Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka August 9
Pina 57
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego le dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa e le gore dikakantsho tse di mo go tsebe 8 di ka dirisiwa mo tshimong ya phuthego ya lona, di dirise go bontsha kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya August 15 le Tsogang! ya September 8. Go ka dirisiwa dipuisano tse dingwe go tsamaisa dimakasine tseno. Umaka thulaganyo ya go ntsha moneelo. Gakolola bareetsi gore ba tle ka dikhopi tsa bone tsa boroutšhara jwa Re Direng mo bekeng e e tlang.
15 mets: “Boitshoko bo a Duelwa.”a Akaretsa dikakgelo tse dikhutshwane go tswa go Tora ya Tebelo ya December 15, 2000, tsebe 22-3, dirapa 15-18.
20 mets: Go Dirisa Dipampitshana go Simolola Dithuto tsa Baebele. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2001, tsebe 3-4. Gatelela ntlha ya gore re iketleeleditse go fetofetoga le maemo a seithuti sengwe le sengwe, jaaka go bontshitswe mo serapeng sa 5. Dira gore go nne le pontsho e le nngwe kgotsa di le pedi tse dikhutshwane tse di theilweng mo dirapeng tsa 8-10. Fa e le gore go na le puisano e nngwe e e nang le matswela mo tshimong ya lona, tlhalosa o bo o dire gore go nne le pontsho ka puisano eo. Kopa bareetsi gore ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba ne ba dirisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele?
Pina 74 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 16
Pina 189
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
15 mets: Ruta Bana ba Gago Boammaaruri. Puo e e theilweng mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng, ditsebe 55-9. Tlotla ka ditsela tse nnè tse batsadi ba ka thusang bana ba bone ka tsone gore ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa, ka go dira gore tshedimosetso eo e tshwanele boemo.
20 mets: “Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele”—Karolo 2.b Dira gore go nne le pontsho ya metsotso e metlhano. Mmoledi o botsa mogolwane gore a ka thusa jang moithuti wa Baebele go dira kgatelopele. Mogolwane o umaka gore bothata jo ba bantsi ba nang le jone ke go dirisa nako e ntsi ka nako ya thuto ba tlotla ka dintlha tse e seng tsa botlhokwa go le kalo. A dirisa thuto 9 mo boroutšhareng jwa Re Direng, o bontsha mmoledi kafa (1) a ka tlhomang mogopolo ka teng mo dintlheng tsa botlhokwa mo go se se ithutiwang, (2) a ka dirisang ditemana tse di umakilweng ka tsela e e nang le matswela, le kafa (3) a ka dirang ka teng gore thuto e tshwanele maemo a moithuti. O tlhalosa gore go botlhokwa go baakanyetsa sentle nako le nako fa ba tlile go tshwara thuto.
Pina 85 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 23
Pina 33
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto. A re ka ipeela mokgele wa go fitlhelela tlhora e nngwe e ntšha ya baboledi ka August? Gakolola baboledi gore ba neele Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ya August ka bonako. Balebedi ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore a mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone o tlisitse pego, gore dipego di tle di kopanngwe tsotlhe ka September 6. Gape ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego dipe fela tse di neng di sa tlisiwa tsa ngwaga ono wa tirelo di neelwe mokwaledi. Bolela kgatelopele e e dirilweng kwa tshimong e e sa abiwang. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa September. Botsolotsa a le mongwe kgotsa ba le babedi ka matswela a ba setseng ba nnile le one go tla go fitlha jaanong. Bontsha kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya September 1 le Tsogang! ya September 8. Mo go nngwe ya dipuisano tseo, dira pontsho ya kafa go ka rerelwang morutabana ka teng.
10 mets: “Thulaganyo e Ntšha ya go Boeletsa Dintlha Tsa Kopano.” Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo setlhogong se se mo go tsebe 4. Umaka matlha a kopano e e tlang ya potologo le kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe fa e le gore a setse a itsiwe. Ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang go sa ntse go na le nako.
20 mets: Go Tsamaisa Buka ya Kitso ka September. Puo le pontsho. Umaka dikakgelo dingwe tse di dirilweng ka buka eno. (w97-TN 1/15 ts. 26) Dira tshobokanyo ya se buka eno e buang ka sone, mme o gatelele dintlha tse di rileng tse di ka nnang tsa kgatlha batho ba mo tshimong ya lona. (km-TN 1/02 ts. 5; km-TN 3/98 ts. 8; km-TN 10/97 ts. 1) Umaka puisano e e motlhofo e e ka dirwang, e e nang le matseno a a tswang mo bukeng ya Go Fetolana kgotsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, lokwalo, le ntlha kgotsa kgaolo nngwe go tswa mo bukeng ya Kitso. Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho eno.
Pina 220 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 30
Pina 90
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi gore ba neele Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa August.
15 mets: “Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi—Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong.” Puo le motlotlo le bareetsi. Tlotla ka dintlha tse di tswang mo go 2004 Yearbook, tsebe 239-40. Umaka gore kwa kopanong ya potologo go na le pokano e e tshwarwang le ba ba kgatlhegelang go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Kgothaletsa ba ba tshwanelegang gore ba nne teng kwa pokanong eno.
20 mets: A o Solegetswe Molemo? Puisano le bareetsi. Boeletsa dikakantsho tse di latelang tse di tlhagileng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi mo ngwageng o o fetileng wa tirelo: Kwala matseno a gago mo pampitshaneng. (km-TN 10/03 ts. 12) Akgola motho ka tlhamalalo le go tswa pelong. (km-TN 11/03 ts. 1) Neela bosupi ka nako e batho ba a bong ba le mo gae ka yone. (km-TN 12/03 ts. 1) Baya dinako tse di tlhomameng tsa go bala Baebele, go baakanyetsa dipokano, le go ya tshimong. (km-TN 1/04 ts. 4) Dirisa boroutšhara jwa “Lefatshe le le Molemo” fa o ithuta o le esi le fa o bala Baebele. (km-TN 3/04 ts. 2) Ipeele mokgele wa go bala Baebele yotlhe. (km-TN 4/04 ts. 1) Neela bosupi mo tshimong ya kgwebo. (km-TN 7/04 ts. 4) Dirisa dipampitshana go simolola dithuto tsa Baebele. (km-TN 8/04 ts. 2) Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba solegetsweng molemo ka teng fa ba ne ba dirisa dikakantsho tseno.
Pina 145 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 6
Pina 197
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
25 mets: “Bontsha Gore O na Le Moya wa Bobulatsela.”c Botsolotsa mmulatsela a le mongwe kgotsa ba le babedi ka bokhutshwane. Dira gore ba akgele kafa sekao sa batsadi, bagolwane le ba bangwe se ba kgothaditseng ka teng gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng.
Pina 142 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.