Baengele Ba a Re Thusa
1 “Bonang! Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Mafoko ao a kgothatsa tota mo go botlhe ba ba utlwang taelo eno ya ga Jesu: ‘Jalo tsamayang mme lo dire barutwa’! (Math. 28:18-20) Tsela e nngwe e e botlhokwa e Jesu a supang ka yone gore o na le Bakeresete ba boammaaruri ke ka baengele ba gagwe. (Math. 13:36-43) Ruri go a itumedisa go bolela “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” mmogo le dibopiwa tseno tse di ikanyegang tsa semoya!—Tshen. 14:6, 7.
2 Mo Bodireding Jwa Rona: Baebele e bolela gore baengele ba rometswe “go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko.” (Baheb. 1:14) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baengele ba ne ba na le seabe mo go kaeleng balatedi ba ga Jesu kwa bathong ba ba tshwanelegang. (Dit. 8:26) Gompieno batlhanka ba Modimo ba sa ntse ba bona bosupi jwa gore ba kaelwa ke baengele. Mo makgetlong a le mantsi beng ba matlo ba ne ba bolela gore ba ne ba ntse ba rapelela thuso fa Mosupi a ne a ba etela. Eleruri rona mmogo le baengele re itumela tota fa batho bao ba tsaya tsia molaetsa wa Bogosi!—Luke 15:10.
3 Fa re Lebane le Pogiso: Daniele, basha ba bararo ba Bahebera ba e neng e le ditsala tsa gagwe, moaposetoloi Petere le ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba lebana le diteko tse dikgolo, ba ne ba sirelediwa ke Jehofa a dirisa baengele ba gagwe, “ba ba maatla.” (Pes. 103:20; Dan. 3:28; 6:21, 22; Dit. 12:11) Le fa ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re kgobegile marapo fa re lebane le pogiso, re ka kgothadiwa ke se se neng sa diragalela motlhokomedi wa ga Elisha fa a ne a lemoga gore “ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” (2 Dikg. 6:15-17) Tota le fa re ka patelediwa go kgaogana le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete, ga re a tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang.”—Pes. 34:7.
4 Go ise go ye kae, mephato ya baengele e tla palama dipitse tsa yone go fedisa botlhe ba ba ganetsang bogosi jwa ga Keresete. (Tshen. 19:11, 14, 15) Fa re ntse re letile letsatsi leo, a re tsweleleng re baka Jehofa ka bopelokgale, re tlhomamisegile ka tshegetso e e maatla ya mephato ya legodimo e e kaelwang ke Keresete.—1 Pet. 3:22.