Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Tsamaisa buka ya Kitso kgotsa boroutšhara jwa Re Direng. Fa beng ba matlo ba setse ba na le dikgatiso tseno, dirisa boroutšhara jo bongwe jo bo tshwanelang jo phuthego e nang le jone mo setokong. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Go ka tsamaisiwa diboroutšhara tse di latelang fa go tshwanela: Buka ya Batho Botlhe, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go dira dithulaganyo tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang, ka ntlha ya go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dipalangwa le marobalo. Leka go dira gore mafelobeke ao e nne a go dirwang dilo tsa puso ya Modimo ka botlalo mo go one, ka go dirisa nako e ntsi ka mo o ka kgonang ka gone mo bodireding. Diphuthego tse di sa kgoneng go tshegetsa thulaganyo eno di ka bereka tshimo ya tsone e e berekwang sewelo.
◼ TSWEETSWEE ELA TLHOKO: Letlha la kopano eno ya kgaolo le fetogile:
December 26-28:
Walvis Bay (Seburu/Seesemane)
Tsweetswee ela tlhoko gore fa thulaganyo ya Kopano ya Kgaolo ya “Galaletsang Modimo” e simolola ka Labotlhano ka 9:00 a.m., thulaganyo ya dikopano tsa ditšhabatšhaba e tla simolola ka Labone ka 1:20 p.m.