Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka September 12
Pina 29
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 (fa di tshwanela tshimo ya gaeno) go bontsha kafa makasine wa Tora ya Tebelo wa September 15 le Tsogang! ya October 8 di ka tsamaisiwang ka gone. O ka nna wa dirisa le dipuisano tse dingwe gape tse di tshwanelang. Kopa mogolwane gore a dire pontsho e nngwe mme e nngwe yone e dirwe ke mosha. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, tlhalosa dilo dingwe tse di molemo tse di ileng tsa dirwa mo dipontshong tseno.
20 mets: “Dirisa Nako ya Gago ka Botlhale.”a Kopa bareetsi go tlhalosa gore ba dirile dithulaganyo dife tsa go beela nako kwa thoko ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Kgothaletsa malapa le batho ka bongwe gore ba dirise tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 2005 go itirela thulaganyo ya go dira dilo tsa semoya.
15 mets: “Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele.”b Motlotlo le bareetsi wa karolo 1 le 2 mo tsenyeletsong. O ka nna wa leba dintlha tse dingwe mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2004, tsebe 1. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go baakanyetsa ka tlhagafalo nako le nako fa o ya go tshwara thuto ya Baebele? Go baakanyetsa jalo go akaretsa eng? Kopa bareetsi go tlhalosa gore ba dirisitse jang dikakantsho tse di neetsweng moo. Konela ka go tlhalosa dintlha tse di mo lebokosong le le kwa godimo mo tsebeng ya ntlha ya tsenyeletso.
Pina 110 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 19
Pina 168
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka dintlha tsa konokono tsa lekwalo le le tswang kwa lekaleng, le le tlhagang mo tsebeng ya ntlha ya kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: Re Dirile Jang mo Ngwageng o o Fetileng? Molebedi wa tirelo o boeletsa tiro e e dirilweng mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, a gatelela dilo tse di molemo tse di dirilweng mo bodireding. Akgola botlhe ka tsela e e tshwanetseng. Umaka ntlha e le nngwe kgotsa tse pedi tse di tlhokang gore go tokafadiwe mo go tsone mo ngwageng o o tlang. Akgela ka tiro e babulatsela ba e dirileng mme o ba akgolele tiro ya bone e e molemo. Umaka dilo tse di molemo tse di ileng tsa fitlhelelwa ka ntlha ya maiteko a a ileng a dirwa a go thusa ba ba tsidifetseng.
15 mets: “Nnang lo Agane.”c Kopa bareetsi go tlhalosa gore ba solegetswe molemo jang ke go bo bangwe ba ile ba amega ka bone ka lorato.
Pina 199 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 26
Pina 122
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa September. Molebedi wa tirelo a tlotle ka dithulaganyo tsa bofelo tsa tshimo e e sa abiwang. E re ka October e le kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang, kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe ka botlalo mo go yone.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: Go Itsise ba Bangwe Dikgang Tse di Molemo ka go Dirisa Dimakasine. Ka October, re tla bo re tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira matseno a puo eno, tlotla ka dikakantsho tse di latelang tse di tswang mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2005 tsebe 4, dirapa 3-6: (1) Tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo. (2) Dira thulaganyo ya gore go nne le letsatsi le le lengwe mo bekeng la go nna le seabe mo tirong ya go tsamaisa dimakasine. (3) Ipeele mokgele kgwedi nngwe le nngwe gore o batla go tsamaisa dimakasine di le kae. (4) Dirisa tshono nngwe le nngwe e e go bulegelang gore o tsamaisetse batho dimakasine. (5) Dirisa dimakasine tsa bogologolo ka tsela e e molemo. Tlhalosa gore dikakantsho tseno di ka dirisiwa jang mo tshimong ya gaeno. Morago ga moo, dira pontsho ya kafa Tora ya Tebelo ya October 1 le Tsogang! ya October 8 di ka tsamaisiwang ka gone o dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng 8 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya kgwedi eno (fa e le gore di tshwanela tshimo ya gaeno). O ka nna wa dirisa le dikakantsho tse dingwe tse di tshwanelang. Mo godimo ga moo, bontsha bareetsi ditlhogo tse dingwe tse di leng mo teng ga dimakasine, tse di ka nnang tsa kgatlha batho mo tshimong ya gaeno, o bo o dira pontsho ka nngwe ya dipuisano tse di buelelang ditlhogo tseo. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, tlhalosa dilo dingwe tse di molemo tse di ileng tsa dirwa mo dipontshong tseno.
Pina 3 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 3
Pina 54
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
20 mets: “Thusa ba Bangwe Gore ba ‘Nne Kutlo go Tswa Pelong.’”d Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba akgele ka ditemana tse di umakilweng.
20 mets: Go Itumedisa Pelo ya ga Jehofa. (Dia. 27:11) Botsolotsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba ba nang le lobaka lo loleele ba mo direla. Kopa mongwe le mongwe wa bone gore a umake selo se le sengwe kgotsa tse pedi tse di mo thusitseng gore a nne a ntse a le kutlo mo go Jehofa. Dilo dingwe tse di ka nnang tsa umakiwa ke go ithuta Baebele ka tlhagafalo, go nna teng ka metlha kwa dipokanong, go tsalana le ba bangwe ba ba ikanyegang, go nna le seabe ka moya otlhe mo bodireding jwa tshimo, go rapela ka tlhoafalo le go tila boitlosobodutu jo bo leswe. Ke dilo dife tse di ileng tsa leka go nna kutlo ga bone, mme ba ile ba lebana jang le tsone ka katlego? Ba ile ba segofadiwa jang ka ntlha ya go nna kutlo ga bone?
Pina 170 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.