LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/03 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka August 11
  • Beke e e Simololang ka August 18
  • Beke e e Simololang ka August 25
  • Beke e e Simololang ka September 1
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 8/03 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka August 11

Pina 101

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. O dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng 8, kopa baboledi bangwe gore ba dire dipontsho tse pedi tsa kafa Tora ya Tebelo ya August 15 le Tsogang! ya September 8 di ka tsamaisiwang ka gone. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine tseno di tsamaisiwe mmogo le mororo go bueletswe o le mongwe fela. Mo go nngwe ya dipontsho tseno, bontsha kafa go ka arabelwang ka gone mafoko a a ka nnang a kgoreletsa puisano, a a reng “Ke tshwaregile.”—Bona buka ya Go Fetolana, tsebe 19.

15 mets: “Etsa Bomolemo Jwa ga Jehofa.”a Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a makhutshwane a a bontshang kafa ditiro tsa bopelonomi di dirileng gore go neelwe bosupi ka gone. Akgola botlhe mo phuthegong ka ntlha ya maiteko a ba a dirang go thusa badumedikabone.

20 mets: “Masego a Tiro ya Bobulatsela.”b Dirisa dipotso tse di gatisitsweng fa tlase. Kopa mmulatsela a le mongwe kgotsa ba babedi gore ba tlhalose masego a ba a boneng ka ntlha ya go nna babulatsela. Umaka gore mongwe le mongwe yo o ka ratang go nna mmulatsela a ka kopa foromo mo mokwaleding.

Pina 11 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka August 18

Pina 82

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlotla ka setlhogo sa “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe.” Itsise botlhe ka letlha la kopano e e latelang e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, mme o kgothaletse botlhe gore ba nne teng kwa go yone. Fa e le gore kopano eno e tlile go tshwarwa mo dikgweding di le mmalwa tse di latelang, umaka gore botlhe ba ba batlang go kolobediwa ba bolelele molebedi yo o okamelang.

15 mets: “Tiro e e Lapolosang.”c Rulaganya go sa le gale gore baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba tlhalose kafa bodiredi jwa Bokeresete bo ba lapolosang ka gone.

18 mets: “A re Bolokeng Lefelo la Rona la Kobamelo Le le Mo Boemong jo Bontle.”d (Dirapa 1-5) Dirisa dipotso tse di gatisitsweng fa tlase. Fa o tlotla ka serapa 3 le 4, umaka dithulaganyo tse di dirilweng tsa phuthego ya lona tsa go phepafatsa Holo ya Bogosi. Umaka gore ke ditiro dife tse di tshwanetseng go dirwa. Akgola botlhe mo phuthegong ka ntlha ya maiteko a bone a go boloka lefelo la kobamelo ya boammaaruri le le mo boemong jo bo tshwanetseng.

Pina 114 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka August 25

Pina 175

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. A re ka leka go fitlhelela tlhora e nngwe e ntšha ya baboledi ka August? Gakolola baboledi gore ba neye balebedi ba bone ba Thuto ya Buka ya Phuthego dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa August. Balebedi ba thuto ya buka ba tshwanetse go ela tlhoko gore ka September 6, mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone a bo a tlisitse pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo. Gape ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego dipe fela tse di saletseng kwa morago tsa ngwaga wa tirelo di neelwe mokwaledi. O dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng 8, dira gore go nne le dipontsho tse pedi tsa kafa Tora ya Tebelo ya September 1 le Tsogang! ya September 8 di ka tsamaisiwang ka gone. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine tseno di tsamaisiwe mmogo le mororo go bueletswe o le mongwe fela. Dira gore pontsho nngwe le nngwe e nne ya motsadi a na le mosimane kgotsa mosetsana wa dingwaga tsa bolesome ba ipaakanyetsa tiro ya dimakasine. Ka bokhutshwane, ba sekaseka kakantsho nngwe le nngwe ya kafa di tsamaisiwang ka gone ba bo ba dira pontsho ka yone.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: Nna Pelokgale fa o Rera. (1 Bathes. 2:2) Puo le motlotlo le bareetsi. Umaka lebaka la go bo bangwe ba boifa go buisana le ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi. Tota le ba ba feditseng dingwaga di le dintsi ba dira tiro eno le bone ba a tle ba boife. Tlotla ka mangwe a maitemogelo a a fitlhelwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1999, tsebe 25; Tora ya Tebelo ya December 15, 1999, tsebe 25; le Tora ya Tebelo ya April 1, 1996, tsebe 31. Kopa bareetsi go tlhalosa gore bone ba ile ba dira jang gore ba nne le bopelokgale jwa go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo ka dinako tsa fa ba ne ba ikutlwa ba boifa go dira jalo. Konela ka go kgothatsa botlhe gore ba kope Jehofa gore a ba nonotshe, e leng dintlha tse di theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 15, 1999, ditsebe 23-4.

Pina 125 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka September 1

Pina 84

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gape gore ba tlise dipego dipe tsa tirelo ya tshimo tse di saletseng kwa morago tsa August, kgotsa dipego dipe fela tsa dikgwedi tse di fetileng. Umaka kgatiso e e tla bong e tsamaisiwa ka September. Dira pego ya kgatelopele e e dirilweng kwa tshimong e e sa abiwang. Bolelela phuthego gore go dirilwe dithulaganyo dife tsa yone tsa kgwedi ya September. Rulaganyetsa go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba babedi ba anele maitemogelo a a agang a ba a ipeletseng go tla go fitlha jaanong.

15 mets: A o Diragatsa Tsholofetso ya Gago ya go Dira Loeto Lwa go Boela? Puo le motlotlo le bareetsi, e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 15, 1999, ditsebe 10-11, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Ditsela Tse Dingwe Tse re ka Bolokang Ditsholofetso Tsa Rona ka Tsone.” Fa re kopana le batho ba ba kgatlhegang mo bodireding jwa rona, gantsi re dira dithulaganyo tsa go tsweletsa motlotlo le bone mo nakong e e tlang. A mme re boela kwa go bone ka boikanyegi jaaka re solofeditse? Boeletsa melaometheo ya Baebele e e tshwanetseng go re tlhotlheletsa go boloka tsholofetso ya rona. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a a bontshang gore ba ile ba segofadiwa jang ka ntlha ya go boela ka bonako.

20 mets: “A re Bolokeng Lefelo la Rona la Kobamelo Le le Mo Boemong jo Bontle.”e (Dirapa 6-12) Dirisa dipotso tse di gatisitsweng fa tlase. Gatelela botlhokwa jwa go tlhokomela Holo ya Bogosi ka tshwanelo, o umake dintlha tse di leng mo lebokosong le le mo tsebeng ya 5. Akaretsa pego e khutshwane ka boemo jwa Holo ya lona ya Bogosi, o bo o umake dithulaganyo dipe fela tse di dirilweng tsa go e baakanya le go e tokafatsa.

Pina 41 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela