Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2005
Ditaelo
Ka 2005 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
DIKGATISO TSE DI TLA DIRISIWANG: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo [bi12-TN], Tora ya Tebelo [w-TN], Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo [be-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola” [si-TN], le Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN].
Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tsa go amogela ba ba leng gone mme se tswelele jaana:
BOKGONI JWA GO BUA: Metsotso e le 5. Molebedi wa sekolo, mogakolodi yo o thusang kgotsa mogolwane mongwe yo o tshwanelegang ba tla tlotla ka ntlha ya bokgoni jwa go bua e e theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi. (Mo diphuthegong tse di nang le bagolwane ba le mmalwa fela, go ka nna ga dirisiwa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang.) Ntle le fa go bontshitswe ka tsela e nngwe, mabokoso a a mo ditsebeng tse puo eno e tswang mo go tsone a tshwanetse go akarediwa mo motlotlong. Ikatiso e se ka ya akarediwa. Ikatiso ke e motho a ka itirelang yone ka boene kgotsa e ka dirisiwa fa go neelwa kgakololo.
PUO NO. 1: Metsotso e le 10. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang, mme e tla bo e tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kgotsa “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola.” E tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le lesome e se na dipotso tsa poeletso. Boikaelelo ga e a tshwanela go nna go tlotla fela ka dintlha tsa puo mme gape e nne go supa ka fa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, e gatelele se se tla thusang phuthego thata. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng. Go lebeletswe gore bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno, ba ele tlhoko gore ba neela puo mo nakong e e beilweng. Ba ka nna ba neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega.
DINTLHAKGOLO TSA MMALO WA BAEBELE: Metsotso e le 10. Mogolwane yo o tshwanelegang kgotsa motlhanka wa bodiredi o tshwanetse go dirisa metsotso ya ntlha e merataro go bontsha kafa dintlha tse a tlotlang ka tsone di ka dirisiwang ka teng mo phuthegong. A ka nna a akgela ka karolo epe fela ya mmalo wa Baebele wa beke eo. Seno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o a o abetsweng. Boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go bone le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Sebui se tshwanetse go nna kelotlhoko gore se se fete metsotso e le merataro e e abetsweng karolo e e simololang. O tshwanetse go tlhomamisa gore metsotso e le menè ya bofelo e beelwe kwa thoko gore bareetsi ba tseye karolo. Bareetsi ba tshwanetse go kopiwa go dira dikakgelo tse dikhutshwane (tse nngwe le nngwe ya tsone e tsayang metsotswana e le 30 kgotsa ka fa tlase ga yone) ka dintlha tse ba fitlhetseng di kgatlha mo mmalong wa Baebele le melemo ya tsone. Motshwari wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti ba ba abetsweng kwa diphaposing tse dingwe.
PUO NO. 2: Metsotso e le 4. Ke mmalo o o neelwang ke mokaulengwe. Gantsi mmalo ono o tswa mo Baebeleng. Gangwe ka kgwedi, puo eno e tla nna ya dintlha tse di tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Moithuti o tshwanetse go bala dintlha tse a di abetsweng a sa dire matseno ape le fa e le konelo epe. Beke nngwe le nngwe, dintlha tse di tshwanetseng go balwa ga di kitla di lekana ka boleele mme di tshwanetse go tsaya metsotso e le menè kgotsa ka fa tlase ga yone. Molebedi wa sekolo o tshwanetse go sekaseka dintlha tseo pele a ntsha dikabelo, a dira gore di dumalane le dingwaga tsa bogolo jwa baithuti le bokgoni jwa bone. Molebedi wa sekolo o tla ela tlhoko thata gore o thusa baithuti go bala ka tsela e e bontshang gore ba tlhaloganya se ba se balang, go bala ka thelelo, go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng, go fetofetola modumo wa lentswe, go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng le go bala ka tsela ya tlholego.
PUO NO. 3: Metsotso e le 5. E tla neelwa ke kgaitsadi. Baithuti ba ba newang puo eno, ba tla itlhophela seting kgotsa ba tla e abelwa go tswa mo go tse di mo lenaaneng le le mo go tsebe 82, ya buka ya Sekolo sa Bodiredi. Moithuti o tshwanetse go dirisa setlhogo se a se abetsweng mme a dire gore se tshwanele maemo a tshimo ya phuthego ya lona. Fa go sa supiwa gore dintlha tsa puo di tswa mo kgatisong efe, moithuti o tla tshwanelwa ke go ipatlela dintlha tsa puo ya gagwe ka go dira patlisiso mo dikgatisong tse re di neilweng ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Baithuti ba basha ba tshwanetse go abelwa dipuo tse go bontshitsweng gore dintlha tsa tsone di tswa mo kgatisong efe. Molebedi wa sekolo o tla ela tlhoko thata tsela e moithuti a tlhalosang dintlha ka yone le kafa a thusang mong wa ntlo ka teng go tlhalosa mabaka a dirisa Dikwalo, le go tlhaloganya dintlha tsa konokono tse ba tlotlang ka tsone. Baithuti ba ba abelwang puo eno ba tshwanetse ba bo ba itse go bala. Molebedi wa sekolo o tla aba mothusi a le mongwe.
PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Moithuti o tshwanetse go tlotla ka setlhogo se a se abetsweng. Fa go sa supiwa gore dintlha di tswa mo kgatisong efe, moithuti o tla tshwanelwa ke go ipatlela dintlha tsa puo ya gagwe ka go dira patlisiso mo dikgatisong tse re di neilweng ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Fa e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go nna puo e e neelwang a lebile bareetsi botlhe mo Holong ya Bogosi. Fa puo eno e neetswe kgaitsadi, e tshwanetse go neelwa jaaka go bontshitswe mo go Puo No. 3. Molebedi wa sekolo a ka abela mokaulengwe Puo No. 4 fa a bona go tshwanela go dira jalo. Tsweetswee ela tlhoko gore ditlhogo tse di nang le naletsana di tshwanetse go abelwa bakaulengwe fela gore ba di neele e le puo.
NAKO: Ga go puo epe kgotsa dikakgelo tsa mogakolodi tse di tshwanetseng go feta nako e di e beetsweng. Puo No. 2 go fitlha ka ya bo4 di tshwanetse go emisiwa ka botlhale fa nako ya tsone e fedile. Fa bakaulengwe ba ba neelang puo e e simololang e e tlotlang ka bokgoni jwa go bua, Puo No. 1 kgotsa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele ba ja nako, ba tshwanetse go neelwa kgakololo kwa thoko. Botlhe ba tshwanetse go ela tlhoko nako ya bone. Thulaganyo yotlhe: metsotso e le 45, go sa akarediwe pina le thapelo.
KGAKOLOLO: Motsotso o le mongwe. Molebedi wa sekolo o tla dirisa nako e e sa feteng motsotso o le mongwe go neela moithuti mongwe le mongwe kgakololo e e molemo ka karolo nngwe le nngwe ya puo e a dirileng sentle mo go yone. Boikaelelo jwa gagwe ga se go mmolelela fela gore o “dirile sentle” mme go na le moo, e tshwanetse ya nna go bontsha mabaka a go bo a dirile sentle mo karolong nngwe ya puo. Go ikaegile ka gore moithuti o tlhaela kae, molebedi wa sekolo a ka nna a naya moithuti kgakololo e e mosola kwa thoko morago ga dipokano kgotsa ka nako e nngwe.
MOGAKOLODI YO O THUSANG: Mo godimo ga go tlhopha motshwari wa sekolo, setlhopha sa bagolwane se ka nna sa tlhopha mogolwane yo o nang le bokgoni fa a le gone gore a nne mogakolodi yo o thusang. Fa go na le bagolwane ba le mmalwa mo phuthegong, go ka nna ga abelwa mogolwane o sele yo o tshwanelegang ngwaga le ngwaga go dira kabelo eno. Boikarabelo jwa mogakolodi yo o thusang e tla bo e le go neela bakaulengwe ba ba neelang Puo No. 1 le dintlhakgolo tsa Baebele kgakololo kwa thoko fa go tlhokega. Ga go tlhokege gore a neye bagolwane ka ene kgotsa batlhanka ba bodiredi kgakololo eo nako le nako fa ba sena go neela dipuo tseo. Thulaganyo eno e tla tswelela mo ngwageng wa 2005, mme e ka nna ya fetolwa moragonyana.
PAMPITSHANA YA KGAKOLOLO: E mo bukeng.
DIPOTSO TSA POELETSO: Metsotso e le 30. Mo dikgweding dingwe le dingwe tse pedi molebedi wa sekolo o tla botsa dipotso tsa poeletso ka se se ithutilweng. Pele ga tsone go tla tlotlwa ka bokgoni jwa go bua le ka dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele jaaka go tlhalositswe fa godimo. Dipotso tsa poeletso di tla bo di theilwe mo dintlheng tse di ithutilweng mo sekolong dikgwedi di le pedi tse di fetileng go akaretsa le tsa beke eo. Fa phuthego ya lona e na le kopano ya potologo kgotsa ketelo ya molebedi wa potologo ka beke e lo tshwanetseng go tshwara dipotso tsa poeletso ka yone, lo ka latela thulaganyo e e bontshitsweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 2003 tsebe 1.
THULAGANYO
Jan. 3 Mmalo wa Baebele: Joshua 16-20 Pina 6
Bokgoni Jwa go Bua: Ba Bangwe ba Tlhaloganya Se o Se Buang (be-TN ts. 226 ¶1–ts. 227 ¶1)
No. 1: Boifa Modimo wa Boammaaruri (be-TN ts. 272 ¶1–ts. 273 ¶1)
No. 2: Joshua 16:1–17:4
No. 3: Lebaka La go Bo go Bala Baebele Fela go sa Lekana (rs-TN ts. 78 ¶2-3)
No. 4: A Gompieno go Huma Kgotsa go Humanega ke Sesupo sa Gore Motho o Boifa Modimo?
Jan. 10 Mmalo wa Baebele: Joshua 21-24 Pina 100
Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhalosa Mafoko A a Sa Tlwaelegang (be-TN ts. 227 ¶2–ts. 228 ¶1)
No. 1: Go Itsise Batho Leina la Modimo (be-TN ts. 273 ¶2–ts. 274 ¶1)
No. 2: Joshua 23:1-13
No. 3: Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Theilwe mo Baebeleng Mme bo Itsise Leina la Modimo (rs-TN ts. 78 ¶4-5)
No. 4: A go Siame go Obamela Jesu?
Jan. 17 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 1-4 Pina 97
Bokgoni Jwa go Bua: Go Naya Tlhaloso e e Tlhokegang (be-TN ts. 228 ¶2-3)
No. 1: Motho yo o Bidiwang ka Leina Leo (be-TN ts. 274 ¶2-5)
No. 2: Baatlhodi 2:1-10
No. 3: Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Supa Tumelo ya Mmatota mo go Jesu Keresete (rs-TN ts. 79 ¶1)
No. 4: O ka Itshireletsa Jang mo Dibidiong Tse di Kotsi Tsa Mmino?
Jan. 24 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 5-7 Pina 47
Bokgoni Jwa go Bua: Kafa Pelo e Amegang ka Teng (be-TN ts. 228 ¶4-6)
No. 1: Leina la Modimo—“Tora e e Nonofileng” (be-TN ts. 274 ¶6–ts. 275 setlhogwana)
No. 2: Baatlhodi 6:25-35
No. 3: Baebele e Tshwanetse go Ama Jang Kgololesego ya Rona ya go Itlhophela?
No. 4: Bodumedi Jwa Boammaaruri ga se Seomodiro Fela Mme ke Tsela ya Botshelo (rs-TN ts. 79 ¶2)
Jan. 31 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 8-10 Pina 174
Bokgoni Jwa go Bua: Kgang e e Rutang Bareetsi (be-TN ts. 230 ¶1-6)
No. 1: Go Naya Bosupi ka Jesu (be-TN ts. 275 setlhogwana–ts. 276 ¶1)
No. 2: w03-TN 1/15 ts. 19-20 ¶16-18
No. 3: Maloko a Bodumedi Jwa Boammaaruri a a Ratana Mme ga se Karolo ya Lefatshe (rs-TN ts. 79 ¶3-4)
No. 4: Go Rata Dikhumo go Raya se se Fetang Fela go Nna le Dithoto
Feb. 7 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 11-14 Pina 209
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dira Gore Puo e Nne e e Rutang ka go Dira Dipatlisiso (be-TN ts. 231 ¶1-3)
No. 1: Go Tlhaloganya Seabe sa ga Jesu Jaaka Morekolodi (be-TN ts. 276 ¶2-3)
No. 2: Baatlhodi 12:1-15
No. 3: Lebaka La go Bo Basupi ba ga Jehofa ba le Seoposengwe
No. 4: Maloko a Bodumedi Jwa Boammaaruri ke Basupi ba ba Tlhaga Malebana le Bogosi Jwa Modimo (rs-TN ts. 80 ¶1)
Feb. 14 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 15-18 Pina 105
Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhalosa Ditemana (be-TN ts. 231 ¶4-5)
No. 1: Go Gatelela Seabe sa ga Jesu Jaaka Moperesiti yo Mogolo le Tlhogo ya Phuthego (be-TN ts. 277 ¶1-2)
No. 2: Baatlhodi 15:9-20
No. 3: aFa Mongwe a re, ‘Fa Fela o Dumela mo go Jesu, Tota ga go Kgathalesege Gore o wa Kereke Efe’ (rs-TN ts. 82 ¶2)
No. 4: Lebaka La go Bo Bakeresete ba sa Dirise go Korobetsa
Feb. 21 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 19-21 Pina 53
Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhalosa Bokao Jwa Mafoko Mangwe (be-TN ts. 232 ¶1)
No. 1: Go Gatelela Seabe sa ga Jesu Jaaka Kgosi e e Busang (be-TN ts. 277 ¶3-4)
No. 2: w03-TN 2/1 ts. 17-18 ¶18-21
No. 3: bFa Mongwe a re, ‘Ke Eng se se Dirang Gore o Akanye Gore Go na Le Bodumedi bo le Bongwe Fela jo bo Siameng’ (rs-TN ts. 82 ¶3)
No. 4: Dingwe Tsa “Dilo Tse di Boteng Tsa Modimo” ke Dife? (1 Bakor. 2:10)
Feb. 28 Mmalo wa Baebele: Ruthe 1-4 Pina 120
Bokgoni Jwa go Bua: Go Ntsha Mabaka ka Temana (be-TN ts. 232 ¶2-4)
Dipotso Tsa Poeletso
Mar. 7 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 1-4 Pina 221
Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhopha Tshedimosetso e e Tla Solegelang Bareetsi ba Gago Molemo (be-TN ts. 232 ¶5–ts. 233 ¶4)
No. 1: Go Dira Keresete Motheo (be-TN ts. 278 ¶1-4)
No. 2: 1 Samuele 2:1-11
No. 3: Jesu Ga a Ya Legodimong ka Mmele wa Nama (rs-TN ts. 428 ¶2-4)
No. 4: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Dihorosekoupo
Mar. 14 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 5-9 Pina 151
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dintlha Tse o di Abetsweng (be-TN ts. 234 ¶1–ts. 235 ¶3)
No. 1: Dikgang Tse di Molemo Tseno Tsa Bogosi (be-TN ts. 279 ¶1-4)
No. 2: 1 Samuele 5:1-12
No. 3: Lebaka La go Bo Jesu A ne A Iponatsa ka Mmele wa Nama (rs-TN ts. 428 ¶5–ts. 429 ¶3)
No. 4: Kafa re ka Nonotshang ka Gone Kamano ya Rona le Jehofa
Mar. 21 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 10-13 Pina 166
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo (be-TN ts. 236 ¶1-5)
No. 1: Go Tlhalosa Bogosi (be-TN ts. 280 ¶1-5)
No. 2: 1 Samuele 10:1-12
No. 3: Bakeresete ba Tshwanetse go Tshwara Jang Baratiwa ba Bone ba e Seng Basupi?
No. 4: Ba ba Tsosediwang go Busa le Keresete ba Tla Tshwana le Ene (rs-TN ts. 429 ¶4–ts. 430 ¶2)
Mar. 28 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 14-15 Pina 172
Bokgoni Jwa go Bua: Dipotso Tse di Tlhagisang Dintlha Tse di Botlhokwa (be-TN ts. 237 ¶1-2)
No. 1: Go Tlhalosa Kafa Bogosi bo re Amang ka Gone (be-TN ts. 281 ¶1-4)
No. 2: w03-TN 3/15 ts. 19-20 ¶17-21
No. 3: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Duela Makgetho
No. 4: Se Tsogo e Tla se Rayang mo Bathong ka Kakaretso (rs-TN ts. 430 ¶4–ts. 431 ¶2)
Apr. 4 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 16-18 Pina 27
Bokgoni Jwa go Bua: Dipotso Tse di Thusang go Ntsha Mabaka A se Go Tlotliwang ka Sone (be-TN ts. 237 ¶3–ts. 238 ¶2)
No. 1: Lebaka La go Bo Thuto e le Botlhokwa mo Bakereseteng (w03-TN 3/15 ts. 10 ¶1–ts. 11 ¶5)
No. 2: 1 Samuele 17:41-51
No. 3: Lebaka La go Bo ba Ba Tsositsweng ba se Kitla ba Atlholelwa Ditiro Tsa Bone Tsa mo Nakong e e Fetileng (rs-TN ts. 432 ¶2)
No. 4: Go Tlhatlhanya ka Matswela A se Re se Dirang go Tla re Thusa go Rata se se Molemo le go Tlhoa se se Bosula
Apr. 11 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 19-22 Pina 73
Bokgoni Jwa go Bua: Dipotso Tse di Dirang Gore Motho a Ntshe Maikutlo a Gagwe (be-TN ts. 238 ¶3-5)
No. 1: Kafa Basha ba ka Gatelang Pele Semoyeng ka Gone (w03-TN 4/1 ts. 8-10)
No. 2: 1 Samuele 20:24-34
No. 3: Lebaka La go Bo Boingotlo e le Nonofo e e Molemo
No. 4: Kafa “Baswi ba Bangwe Botlhe” ba tshelang ka Gone mo Lefatsheng (rs-TN ts. 332 ¶3–ts. 433 ¶2)
Apr. 18 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 23-25 Pina 61
Bokgoni Jwa go Bua: Dipotso Tse di Thusang go Gatelela Ntlha (be-TN ts. 239 ¶1-2)
No. 1: Ikanye Jehofa ka Pelo ya Gago Yotlhe (w03-TN 11/1 ts. 4-7)
No. 2: w03-TN 5/1 ts. 17 ¶11-14
No. 3: Ba ba Tla Akarediwang mo Tsogong ya mo Lefatsheng (rs-TN ts. 433 ¶3–ts. 434 ¶3)
No. 4: Lebaka La go Bo go Ne ga Dirwa Kgolagano le Aborahame
Apr. 25 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 26-31 Pina 217
Bokgoni Jwa go Bua: Dipotso Tse di Thusang go Senola Dikgopolo Tse di Phoso (be-TN ts. 239 ¶3-5)
Dipotso Tsa Poeletso
May 2 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 1-3 Pina 91
Bokgoni Jwa go Bua: Ditshwantshanyo le Ditshwantshiso Tse di Rutang (be-TN ts. 240 ¶1–ts. 241 ¶1)
No. 1: Go Bona Tiro ga se Lone Fela Lebaka la Gore Motho a Tsene Sekolo (w03-TN 3/15 ts. 11 ¶6–ts. 14 ¶5)
No. 2: 2 Samuele 2:1-11
No. 3: Ditiragalo Tse di Amanngwang le go Nna Gone ga ga Keresete di Diragala ka Lobaka Lwa Dingwaga di le Dintsi (rs-TN ts. 163 ¶3–ts. 164 ¶1)
No. 4: Melemo e le Mentsi e e Leng Teng ya Boikanyego
May 9 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 4-8 Pina 183
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dikai (be-TN ts. 241 ¶2-4)
No. 1: Jehofa o Amega Thata ka Basha (w03-TN 4/15 ts. 29 ¶4–ts. 31 ¶4)
No. 2: 2 Samuele 5:1-12
No. 3: Kgolagano ya Molao E ne Ya Fitlhelela Eng?
No. 4: Go Boa ga ga Keresete ga go Bonwe ka Matlho (rs-TN ts. 164 ¶3-5)
May 16 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 9-12 Pina 66
Bokgoni Jwa go Bua: Dikai Tse di Fitlhelwang mo Dikwalong (be-TN ts. 242 ¶1-2)
No. 1: A Jehofa o Ela Tlhoko Se o Se Dirang? (w03-TN 5/1 ts. 28-31)
No. 2: 2 Samuele 9:1-13
No. 3: Tsela e Jesu a Tla Boang ka Yone le Kafa Matlho Otlhe a Tla Mmonang ka Gone (rs-TN ts. 165 ¶3–ts. 166 ¶1)
No. 4: Lefoko la Modimo le Tshela ka Ditsela Dife? (Baheb. 4:12)
May 23 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 13-15 Pina 103
Bokgoni Jwa go Bua: A ba Tla Tlhaloganya? (be-TN ts. 242 ¶3–ts. 243 ¶1)
No. 1: Pego ya ga Noa ya Ditiragalo—A e Na le Bokao mo go Rona? (w03-TN 5/15 ts. 4-7)
No. 2: 2 Samuele 13:10-22
No. 3: Re Tshwanetse go Tlhaloganya Jang Johane 11:25, 26?
No. 4: Ditiragalo Tse di Amanngwang le go Nna Gone ga ga Keresete (rs-TN ts. 166 ¶4–ts. 167 ¶3)
May 30 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 16-18 Pina 132
Bokgoni Jwa go Bua: Ditshwantsho ka Dilo Tse Bareetsi ba di Itseng (be-TN ts. 244 ¶1-2)
No. 1: Akanya Sentle o Dire ka Botlhale (w03-TN 7/15 ts. 21-3)
No. 2: w03-TN 5/15 ts. 16-17 ¶8-11
No. 3: Bakeresete ga ba Tlhoke go Boloka Sabata (rs-TN ts. 339 ¶2–ts. 340 ¶1)
No. 4: Lebaka La go Bo go Nna Boingotlo e se Bokoa
June 6 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 19-21 Pina 224
Bokgoni Jwa go Bua: Ditshwantsho Tse di Tshwanelang Bareetsi ba Gago (be-TN ts. 244 ¶3–ts. 245 ¶4)
No. 1: Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo (w03-TN 10/1 ts. 20 ¶1–ts. 21 ¶5)
No. 2: 2 Samuele 19:1-10
No. 3: Mokeresete a ka Tsena Jang mo Boikhutsong Jwa Modimo?
No. 4: Ga go Na Pego ya Baebele e e Bontshang Gore Adame O ne A Boloka Letsatsi la Sabata (rs-TN ts. 340 ¶4–ts. 341 ¶2)
June 13 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 22-24 Pina 74
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Sentle Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang (be-TN ts. 247 ¶1-2)
No. 1: Amogela Thuto Mme o Dise Tsela e o Dirisang Loleme ka Yone (w03-TN 9/15 ts. 21 ¶1–ts. 22 ¶3)
No. 2: 2 Samuele 24:10-17
No. 3: Jesu Ga a Ka a Arola Molao wa ga Moshe ka Dikarolo Tsa “Modiro” le “Boitsholo” (rs-TN ts. 341 ¶3–ts. 342 ¶1)
No. 4: Ke ka Ditsela Dife Mokeresete a Tshwanetseng go se Nne Karolo ya Lefatshe?
June 20 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 1-2 Pina 2
Bokgoni Jwa go Bua: Tsela e Jesu a Neng a Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang ka Yone (be-TN ts. 247 ¶3)
No. 1: Go Ithuta Tsela ya go Ritibala (w03-TN 6/1 ts. 8-11)
No. 2: w03-TN 6/1 ts. 12-13 ¶1-4
No. 3: Ke Eng se se Neng se le Botlhokwa Thata ka Molao wa Bolesome?
No. 4: Melao e e Lesome E ne Ya Khutla le Molao wa ga Moshe (rs-TN ts. 342 ¶2-3)
June 27 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 3-6 Pina 167
Bokgoni Jwa go Bua: Ditsela Tsa go Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang (be-TN ts. 248 ¶1-3)
Dipotso Tsa Poeletso
July 4 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 7-8 Pina 194
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dimmapa, Dithulaganyo Tse di Gatisitsweng Tsa Lenaneo la Kopano le Dibidio (be-TN ts. 248 ¶4–ts. 249 ¶2)
No. 1: Anaanela Badumedikawena ba ba Godileng (w03-TN 9/1 ts. 30-1)
No. 2: 1 Dikgosi 8:1-13
No. 3: Jesu O ne A Fenya Jang Lefatshe?
