresete

Feb. 27 Mmalo wa Baebele: Esethere 1-5 Pina 215

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa o ka Tokafatsang go Bua ka Thelelo ka Gone (be-TN ts. 94 ¶4–ts. 96 ¶3, kwantle ga lebokose le le mo ts. 95)

Dipotso Tsa Poeletso

Mar. 6 Mmalo wa Baebele: Esethere 6-10 Pina 74

Bokgoni Jwa go Bua: Go Lebana le Bothata Jwa go Kwakwaetsa (be-TN ts. 95, lebokose)

No. 1: Ketapele ya Esethere le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 91-4 ¶1-6, 16-18)

No. 2: Esethere 6:1-10

No. 3: Karabo e e Bonolo e ka Faposa Bogale

No. 4: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba Gana Mefuta Yotlhe ya go Dirisana le Meya (rs-TN ts. 411 ¶5–ts. 413 ¶3)

Mar. 13 Mmalo wa Baebele: Jobe 1-5 Pina 160

Bokgoni Jwa go Bua: Go Kgwa Mowa fa Letshwaong la Puiso Le fa O Fetela Kwa Ntlheng e Nngwe (be-TN ts. 97 ¶1–ts. 98 ¶5)

No. 1: Ketapele ya Jobe (si-TN ts. 95-6 ¶1-6)

No. 2: Jobe 2:1-13

No. 3: O se Ka wa Batla go Itse ka Maatla a Madimona (rs-TN ts. 413 ¶4–ts. 414 ¶3)

No. 4: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba Tila go Ngongorega

Mar. 20 Mmalo wa Baebele: Jobe 6-10 Pina 214

Bokgoni Jwa go Bua: Go Kgwa Mowa Gore o Gatelele Ntlha, Go Kgwa Mowa go Reetsa (be-TN ts. 99 ¶1–ts. 100 ¶4)

No. 1: Botlhokwa Jwa Dilo Tsa Semoya (w04-TN 10/15 ts. 4 ¶2–ts. 5 ¶3)

No. 2: Jobe 7:1-21

No. 3: Se go Itsheka mo Pelong go se Bolelang

No. 4: Kafa re ka Ikgololang ka Gone mo go Tlhotlhelediweng ke Meya (rs-TN ts. 414 ¶4–ts. 415 ¶4)

Mar. 27 Mmalo wa Baebele: Jobe 11-15 Pina 8

Bokgoni Jwa go Bua: Go Gatelela Dintlha ka Tsela e e Tshwanetseng (be-TN ts. 101 ¶1–ts. 102 ¶3)

No. 1: ‘Tlhokomela Kafa o Reetsang ka Gone’ (be-TN ts. 13 ¶1–ts. 14 ¶4)

No. 2: Jobe 12:1-25

No. 3: Ikele Tlhoko Kgatlhanong le Moya wa go Itaola (rs-TN ts. 305 ¶1–ts. 306 ¶1)

No. 4: Lebaka La go Bo Bodiredi bo re Itumedisa

Apr. 3 Mmalo wa Baebele: Jobe 16-20 Pina 50

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tokafatsa Tsela e re Gatelelang Dintlha ka Yone (be-TN ts. 102 ¶4–ts. 104 ¶3)

No. 1: Kafa re Bontshang ka Teng Gore re Rata Modimo (w04-TN 3/1 ts. 19-21)

No. 2: Jobe 16:1-22

No. 3: Kafa Jehofa a Gogang Batho ka Gone Gore ba mo Obamele

No. 4: cKotsi ya go Ikgogomosa le go Tsuologa (rs-TN ts. 306 ¶2-3)

Apr. 10 Mmalo wa Baebele: Jobe 21-27 Pina 119

Bokgoni Jwa go Bua: Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe (be-TN ts. 105 ¶1–ts. 106 ¶2)

