Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 30, 2003. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya May 5 go ya go June 30, 2003. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke ka ntlha yang fa go fetofetola modumo wa lentswe go le botlhokwa fa o neela puo mme seno se ka dirwa jang? [be-TN ts. 111 lebokoso; ts. 112 lebokoso]
2. Le mororo sebui se ka nna sa bo se dumela dilo tse se di buang e bile se rata Jehofa, ke ka ntlha yang fa go ka direga gore se se ka sa nna matlhagatlhaga fa se bua? [be-TN ts. 115 ser. 3-4; ts. 116 ser. 1]
3. Ke eng se se tla thusang sebui go tsenya maikutlo mo puong, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? [be-TN ts. 119 dir. 1-4]
4. Ke eng se se laolang tsela e o tshwanetseng go bontsha tlhagafalo, maikutlo a go itumela le maikutlo a mangwe ka yone fa o neela puo? [be-TN ts. 120 dir. 2-5]
5. Boammaaruri kana Maaka: Boitshikinyo jwa mmele le tebego ya sefatlhego di botlhokwa fa fela bareetsi ba go lebile. Tlhalosa. [be-TN ts. 121 ser. 3]
PUO NO. 1
6. Ke eng se se thusitseng Josia go tlhopha tsela e e siameng le mororo a goletse mo maemong a a sa itumediseng? (2 Ditir. 34:1, 2) [w01-TN 4/15 ts. 27 dir. 1-6; ts. 28 ser. 4]
7. Ke eng se se bolelwang ke Diane 9:7, 8a, mme seno se ka dirisiwa jang mo bodireding jwa tshimo? [w01-TN 5/15 ts. 29 dir. 4-5]
8. Jehofa o ne a rayang fa a ne a raya Baiseraele a re “o se ka wa lebala,” mme re ka dirang gore re se ka ra lebala? (Dute. 4:9; 8:11) [be-TN ts. 20 dir. 1-3]
9. Mafoko a ga Dafide a bopeloephepa a a mo go Dipesalema 32:1, 5 le Dipesalema 51:10, 15 a bontsha jang gore motho ga a tshwanela go ikutlwa a se na mosola morago ga go dira boleo jo bo masisi mme a bontshitse gore o ikotlhaya ka mmatota? [w01-TN 6/1 ts. 30 dir. 1-3]
10. Re ka ithuta eng malebana le go tlhokomela ba ba tlhokang go ya ka ditaelo tsa ga Paulo tse di kwadilweng mo go 1 Timotheo 5:3-16? [w01-TN 6/15 ts. 11 ser. 1]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Jesu o ne a bolelang fa a ne a dirisa polelwana go ‘tsalwa sesha’ jaaka go kwadilwe mo go Johane 3:3? [w95-TN 7/1 ts. 9-10 dir. 4-5]
12. Jesu o ne a dirisa thutego ya gagwe ka tsela efe mme ke thuto efe e e botlhokwa thata e re ka ithutang yone go tswa mo go seno? (Joh. 7:15-18) [w96-TN 2/1 ts. 9-10 ser. 4-7]
13. Ke ka ntlha yang fa Johane 7:53–8:11 e sa akarediwa mo mokwalong wa konokono wa Thanolo ya Lefatshe le Lesha?
14. Jesu o ne a “tla jalo ka mokgwa o o tshwanang” jang le wa fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong? (Dit. 1:11) [w90-TN 6/1 ts. 11 ser. 5]
15. Ke ka ntlha yang fa go ne go se na “le a le mongwe wa ba bangwe yo o neng a na le bopelokgale jwa go ikopanya le [barutwa],” jaaka go kwadilwe mo go Ditiro 5:13?]