Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka July 11
Pina 49
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 (fa e le gore di tshwanela tshimo ya gaeno) go bontsha gore Tora ya Tebelo ya July 15 le Tsogang! ya August 8 di ka tsamaisiwa jang. O ka nna wa dirisa le dipuisano tse dingwe gape tse di tshwanelang. Mo pontshong nngwe le nngwe, dira gore baboledi ba bontshe gore go ka buisanwa jang le motho yo o lekang go kgoreletsa puisano ka go dirisa mafoko a a reng “Ke Tshwaregile.”—Bona buka ya Go Fetolana, dits. 19-20.
15 mets: Tlotla ka dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang. E neelwe ke molebedi wa tirelo. Boeletsa lekwalo la May 31, 2005, le le buang ka tshimo e e sa abiwang, tlhalosa gore go tla bo go tsamaisiwa dikgatiso dife, go iwa leng teng, go tla berekwa tshimo efe, go tla robalwa kae o bo o tlhalose le dithulaganyo tsa dipalangwa. A go na le bangwe ba ba ka kgonang go nna babulatsela ba ba thusang ka nako eo? Diphuthego tse di sa yeng tshimong e e sa abiwang di tshwanetse go tlotla ka dithulaganyo tsa go bereka tshimo e e berekwang sewelo.
20 mets: “Go Fitlhelela Batho ba le Bantsi Ka mo Go ka Kgonegang ka Gone.”a Fa o tlotla ka serapa 5, boeletsa dikakantsho tse di leng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2005, tsebe 8, tse di tshwanelang tshimo ya gaeno.
Pina 88 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 18
Pina 173
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka bokhutshwane ka Tora ya Tebelo ya August 15, 2000, tsebe 32. Gatelela melemo ya go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele, tota le fa motho a le mo malatsing a boikhutso le ka dinako tse dingwe tsa fa a sa latelele thulaganyo ya gagwe e e tlwaelegileng ya letsatsi le letsatsi.
15 mets: “Go Tshwara Dithuto Tse di Gatelang Pele Tsa Baebele—Karolo 11.”b Dira gore go nne le pontsho ya motshwari wa thuto a na le mmoledi yo mosha ba baakanyetsa loeto lwa go boela. Ba tlotla ka loeto lwa ntlha lo ba nnileng le lone mo mothong yo ba tlileng go boela kwa go ene mme ba bo ba tlhopha kgang nngwe e e tshwanelang sentle e ba tlileng go tlotla le ene ka yone fa ba boela kwa go ene. Gape, ba baakanyetsa matseno a a sa raraanang le potso e ba tlileng go e botsa kwa bokhutlong jwa loeto loo. Pontsho e fela fa ba simolola go ikatisa go bona gore a ba tshwere puisano e ba e baakanyeditseng.
20 mets: Go Thusa ba Bangwe go Anaanela Baebele. Motlotlo wa dipotso le dikarabo o o theilweng mo bukeng ya Obamela Modimo, ditsebe 24-5, dirapa 3-6. Dirisa dipotso tsa thuto tse di mo bukeng eno. Akaretsa le dikakgelo tse di mo boroutšhareng jwa Buka ya Batho Botlhe, tsebe 32.
Pina 10 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 25
Pina 138
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa bofelo tsa tshimo e e sa abiwang e e tla simololang ka August 1. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 (fa e le gore di tshwanela tshimo ya gaeno), go bontsha gore Tora ya Tebelo ya August 1 le Tsogang! ya August 8 di ka tsamaisiwa jang. O ka nna wa dirisa le dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang. Dira gore nngwe ya dipontsho tseno e nne ya mmoledi a tsamaisetsa batho dimakasine a se mo bodireding mme a le kwa mabenkeleng kgotsa a le kwa lefelong lengwe le le bulegileng le go nang le batho ba le bantsi mo go lone.
10 mets: Jalela Boammaaruri Kwa Teng mo Pelong ya Ngwana wa Gago. (Dute 6:7) Puo e e neelwang ke mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2002, ditsebe 30-1. Gatelela melaometheo ya Dikwalo e e kaelang motsadi wa Mokeresete yo o nang le molekane yo e seng Mosupi gore a ka thapisa jang ngwana wa gagwe.
20 mets: “Molato wa Rona mo Bathong ba Bangwe”c Akaretsa dikakgelo tse di leng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 2000, tsebe 11, serapa 13.
Pina 82 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 1
Pina 187
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa July. Kopa bareetsi gore ba bule mo tsebeng 70 ya buka ya Sekolo sa Bodiredi, o bo o dirisa dipotso le dikarabo go tlotla le bone ka dirapa 1-2 le lebokoso le le reng “Tsela ya go Akgela Kwa Dipokanong.”
15 mets: “Thusa Bana ba Gago go Gatela Pele mo Bodireding.” Puo le motlotlo le bareetsi. Dira gore go nne le pontsho ya motsadi le ngwana ba dirisa puisano e e sa raraanang. Motsadi o konela puisano ka go tlhalosa ka bokhutshwane thulaganyo ya go ntshetsa tiro ya rona meneelo.
15 mets: A o Kile wa Leka go Fetofetola Puisano ya Gago? Puo le motlotlo le bareetsi, e e theilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005, tsebe 6. Tlotla ka dikakantsho tse di umakilweng mo go yone o bo o bontshe kafa puisano e ka fetofetolwang ka gone fa go tsamaisiwa kgatiso ya August. Dira pontsho e le nngwe kgotsa di le pedi ka dipuisano tseo.
Pina 218 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.