LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/03 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka October 13
  • Beke e e Simololang ka October 20
  • Beke e e Simololang ka October 27
  • Beke e e Simololang ka November 3
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 10/03 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka October 13

Pina 215

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 12, dira gore go nne le dipontsho tse pedi tsa maemo a lo tleng lo kopane le one mo tshimong ya lona, tsa kafa go ka buelelwang ka teng Tora ya Tebelo ya October 15 le Tsogang! ya November 8. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Mo pontshong e nngwe, bontsha mmoledi a dira loeto lwa go boela mo mothong yo a mo tsamaisetsang dimakasine ka metlha. Thaya motheo wa loeto lo lo latelang ka go mmontsha lebokose la “Mo Makasineng o o Tlang.”—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1998, ts. 12, ser 7-8.

20 mets: “Direlang Jehofa ka go Ipela.”a (Botlhe ba tshwanetse gore ba bo ba tshwere tsenyeletso ya January 2002 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi fa go bewa puo eno.) Fa o sena go tlotla ka serapa 4, umaka gore ka November re tla bo re tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso. Tlhalosa ka bokhutshwane nngwe ya dipuisano tse di akantshitsweng mo tsenyeletsong ya January 2002 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Go tswa foo o nne le pontsho ya baboledi ba ikatisa ba dirisa puisano eo. Kgothaletsa botlhe gore ba baakanyetse sentle fa ba ya bodireding.

15 mets: “Go Phuthega Mmogo Gore re Bake Jehofa.”b Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Kgothaletsa botlhe gore ba nne teng mo thulaganyong yotlhe, go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha ka Sontaga thapama. Gatelela botlhokwa jwa go dirisa se re se ithutang go na le go utlwa fela. Ka February go tla bo go na le poeletso ya dintlhakgolo tsa kopano. Kgothaletsa botlhe gore ba kwale dintlha.

Pina 172 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka October 20

Pina 86

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Naya pego e khutshwane ka letsholo la tshimo e e sa abiwang. Bolela dithulaganyo tsa bofelo tsa mafelobeke a November 1 le 2, 2003, mme o kgothatse botlhe gore ba nne le seabe.

15 mets: “Kafa Dibidio Tse di Nayang Bosupi di Amang Batho ka Teng.” Motlotlo le bareetsi. Fa o sena go tlotla ka bokhutshwane ka dikai tse di neetsweng mo setlhogong seno, kopa baboledi gore ba bolele kafa ba ileng ba atlega ka teng fa ba bontsha ba bangwe dibidio. Diphuthego tse go se nang metšhine ya bidio e di ka e dirisang di ka tlotla ka dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “Go Apara ka Tsela e e Rulagantsweng Sentle go Bontsha Gore re Boifa Modimo.”c E newe ke mogolwane. Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Dira gore mokaulengwe yo o kgonang go bala sentle a bale serapa sengwe le sengwe.

Pina 112 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka October 27

Pina 64

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ya October. Kgothaletsa botlhe gore ba boeletse dintlha tse ba di kwadileng kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga o o fetileng wa tirelo gore ba ipaakanyetse Pokano ya Tirelo ya beke e e tlang. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 12, dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse di farologaneng tsa go buelela Tora ya Tebelo ya November 1 le Tsogang! ya November 8. Mo pontshong nngwe le nngwe dimakasine tseno di tsamaisiwe tsoopedi, le fa go bueletswe e le nngwe fela. Mo pontshong e nngwe, bontsha kafa go ka arabiwang ka teng fa motho a ganetsa puisano ka gore a re “Ga ke kgatlhege.”—Bona buka ya Go Fetolana, ts. 16.

20 mets: “Nnang lo Itekanetse Sentle mo Mogopolong fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela.”d Fa o tlotla ka serapa 3-4, kopa baboledi go tlhalosa gore ke mekgele efe ya semoya e ba e latelelang gone jaanong. Akaretsa dintlha tse di mo go tsebe 176 ya buka ya Obamela Modimo.

15 mets: “Nna Sekao sa Ditiro Tse di Molemo.”e Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Gatelela kafa go tlhokegang ka gone gore re tsamaisane le dithulaganyo tse re di diretsweng tsa marobalo. Tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a itshware sentle.

Pina 52 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 3

Pina 147

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

25 mets: Huma Ditiro Tse di Molemo. (1 Tim. 6:18) Mogolwane o dirisa dipotso tse di kwadilweng fano go tlotla le bareetsi ka thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e neng e tshwerwe mo ngwageng o o fetileng wa tirelo. Kopa phuthego go tlhalosa kafa ba ileng ba kgona ka teng go dirisa se ba se ithutileng. (Bangwe ba ka kopiwa go sa le gale go tlhalosa dikarolo dingwe.) Tlhalosa dikarolo tse di latelang tsa thulaganyo: (1) “Ditiro Tse di Molemo di Tlisa Melemo e Megolo.” (Mor. 2:11) Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba dira ditiro tse di molemo tse di tlhalositsweng mo Lefokong la Modimo go na le go dira ditiro tse di se nang mosola tsa lefatshe leno? (2) “Huma ka Tsela ya Bomodimo.” (Math. 6:20) Bangwe ba ile ba ‘ipolokela matlotlo kwa legodimong’ jang, mme ba bona melemo efe? (3) “Humisa Bodiredi Jwa Gago ka go Nna le Thuto ya Baebele.” (om-TN ts. 91) Ke eng se se ka re thusang go simolola thuto ya Baebele le go e tshwara? (4) “Ditiro Tse di Molemo mo Motlheng Ono wa Thobo.” (Math. 13:37-39) Bakeresete ba bogologolo ba ile ba tlhoma sekao sefe sa ditiro tse di molemo, mme tiro ya Bogosi e aname jang mo motlheng wa rona? (5) “A Ditiro Tsa Lona Tse di Molemo di Galaletse Jehofa.” (Math. 5:14-16) Bangwe ba ile ba dira jang gore ‘lesedi la bone le phatsime’? (6) “Go Akgolela Basha Ditiro Tse di Molemo Tsa go Baka Jehofa.” (Pes. 148:12, 13) Basha ba Bakeresete ba ba mo potologong ya rona ba baka Jehofa jang? (7) “Tswelelang lo Dira Ditiro Tse di Molemo Mme lo Bone Masego a ga Jehofa.” (Dia. 10:22) Fa re ntse re dira ditiro tse di molemo, ke masego afe a re ka a bonang motho ka bongwe, jaaka lelapa, jaaka phuthego, le jaaka phuthego ya lefatshe lotlhe?

Pina 180 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela