Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Ka May 10, 2003, Phuthego ya Mankurwane kwa Kimberley e ne ya itumelela go neelwa ga Holo ya yone ya Bogosi. Phuthego ya Springbok e ne ya itumela fa Holo ya yone e ntšha ya Bogosi e ne e neelwa ka May 17. (Komiti ya Kago ya Kgaolo ya kwa Cape Town e ne ya thusa diphuthego tseno ka bopelonomi le fa di ne di le kgakala thata le yone.) Phuthego ya Reitz kwa Free State e ne ya neela Holo ya yone ya Bogosi ka May 31.
Re rata go leboga bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe go tswa pelong ba ba ileng ba ithaopela go dirisetsa nako ya bone le madi a bone go tshegetsa tiro ya go agiwa ga Diholo tseno tsa Bogosi. Go intsha setlhabelo ga lona go anaanelwa thata, segolobogolo ke Jehofa Modimo. Re kgothatsa botlhe ba ba tshwaregileng ka go aga Holo ya bone ya Bogosi gore ba nne ba dire ka natla go fitlha ba e wetsa.