No. 1: Dilo Tsa Semoya di Solegela Molemo Tota (w04-TN 10/15 ts. 5 ¶4–ts. 7 ¶2)

No. 2: Jobe 24:1-20

No. 3: Jehofa o Naya Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng

No. 4: dIkele Tlhoko Kgatlhanong le go Eletsa Dilo Tsa Senama (rs-TN ts. 306 ¶4)

Apr. 17 Mmalo wa Baebele: Jobe 28-32 Pina 100

Bokgoni Jwa go Bua: Modumo o o Lekaneng wa Lentswe mo Bareetsing (be-TN ts. 107 ¶1–ts. 108 ¶5)

No. 1: Go Reetsa Kwa Dipokanong le Kwa Dikopanong (be-TN ts. 15 ¶1–ts. 16 ¶5)

No. 2: Jobe 29:1-25

No. 3: O se Ka wa Laolwa ke Keletso ya Matlho (rs-TN ts. 307 ¶1-2)

No. 4: Lebaka La go Bo Boidiidi Bo ne Bo Jesiwa Kgakge ke Tsela e Jesu a Neng a Ruta ka Yone

Apr. 24 Mmalo wa Baebele: Jobe 33-37 Pina 94

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa o ka Tokafatsang ka Gone Modumo wa Gago wa Lentswe (be-TN ts. 108 ¶6–ts. 110 ¶2)

Dipotso Tsa Poeletso

May 1 Mmalo wa Baebele: Jobe 38-42 Pina 154

Bokgoni Jwa go Bua: Go Fetofetola Modumo wa Lentswe—Dumalanya Modumo wa Lentswe la Gago le Maemo (be-TN ts. 111 ¶1–ts. 112 ¶2)

No. 1: Jobe—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 99 ¶39–ts 100 ¶43)

No. 2: Jobe 38:1-24

No. 3: Isaia 60:22 e Diragadiwa Jang Gompieno?

No. 4: ePuo e e Kgobang le Thubakanyo ke Ditiro Tsa Nama (rs-TN ts. 307 ¶3)

May 8 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 1-10 Pina 168

Bokgoni Jwa go Bua: Go Fetofetola Modumo wa Lentswe—Fetola Lobelo lo o Buang ka Lone (be-TN ts. 112 ¶3-6)

No. 1: Ketapele ya Dipesalema—Karolo 1 (si-TN ts. 101 ¶1-5)

No. 2: Pesalema 4:1–5:12

No. 3: Ikanye Modimo e Seng Batho (rs-TN ts. 307 ¶4–ts. 308 ¶1)

No. 4: Go Tshegetsa Sekao sa Mafoko a a Itekanetseng

May 15 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 11-18 Pina 217

Bokgoni Jwa go Bua: Go Fetofetola Modumo wa Lentswe—Fetofetola Maatla a Lentswe la Gago (be-TN ts. 113 ¶1–ts. 114 ¶3)

No. 1: Ketapele ya Dipesalema—Karolo 2 (si-TN ts. 102 ¶6-11)

No. 2: Pesalema 14:1–16:6

No. 3: Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Karolo ya Lefatshe ka Ditsela Dife?

No. 4: Ke Molato wa ga Mang go bo Batho ba Boga? (rs-TN ts. 323 ¶2-3)

May 22 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 19-25 Pina 23

Bokgoni Jwa go Bua: Tsenya Maikutlo fa o Bua (be-TN ts. 115 ¶1–ts. 116 ¶4)

No. 1: Temogo e e Molemo e Naya Kamogelo (w04-TN 7/15 ts. 27 ¶4–ts. 28 ¶4)

No. 2: Pesalema 22:1-22

No. 3: Go Boga go Simolotse Jang? (rs-TN ts. 324 ¶1-2)

No. 4: fDikgakololo Tsa Modimo ke Eng Mme ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go di Tsaya Tsia?

May 29 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 26-33 Pina 203

Bokgoni Jwa go Bua: Tlhagafalo e Tshwanela Dintlha Tsa Puo (be-TN ts. 116 ¶5–ts. 117 ¶4)

No. 1: O ka Kgona go Tokafatsa Tsela e o Gakologelwang Dilo ka Yone (be-TN ts. 17 ¶1–ts. 19 ¶1)

No. 2: Pesalema 30:1–31:8

No. 3: Boammaaruri bo Golola Motho ka Ditsela Dife?

No. 4: Kafa re ka Tilang Pogo e Ntsi ka Gone (rs-TN ts. 324 ¶3–ts. 325 ¶1)

June 5 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 34-37 Pina 167

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tsenya Maikutlo a a Itumedisang fa re Bua (be-TN ts. 118 ¶1–ts. 119 ¶5)

No. 1: Maatla a Thapelo (w04-TN 8/15 ts. 18 ¶6–ts. 19 ¶10)

No. 2: Pesalema 34:1-22

No. 3: Lebaka La go Bo Modimo yo o Lorato a Letleletse Pogo Lobaka lo lo Kana Kana (rs-TN ts. 325 ¶3)

No. 4: Re Tshwanetse go Tshaba Mefuta Efe ya Kobamelo ya Medingwana?

June 12 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 38-44 Pina 216

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontsha Maikutlo (be-TN ts. 119 ¶6–ts. 120 ¶4)

No. 1: Seabe sa Moya wa Modimo mo go Gakologelweng (be-TN ts. 19 ¶2–ts. 20 ¶3)

No. 2: Pesalema 40:1-17

No. 3: Saense ya Mmatota ga e Ganetse Baebele

No. 4: Modimo o Tla Baakanya Botlhoko Jotlhe jo Batlhanka ba Gagwe ba bo Utlwileng (rs-TN ts. 326 ¶1-4)

June 19 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 45-51 Pina 104

Bokgoni Jwa go Bua: Botlhokwa Jwa go Itshikinya Mmele le Tebego ya Sefatlhego (be-TN ts. 121 ¶1-4)

No. 1: Jesu o Tla Leng? (w04-TN 3/1 ts. 16, lebokose)

No. 2: Pesalema 46:1–47:9

No. 3: Lebaka La go Bo Modimo a Ile A se Ka a Tlhokomologa Boleo Jwa ga Adame (rs-TN ts. 326 ¶5-6)

No. 4: Mokeresete a ka Nna Bokoa Jang a Ntse a le Maatla? (2 Bakor. 12:10)

June 26 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 52-59 Pina 103

Bokgoni Jwa go Bua: Go Itshikinya Mmele le Tebego ya Sefatlhego (be-TN ts. 122 ¶1–ts. 123 ¶3)

Dipotso Tsa Poeletso

July 3 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 60-68 Pina 45

Bokgoni Jwa go Bua: Go Leba Batho ba re Buang le Bone mo Bodireding (be-TN ts. 124 ¶1–ts. 125 ¶4)

No. 1: Se Boikokobetso Jwa ga Jehofa bo se Kayang mo go Rona (w04-TN 11/1 ts. 29-30)

No. 2: Pesalema 60:1–61:8

No. 3: A go Nna le Seabe mo Ditirong Tsa Bokeresete go re Dira Gore Re se Ka ra Ikobela Melao ya Modimo?

No. 4: Modimo ga se Ene yo o Bakang Bogole Jwa Mmele le Jwa Tlhaloganyo (rs-TN ts. 327 ¶1-3)

July 10 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 69-73 Pina 225

Bokgoni Jwa go Bua: Go Leba Bareetsi fa o Neela Puo (be-TN ts. 125 ¶5–ts. 127 ¶1)

No. 1: Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela go Bala? (be-TN ts. 21 ¶1–ts. 23 ¶3)

No. 2: Pesalema 71:1-18

No. 3: Jehofa ka Lorato o Atolosetsa Melemo ya Setlhabelo sa Thekololo sa ga Keresete mo Baneng (rs-TN ts. 327 ¶4)

No. 4: gLebaka La go Bo Bakeresete ba sa Tshwanela go Nna le Tlhaolele

July 17 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 74-78 Pina 28

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bua ka Tsela ya Tlholego mo Bodireding Jwa Tshimo (be-TN ts. 128 ¶1–ts. 129 ¶1)

No. 1: Bala ka Boikaelelo jo bo Siameng (be-TN ts. 23 ¶4–ts. 25 ¶4)

No. 2: Pesalema 75:1–76:12

No. 3: Go Batla Jehofa go Akaretsa Eng? (Sefa. 2:3)

No. 4: Modimo ga a Dirise Masetlapelo a Tlholego go Otlhaya Batho (rs-TN ts. 327 ¶5–ts. 328 ¶2)

July 24 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 79-86 Pina 112

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bua ka Tsela ya Tlholego Fa o Le mo Seraleng (be-TN ts. 129 ¶2–ts. 130 ¶1)

No. 1: “Mogope wa Bathokgami o Tla Tlhogonolofala” (w04-TN 11/15 ts. 26 ¶1–ts. 28 ¶2)

No. 2: Pesalema 82:1–83:18

No. 3: Go Tlhagelwa ke Mathata Ga go A Tshwanela ga Tsewa e le Sesupo sa Gore Modimo Ga a Go Amogele (rs-TN ts. 328 ¶3-4)

No. 4: A Tota Batho Ba ba Sa Itekanelang ba ka Kgona go Itumedisa Modimo?

July 31 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 87-91 Pina 57

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bua ka Tsela ya Tlholego fa o Bala Phatlalatsa (be-TN ts. 130 ¶2-4)

No. 1: Fa ‘Kitso e le Selo se se Motlhofo’ Mme Botlhale bo re Kaela (w04-TN 11/15 ts. 28 ¶3–ts. 29 ¶7)

No. 2: Pesalema 89:1-21

No. 3: Go Ithuta Baebele ke Karolo ya Kobamelo ya Rona

No. 4: Ga re A Tshwanela go Tsaya Gore Dikhumo di Bontsha Gore Modimo O a Re Segofatsa (rs-TN ts. 329 ¶1-2)

Aug. 7 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 92-101 Pina 190

Bokgoni Jwa go Bua: Bophepa bo Kgabisa Molaetsa (be-TN ts. 131 ¶1-3)

No. 1: Kafa o ka Ithutang ka Gone (be-TN ts. 27 ¶1–ts. 31 ¶2)

No. 2: Pesalema 92:1–93:5

No. 3: A go Bua ka Diteme go Supa Gore Motho O na Le Moya wa Modimo? (rs-TN ts. 147 ¶1–ts. 148 ¶1)

No. 4: Botlhokwa Jwa Boitsholo jo Bontle

Aug. 14 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 102-105 Pina 1

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa Boingotlo le go Nna le Mogopolo o o Itekanetseng Sentle go Amang Tsela e Motho a Aparang le go Ipaakanya ka Yone (be-TN ts. 131 ¶4–ts. 132 ¶3)

No. 1: “A bo Ditiro Tsa Gago di le Dintsi Jang Ne, Jehofa!” (w04-TN 11/15 ts. 8-9)

No. 2: Pesalema 104:1-24

No. 3: Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna re Disitse

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa go Bua ka Diteme Gompieno go Farologane Le mo Go Neng go Dirwa ke Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga? (rs-TN ts. 148 ¶2–5)

Aug. 21 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 106-109 Pina 201

Bokgoni Jwa go Bua: Botlhokwa Jwa Diaparo Tse di Rulagantsweng Sentle (be-TN ts. 132 ¶4–ts. 133 ¶1)

No. 1: Basha—Lo se Ka Lwa Sala Dithaka Tsa Lona Morago Ntle le go Akanya (w04-TN 10/15 ts. 22 ¶4–ts. 24 ¶5)

No. 2: Pesalema 107:20-43

No. 3: Lefoko la Modimo le re Thusa go Nna Kelotlhoko le go Akanyetsa Dilo fa Motho A re O na Le Moya o o Boitshepo (rs-TN ts. 149 ¶2-5)

No. 4: Re ka Etsa Modimo ka Ditsela Dife?

Aug. 28 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 110-118 Pina 125

Bokgoni Jwa go Bua: Tsela e Ntle e re Lebegang ka Yone ga e Kgopise Ope (be-TN ts. 133 ¶2-4)

Dipotso Tsa Poeletso

Sept. 4 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 119 Pina 59

Bokgoni Jwa go Bua: Mokgwa o o Siameng o re Emang ka One le Didirisiwa Tse di Phepa (be-TN ts. 134 ¶1-5)

No. 1: Go Ithuta go a Duela (be-TN ts. 31 ¶3–ts. 32 ¶3)

No. 2: Pesalema 119:25-48

No. 3: Lebaka La go Bo re Tlotla Balaodi

No. 4: Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Kgethololwe ka go Bua ka Diteme (rs-TN ts. 149 ¶6–ts. 150 ¶1)

Sept. 11 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 120-134 Pina 65

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa o ka Fokotsang go Tlhobaela ka Gone (be-TN ts. 135 ¶1–ts. 137 ¶2)

No. 1: Tsela ya go Dira Patlisiso (be-TN ts. 33 ¶1-ts. 35 ¶2)

No. 2: Pesalema 121:1–123:4

No. 3: Neo ya go Bua ka Diteme E ne E Tla Nna ka Lobaka lo lo Kana Kang? (rs-TN ts. 150 ¶2-3)

No. 4: Pheteletso ke Eng, Mme Jesu O ne A Dirisa Mokgwa Ono wa go Ruta Jang?

Sept. 18 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 135-141 Pina 97

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa o ka Welang Dibete ka Gone (be-TN ts. 137 ¶3–ts. 138 ¶4)

No. 1: Pesalema—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 1 (si-TN ts. 104-5 ¶23-7)

No. 2: Pesalema 136:1-26

No. 3: Segopotso ke Sejo sa Kabalano ka Tsela Efe?

No. 4: hTharonngwe ga ya Theiwa mo Baebeleng (rs-TN ts. 371 ¶1–ts. 377 ¶1)

Sept. 25 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 142-150 Pina 5

Bokgoni Jwa go Bua: Botlhokwa Jwa go Godisa Lentswe (be-TN ts. 139 ¶1–ts. 140 ¶1)

No. 1: Dipesalema—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 2 (si-TN ts. 105-6 ¶28-32)

No. 2: Pesalema 142:1–143:12

No. 3: iFa Mongwe a re, ‘A o Dumela Tharonngwe?’ (rs-TN ts. 390 ¶3–ts. 391 ¶3)

No. 4: Re ka Baya Dilo Tse ba Bangwe ba di Tlhokang Kwa Pele ga Tsa Rona ka Ditsela Dife?

Oct. 2 Mmalo wa Baebele: Diane 1-6 Pina 111

Bokgoni Jwa go Bua: Dirisa Dimaekerofouno Sentle (be-TN ts. 140 ¶2–ts. 142 ¶1)

No. 1: Ketapele ya Diane—Karolo 1 (si-TN ts. 106-7 ¶1-5)

No. 2: Diane 5:1-23

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa go Tletse Boikepo Jaana? (rs-TN ts. 91 ¶4–ts. 92 ¶ 3)

No. 4: jO se Ka wa Anamisa Dipolelo Tsa Maaka (2 Tim. 4:4)

Oct. 9 Mmalo wa Baebele: Diane 7-11 Pina 73

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Baebele fa o Araba Dipotso (be-TN ts. 143 ¶1-3)

