Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka August 25, 2003. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya July 7 go ya go August 25, 2003. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona buka ya Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke melemo efe e e ka nnang gone ka ntlha ya go leba motho mo matlhong fa o le mo bodireding? [be ts. 125 dir. 1-2; lebokoso le le mo ts. 125]
2. Fa e le gore o a tshoga fa o tshwanetse go ya tshimong, ke eng se se ka go thusang? [be ts. 128 dir. 4-5])
3. Ke eng se se ka go thusang go bua ka tsela ya tlholego e bile o tlotla fa o neela puo o le mo seraleng? [be ts. 129 ser. 2; lebokoso le le mo ts. 129]
4. Melaometheo e e mo go Lefitiko 16:4, 24, 26, 28; Johane 13:10 le Tshenolo 19:8 e tshwanetse go ama tsela e re lebegang ka yone jang, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? [be ts. 131 ser. 3; lebokoso le le mo ts. 131]
5. Tlhalosa motho yo o boingotlo le yo o ‘itekanetseng sentle mo mogopolong.’ (1 Tim. 2:9, 10) [be ts. 132 ser. 1]
PUO NO. 1
6. Le fa gone Bakeresete ba tshwanetse go itshokelana ka bopelotelele, ke eng se ba sa se amogeleng? (Bakol. 3:13) [w01-TN 7/15 ts. 22 dir. 7-8]
7. Boammaaruri kana Maaka: Nomore ya lebalatatelano ke palo e e tletseng. Tlhalosa. [si-TN ts. 282 dir. 24-5]
8. Ke boikaelelo bofe jo bo phepa go a gaisa otlhe jo re ka nnang le jone jwa go bala Lefoko la Modimo, mme ke ka ntlha yang fa go nna le boikaelelo joo go le botlhokwa? [be ts. 24 ser. 1]
9. Motho yo o botlhale o ‘boloka kitso’ jang? (Dia. 10:14) [w01-TN 7/15 ts. 27 dir. 4-5]
10. Ke eng fa mekgwa e mentle ya ga Jobe e tlhomologile? (Jobe 1:1, 8; 2:3) [w01-TN 8/1 ts. 20 ser. 4]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Maloko a setlhopha se se laolang a ne a kgona jang go fitlhelela ‘tumalano ka bongwefela jwa pelo’ ya gore go ne go sa tlhokege gore badumedi ba Baditšhaba ba rupisiwe gore ba tle ba bolokwe? (Dit. 15:25)
12. Go ile ga tla jang gore setlhopha se se laolang se kope Paulo gore a dire dilo dingwe tse di mo Molaong wa ga Moshe le fa gone Molao oo o ne o phimotswe ke Jehofa? (Dit. 21:20-26) [it-1 ts. 481 ser. 3; it-2 ts. 1163 ser. 6–ts. 1164 ser. 1]
13. Ke ditatofatso dife tsa maaka tse moaposetoloi Paulo a neng a latofadiwa ka tsone tse di re gopotsang se se buiwang kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa mo motlheng wa gompieno? (Dit. 24:5, 6) [w01-TN 12/15 ts. 22 ser. 7–ts. 23 ser. 2]
14. Paulo o ne a tlhoma sekao jang ka go rera ka Bogosi le fa a ne a tswaletswe mo ntlong ya gagwe ka dingwaga di le pedi? (Dit. 28:30, 31)
15. “Balaodi ba bagolo” ba na le seabe sefe mo ‘thulaganyong ya Modimo,’ mme seno se tshwanetse sa ama Bakeresete jang? (Bar. 13:1, 2) [w00-TN 8/1 ts. 4 ser. 5]