No. 4: Lebaka La go Bo Melao ya Boitsholo e sa Tlosiwa fa go Nyelediwa Melao e e Lesome (rs-TN ts. 343 ¶1-2)
July 11 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 9-11 Pina 191
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang fa re Bua le Setlhopha se Segolo (be-TN ts. 249 ¶3–ts. 250 ¶1)
No. 1: Bosupi Jwa Gore Jesu Keresete o Kile a Tshela mo Lefatsheng (w03-TN 6/15 ts. 4-7)
No. 2: 1 Dikgosi 9:1-9
No. 3: Se Sabata e se Bolelang mo Bakereseteng (rs-TN ts. 343 ¶3–ts. 344 ¶2)
No. 4: Go Tshwakgolwa ke Diokobatsi go ka Fenngwa ka go Dirisa Melaometheo ya Baebele
July 18 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 12-14 Pina 162
Bokgoni Jwa go Bua: Lebaka La go Bo Mokgwa wa go Ntsha Mabaka o le Botlhokwa (be-TN ts. 251 ¶1-3)
No. 1: Go Simolola ka Dikakanyo, go Latele Ditiro, go Felele ka Ditlamorago (w03-TN 1/15 ts. 30 ¶1-3)
No. 2: 1 Dikgosi 12:1-11
No. 3: Kafa Tumelo E ka Re Thusang go Lebana le Diteko ka Gone
No. 4: Ba Baebele e Reng ke Baitshepi (rs-TN ts. 32 ¶5–ts. 33 ¶2)
July 25 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 15-17 Pina 158
Bokgoni Jwa go Bua: Fa o Ka Simololang Gone (be-TN ts. 251 ¶4–ts. 252 ¶3)
No. 1: Kafa re ka ‘Lemogang se e Leng Thato ya ga Jehofa’ ka Gone (w03-TN 12/1 ts. 21 ¶3–ts. 23 ¶3)
No. 2: w03-TN 7/15 ts. 19 ¶15-17
No. 3: Lebaka La go Bo re Sa Rapele “Baitshepi” (rs-TN ts. 33 ¶3–ts. 34 ¶1)
No. 4: Moya o o Boitshepo o Gomotsa Bakeresete Jang?
Aug. 1 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 18-20 Pina 207
Bokgoni Jwa go Bua: Nako ya go Ineela (be-TN ts. 252 ¶4–ts. 253 ¶2)
No. 1: Basha, Tsamayang Kafa go Tshwanelang Jehofa (w03-TN 10/15 ts. 23 ¶1–ts. 24 ¶1)
No. 2: 1 Dikgosi 18:1-15
No. 3: Bakeresete Botlhe ba ka Ungwa Maungo a a Oketsegileng
No. 4: Boammaaruri ka go Sisimoga Masalela le Ditshwantsho Tsa “Baitshepi” (rs-TN ts. 34 ¶2–ts. 35 ¶1)
Aug. 8 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 21-22 Pina 92
Bokgoni Jwa go Bua: Go Botsa Dipotso le go Ntsha Mabaka (be-TN ts. 253 ¶3–ts. 254 ¶2)
No. 1: Tharabololo e e Tla Nnelang Ruri ya Lehuma (w03-TN 8/1 ts. 4-7)
No. 2: 1 Dikgosi 21:15-26
No. 3: Baitshepi ba e Leng Bakeresete le Bone Ba na Le Boleo (rs-TN ts. 35 ¶3)
No. 4: Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Pelokgale, Mme Re ka Go Tlhagolela Jang?
Aug. 15 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 1-4 Pina 16
Bokgoni Jwa go Bua: Mabaka a a Utlwalang a a Theilweng Sentle mo Lefokong la Modimo (be-TN ts. 255 ¶1–ts. 256 ¶2)
No. 1: Lo Amogetse Mahala, Nayang Mahala (w03-TN 8/1 ts. 20-2)
No. 2: 2 Dikgosi 3:1-12
No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Pele ga Morwalela Ba ne Ba Tshela Lobaka lo Loleele Jaana?
No. 4: Kgopolo ya Gore go Tla Bolokwa Mongwe le Mongwe Ga se Ya Dikwalo (rs-TN ts. 330 ¶3)
Aug. 22 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 5-8 Pina 193
Bokgoni Jwa go Bua: Tshegetsa Mabaka ka Bosupi jo bo Tlhomamisitsweng (be-TN ts. 256 ¶3-5)
No. 1: Go Ithuta Bokgoni Jwa go Akanyetsa Maikutlo a ba Bangwe (w03-TN 8/1 ts. 29-31)
No. 2: w03-TN 8/1 ts. 19 ¶18-22
No. 3: A Batho Botlhe ba Tla Feleletsa ba Bolokilwe? (rs-TN ts. 330 ¶1)
No. 4: Ke Dinonofo Dife Tse di Molemo Tsa ga Jona Tse re Tshwanetseng go di Etsa?
Aug. 29 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 9-11 Pina 129
Bokgoni Jwa go Bua: Go Ntsha Bosupi jo bo Lekaneng (be-TN ts. 256 ¶6–ts. 257 ¶3)
Dipotso Tsa Poeletso
Sept. 5 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 12-15 Pina 175
Bokgoni Jwa go Bua: Go Leka go Fitlhelela Pelo (be-TN ts. 258 ¶1-5)
No. 1: A o Batla Jehofa ka Tlhoafalo? (w03-TN 8/15 ts. 25-8)
No. 2: 2 Dikgosi 12:1-12
No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Latelela Bonolo?
No. 4: “Batho ba Mefuta Yotlhe” ba Tla Bolokwa (rs-TN ts. 330 ¶2)
Sept. 12 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 16-18 Pina 203
Bokgoni Jwa go Bua: Go Fata Motho Maikutlo (be-TN ts. 259 ¶1-3)
No. 1: Ke Eng se Batho ba Neng ba se Gopola ka Jesu? (w03-TN 8/15 ts. 6 ¶6–ts. 8 ¶6)
No. 2: 2 Dikgosi 16:10-20
No. 3: Baebele ya re Bangwe ga ba Kitla ba Bolokwa (rs-TN ts. 331 ¶2-4)
No. 4: Re Tlhomamisa Jang se se Amogelesegang mo Moreneng?
Sept. 19 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 19-22 Pina 89
Bokgoni Jwa go Bua: Go Tsosa Maikutlo a a Molemo (be-TN ts. 259 ¶4–ts. 260 ¶1)
No. 1: “Nna o Tshegeditse Sekao sa Mafoko a a Itekanetseng” (w03-TN 1/1 ts. 29 ¶3–ts. 30 ¶4)
No. 2: 2 Dikgosi 19:20-28
No. 3: Fa Motho a Bolokilwe ga go Bolele Gore o Boloketswe Ruri (rs-TN ts. 332 ¶1-4)
No. 4: Re ka Ithuta Eng mo Bakaulengweng ba Rona ba Kwa Semerena wa Bogologolo?
Sept. 26 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 23-25 Pina 84
Bokgoni Jwa go Bua: Go Thusa ba Bangwe go Tlhagolela go Boifa Modimo (be-TN ts. 260 ¶2-3)
No. 1: Baebele le Dikwalo Tse e Leng Karolo ya Yone—Karolo 1 (si-TN ts. 299 ¶1-6)
No. 2: w03-TN 8/15 ts. 20 ¶6-10
No. 3: Re na Le Tsholofelo ka Isagwe
No. 4: Lebaka La go Bo Tumelo e Tshwanetse go Nna le Ditiro (rs-TN ts. 332 ¶5–ts. 333 ¶2)
Oct. 3 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 1-4 Pina 51
Bokgoni Jwa go Bua: Tsela e re Itshwarang ka Yone e Botlhokwa mo Modimong (be-TN ts. 260 ¶4–ts. 261 ¶1)
No. 1: Baebele le Dikwalo Tse e Leng Karolo ya Yone—Karolo 2 (si-TN ts. 300-2 ¶7-16)
No. 2: 1 Ditiragalo 4:24-43
No. 3: Kafa re Itseng ka Gone Gore Ruri Diabolo o Teng (rs-TN ts. 346 ¶2–ts. 347 ¶1)
No. 4: Jehofa o Rata Mongwe le Mongwe wa Rona
Oct. 10 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 5-7 Pina 195
Bokgoni Jwa go Bua: Go Thusa ba Bangwe go Itshekatsheka (be-TN ts. 261 ¶2-4)
No. 1: Baebele le Dikwalo Tse e Leng Karolo ya Yone—Karolo 3 (si-TN ts. 302-5 ¶17-26)
No. 2: 1 Ditiragalo 5:18-26
No. 3: Se re Se Itseng ka “Letsatsi la ga Jehofa”
No. 4: Satane ga se Boikepo Fela jo bo Leng mo Bathong (rs-TN ts. 347 ¶2-3)
Oct. 17 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 8-11 Pina 201
Bokgoni Jwa go Bua: Ba Rotloetse Gore ba Ikobe go Tswa Pelong (be-TN ts. 262 ¶1-4)
No. 1: Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 1 (si-TN ts. 305-6 ¶1-5)
No. 2: 1 Ditiragalo 10:1-14
No. 3: Modimo ga a Bopa Diabolo (rs-TN ts. 348 ¶1)
No. 4: Re Tshwanetse go Bua ka go Akanyetsa fa re Bua le Bomang?