No. 1: Ketapele ya Diane—Karolo 2 (si-TN ts. 107-8 ¶6-11)

No. 2: Diane 7:1-27

No. 3: Boitlhaodi Jwa Bokeresete bo Thusa Gore Bakaulengwe ba Rona ba Utlwane

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letlelela Boikepo? (rs-TN ts. 92 ¶4–ts. 94 ¶1)

Oct. 16 Mmalo wa Baebele: Diane 12-16 Pina 180

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa o ka Tokafatsang go Dirisa Baebele ka Gone (be-TN ts. 144 ¶1-4)

No. 1: Go Ithuta go Dirisa Didirisiwa Tse Dingwe Tsa go Dira Dipatlisiso (be-TN ts. 35 ¶3–ts. 38 ¶4)

No. 2: Diane 14:1-21

No. 3: Kgang ya Gore Modimo A bo A Letleletse Boikepo e re Solegetse Molemo Jang? (rs-TN ts. 94 ¶2-3)

No. 4: Ke Eng Se se Ka re Thusang go Reetsa ka Tlhoafalo Kwa Dipokanong?

Oct. 23 Mmalo wa Baebele: Diane 17-21 Pina 131

Bokgoni Jwa go Bua: Go Kgothaletsa Bareetsi go Dirisa Baebele (be-TN ts. 145-6)

No. 1: Diane—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 1 (si-TN ts. 109-10 ¶19-28)

No. 2: Diane 17:1-20

No. 3: Kafa Bakeresete ba Lebang Batho ba ba Godileng ka Gone

No. 4: kBaebele e Rotloetsa Gore Basadi ba Lebiwe Jang? (rs-TN ts. 47 ¶4–ts. 48 ¶1)

Oct. 30 Mmalo wa Baebele: Diane 22-26 Pina 9

Bokgoni Jwa go Bua: Botlhokwa Jwa go Tsenyeletsa Ditemana Sentle (be-TN ts. 147 ¶1–ts. 148 ¶2)

Dipotso Tsa Poeletso

Nov. 6 Mmalo wa Baebele: Diane 27-31 Pina 51

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhopha Dikakgelo Tse di Tshwanetseng go Tsenyeletsa Ditemana (be-TN ts. 148 ¶3–ts. 149 ¶2)

No. 1: Diane—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 2 (si-TN ts. 110-11 ¶29-38)

No. 2: Diane 28:1-18

No. 3: A Kgang ya Gore Banna ke Ditlhogo Tsa Malapa e Nyenyefatsa Basadi? (rs-TN ts. 48 ¶2–ts. 49 ¶1)

No. 4: Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Atlhola Batho ba re Kopanang le Bone mo Bodireding ka Tsela e ba Lebegang ka Yone

Nov. 13 Mmalo wa Baebele: Moreri 1-6 Pina 25

Bokgoni Jwa go Bua: Go Gatelela Sentle go Dirwa le ka Maikutlo (be-TN ts. 150 ¶1-2)

No. 1: Ketapele ya Moreri (si-TN ts. 112-13 ¶1-8)

No. 2: Moreri 5:1-15

No. 3: Boammaaruri Jwa Baebele bo Fitlhetswe Jang ba ba Botlhale Le ba Ba Bonokopela? (Math. 11:25)

No. 4: A Basadi ba Tshwanetse go Nna Baruti? (rs-TN ts. 49 ¶2-3)

Nov. 20 Mmalo wa Baebele: Moreri 7-12 Pina 37

Bokgoni Jwa go Bua: Gatelela Mafoko a a Tshwanetseng (be-TN ts. 150 ¶3–ts. 151 ¶2)

No. 1: Moreri—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 114 ¶15-19)

No. 2: Moreri 9:1-12

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Basadi ba Bakeresete ba Rwala mo Tlhogong ka Dinako Dingwe? (rs-TN ts. 50 ¶1-2)

No. 4: Ke Eng se se Phoso ka Lefufa?