Oct. 24 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 12-15 Pina 80
Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisana le Jehofa mo go Fitlheleleng Dipelo Tsa Batho (be-TN ts. 262 ¶4)
No. 1: Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 2 (si-TN ts. 306-7 ¶6-9)
No. 2: w03-TN 11/1 ts. 10-11 ¶10-13
No. 3: Se Tota se Bolelwang ke go Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa
No. 4: Lebaka La go Bo Modimo a sa Nyeletsa Satane Morago Fela ga Gore a Tsuologe (rs-TN ts. 363 ¶3–ts. 364 ¶1)
Oct. 31 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 16-20 Pina 129
Bokgoni Jwa go Bua: Go Boloka Nako Sentle (be-TN ts. 263 ¶1–ts. 264 ¶4)
Dipotso Tsa Poeletso
Nov. 7 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 21-25 Pina 215
Bokgoni Jwa go Bua: Go Rotloetsa ka Tsela e e Molemo (be-TN ts. 265 ¶1-3)
No. 1: Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 3 (si-TN ts. 307-10 ¶10-16)
No. 2: 1 Ditiragalo 22:1-10
No. 3: O se Ka wa Nyatsa Maatla a ga Diabolo (rs-TN ts. 349 ¶1–ts. 350 ¶1)
No. 4: cKafa Lenyalo le ka Nonotshiwang ka Gone
Nov. 14 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 26-29 Pina 35
Bokgoni Jwa go Bua: Go Rotloetsa ka Lorato (be-TN ts. 266 ¶1-4)
No. 1: Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 4 (si-TN ts. 310-12 ¶17-25)
No. 2: 1 Ditiragalo 29:1-9
No. 3: Lebaka La go Bo Batlhanka ba ga Jehofa ba Bogisiwa
No. 4: Re Gaufi le go Gololwa mo Tlhotlheletsong e e Boikepo ya ga Satane (rs-TN ts. 350 ¶2–ts. 351 ¶2)
Nov. 21 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 1-5 Pina 46
Bokgoni Jwa go Bua: Thotloetso e e Tswang mo Dikwalong (be-TN ts. 267 ¶1-2)
No. 1: Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 5 (si-TN ts. 312-14 ¶26-31)
No. 2: 2 Ditiragalo 2:1-10
No. 3: Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo
No. 4: dA Dikamano Tsotlhe Tsa Tlhakanelo Dikobo ke Boleo? (rs-TN ts. 114 ¶4–ts. 116 ¶1)
Nov. 28 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 6-9 Pina 106
Bokgoni Jwa go Bua: Go Nna le “Kgololesego ya go Bua” (be-TN ts. 267 ¶3-4)
No. 1: Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 1 (si-TN ts. 315-16 ¶1-7)
No. 2: w03-TN 12/1 ts. 15-16 ¶3-6
No. 3: Kafa re Bontshang ka Gone Gore re Itumelela Jehofa Thata
No. 4: eSe Baebele e se Bolelang ya Bosodoma (rs-TN ts. 116 ¶3-5)
Dec. 5 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 10-14 Pina 116
Bokgoni Jwa go Bua: Lebaka La go Bo go Kgothatsa go le Botlhokwa (be-TN ts. 268 ¶1-3)
No. 1: Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 2 (si-TN ts. 316-17 ¶8-16)
No. 2: 2 Ditiragalo 12:1-12
No. 3: Lebaka La go Bo re Tlhoka Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo
No. 4: Diphetogo Tse Motho a Tshwanetseng go di Dira Gore a Kgatlhe Modimo (rs-TN ts. 117 ¶1-2)
Dec. 12 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 15-19 Pina 182
Bokgoni Jwa go Bua: Go ba Gakolola se Modimo a se Dirileng (be-TN ts. 268 ¶4–ts. 269 ¶2)
No. 1: Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 3 (si-TN ts. 317-19 ¶17-25)
No. 2: 2 Ditiragalo 19:1-11
No. 3: Lebaka La go Bo Motho yo o Itekanetseng a ka Leofa (rs-TN ts. 110 ¶3–ts. 111 ¶3)
No. 4: Se re Ka Ithutang Sone mo Lelapeng la bo Jesu
Dec. 19 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 20-24 Pina 186
Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontsha Kafa Jehofa a Thusitseng Batho ba Gagwe ka Gone (be-TN ts. 269 ¶3-5)
No. 1: Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Karolo 4 (si-TN ts. 319-20 ¶26-32)
No. 2: w03-TN 12/15 ts. 16-17 ¶13-15
No. 3: Melemo ya go Ithuta Tsela ya go Ritibala
No. 4: Lebaka La go Bo re Leba Boleo bo le Masisi (rs-TN ts. 112 ¶2–ts. 113 ¶2)
Dec. 26 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 25-28 Pina 137
Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontsha Gore o Itumelela se Modimo a se Dirang Gone Jaanong (be-TN ts. 270 ¶1–ts. 271 ¶2)
Dipotso Tsa Poeletso
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa nako e letla, bontsha gore batho ba ba mo tshimong ya lona ba ba gatelelang, ba ba ganetsang, jalo le jalo ba ka arabiwa jang ka tsela e e tla kgonang go ba thusa.
b Fa nako e letla, bontsha gore batho ba ba mo tshimong ya lona ba ba gatelelang, ba ba ganetsang, jalo le jalo ba ka arabiwa jang ka tsela e e tla kgonang go ba thusa.
c E abelwe bakaulengwe fela.
d E abelwe bakaulengwe fela.
e E abelwe bakaulengwe fela.