Nov. 27 Mmalo wa Baebele: Sefela sa Difela 1-8 Pina 11

Bokgoni Jwa go Bua: Mekgwa ya go Gatelela (be-TN ts. 151 ¶3–ts. 152 ¶5)

No. 1: Ketapele ya Sefela sa Difela le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 115-17 ¶1-4, 16-18)

No. 2: Sefela sa Difela 7:1–8:4

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Phepa le go Apara ka Tsela e e Siameng?

No. 4: A go Tshwanetse Gore Basadi ba Dirise Ditlolontlafatsi Kgotsa ba Rwale Dibenyane? (rs-TN ts. 51 ¶1–ts. 52 ¶1)

Dec. 4 Mmalo wa Baebele: Isaia 1-5 Pina 90

Bokgoni Jwa go Bua: Dikwalo di Tlhalositswe Sentle (be-TN ts. 153 ¶1–ts. 154 ¶3)

No. 1: Ketapele ya Isaia (si-TN ts. 118-19 ¶1-8)

No. 2: Isaia 3:1-15

No. 3: A Lefatshe le Tla Senngwa ka Molelo? (rs-TN ts. 224 ¶1-2)

No. 4: lLebaka La go Bo Bakeresete ba Tshwanetse go Nna “Bonya go Shakgala” (Jak 1:19)

Dec. 11 Mmalo wa Baebele: Isaia 6-10 Pina 204

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dira Gore Tsela e o Tlhalosang Temana ka Yone e Utlwale (be-TN ts. 154 ¶4–ts. 155 ¶4)

No. 1: Go Dira Aotlelaene (be-TN ts. 39-42)

No. 2: Isaia 10:1-14

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa go Kgona go Itshwarela go le Botlhokwa Thata?

No. 4: Ke Mang yo o Busang Lefatshe Leno—A ke Modimo Kgotsa ke Satane? (rs-TN ts. 224 ¶3–ts. 225 ¶2)

Dec. 18 Mmalo wa Baebele: Isaia 11-16 Pina 47

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontsha Mabaka go Tswa mo Dikwalong (be-TN ts. 155 ¶5–ts. 156 ¶4)

No. 1: Basha—Letlang Batsadi go lo Thusa go Dibela Dipelo Tsa Lona (w04-TN 10/15 ts. 20 ¶1–ts. 22 ¶3)

No. 2: Isaia 11:1-12

No. 3: Bakeresete ba Boammaaruri ba Leba Jang Lefatshe le Batho ba e Leng Karolo ya Lone? (rs-TN ts. 225 ¶3–ts. 226 ¶4)

No. 4: Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Kitla ba Nna le Seabe mo Ntweng ya Haramagedona

Dec. 25 Mmalo wa Baebele: Isaia 17-23 Pina 53

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontshitswe Sentle Gore Dintlha Tsa Puo di Mosola go le Kana Kang (be-TN ts. 157 ¶1–ts. 158 ¶1)

Dipotso Tsa Poeletso

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E abelwe bakaulengwe fela.

b E abelwe bakaulengwe fela.

c E abelwe bakaulengwe fela.

d E abelwe bakaulengwe fela.

e E abelwe bakaulengwe fela.

f E abelwe bakaulengwe fela.

g E abelwe bakaulengwe fela.

h Tlhopha dintlha di le mmalwa tsa konokono go tswa mo dintlheng tse o di abetsweng tse di tla tshwanelang maemo a tshimo ya lona sentle.

i Tlhopha dintlha di le mmalwa tsa konokono go tswa mo dintlheng tse o di abetsweng tse di tla tshwanelang maemo a tshimo ya lona sentle.

j E abelwe bakaulengwe fela.

k E abelwe bakaulengwe fela.

l E abelwe bakaulengwe fela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela