Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka January 13
Pina 69
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4 go dira dipontsho tse pedi tse di farologaneng go bontsha kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya January 15 le Tsogang! ya January 8 ka teng. Mo go nngwe le nngwe ya dipontsho tseno, dira gore go tsamaisiwe dimakasine tseno ka bobedi, le fa gone go bueletswe e le nngwe fela.
15 mets: A o Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe? Puo le motlotlo le bareetsi. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2003 ka botlalo. Tlotla ka dikakgelo tse di mo ketapeleng, mo go tsebe 3-4. Ntsha dikakantsho tsa kafa malapa a ka tlotlang mmogo ka teng ka temana ya letsatsi. Go bontsha matswela a go sekaseka temana letsatsi le letsatsi, tlotla ka dikai tse pedi kana tse tharo tsa ditemana le dikakgelo tse di sa ntseng di tla sekasekiwa mo kgweding e e latelang. Akaretsa le pontsho e khutshwane e e bontshang monna le mosadi wa gagwe ba sekaseka mmogo temana ya gompieno le dikakgelo tsa yone.
20 mets: “Go Tshelela Boineelo Jwa Rona.”a Fa o sena go tlotla ka serapa 3, botsolotsa mosha yo o setseng a godile kana mosha wa dingwaga tsa bolesome yo o kolobeditsweng. Ke diteko dife tse a ileng a lebana le tsone fa e sa le a kolobediwa? Ke eng se se mo thusitseng go lebana le diteko tseno ka katlego? O solegetswe molemo jang ke go neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa?
Pina 22 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 20
Pina 44
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto.
22 mets: “Ruta ba Bangwe Puo e e Itshekileng.”b Fa o sena go tlotla ka serapa 6, kopa mmoledi yo o nang le bokgoni gore a bontshe kafa go ka simololwang thuto ya Baebele o eme fa kgorong ka gone mo loetong lwa go boela, a dirisa nngwe ya dipuisano tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002, tsebe 4. E akaretse go tlotla ka sengwe sa dirapa tse di mo boroutšhareng jwa Re Direng. Dira gore mmoledi a konele motlotlo ka go botsa potso ya serapa se se latelang a bo a rulaganya gore o tla e araba mo loetong lo lo latelang. Kgothaletsa botlhe gore ba ele tlhoko gore a go na le mongwe mo bathong ba ba boelang kwa go bone yo o ka tswang a batla go ithuta Baebele ka tsela eno.
15 mets: Go Thusiwa go Ikobela Molao wa Modimo ka Madi. Puo ka mogolwane yo o tshwanelegang, e e theilweng mo aotlelaeneng e e tswang kwa ofising ya lekala. Mokwaledi o tshwanetse go nna le palo e e lekaneng ya dilo tse di latelang mo go ene gore di tle di abiwe: Karata ya Advance Medical Directive/Release le Identity Card. Dikarata tseno di tla fiwa baboledi ba ba kolobeditsweng morago ga pokano ya mo maitseboeng ano, mme DI SE KA tsa tladiwa gompieno. Go di saena, go saenisa basupi le go kwalwa ga matlha mo dikarateng tseno go tla dirwa mo Thutong e e latelang ya Buka ya Phuthego, mme molebedi wa thuto ya buka o tla thusa mo go tlhokegang teng. Ba ba saenang e le basupi ba tshwanetse go bona mong wa karata a saena karata eno ka boene. Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba ikwalela dikarata tsa bone gore ba di dirise bone le bana ba bone ka go fetola mafoko a a dirisitsweng mo karateng eno gore a dumalane le maemo a bone le se ba se dumelang.
Pina 68 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 27
Pina 92
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go neela molebedi wa bone wa thuto ya buka dipego tsa tirelo ya tshimo. Dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4 go dira dipontsho tse pedi tse di farologaneng go bontsha kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya February 1 le Tsogang! ya February 8 ka teng. Mo pontshong nngwe le nngwe, dira gore mmoledi a konele ka go tsamaisetsa mong wa ntlo pampitshana ya A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele?—a e neele motho yo o sa amogeleng makasine le yo o o amogelang. Tlhalosa ka bokhutshwane kafa re ka boelang ka gone kwa bathong ba re ba tsamaiseditseng makasine fa re ba tlogelela pampitshana.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2001, tsebe 4, serapa 10.
15 mets: Go Gapiwa Kwantle ga Lefoko. Puo le motlotlo le bareetsi. Boitshwaro jo bontle jwa Bokeresete bo kgona go neela bosupi ka tsela e e maatla. Bo dirile gore balekane bangwe ba ba sa dumeleng ba nne baobamedi ba ga Jehofa. (1 Pet. 3:1, 2) Bolela maitemogelo a a mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 1999, tsebe 4; Tora ya Tebelo ya October 1, 1995, ditsebe 10-11; le 1995 Yearbook, tsebe 46. Rulaganya go sa le gale gore ba le babedi kgotsa ba le bararo ba tlhalose ka matswela a a molemo a ba a boneng ka ntlha ya go latela kgakololo ya Baebele mo ntlheng eno.
20 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
Pina 124 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 3
Pina 9
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Tlotla ka Lebokoso la Dipotso. Kgothaletsa baboledi go dirisa foromo ya Please Follow Up (S-43) fa ba kopana le batho ba bosusu kana batho ba ba buang Sepotokisi kana ba ba buang puo e nngwe e sele, jaaka fa go tlhalositswe mo lekwalong le le yang go diphuthego tsotlhe la June 1, 2000. Gantsi foromo eno e tshwanetse go dirisediwa boikaelelo jono tota le fa motho a sa bontshe gore o kgatlhegela molaetsa wa Bogosi.
12 mets: Etsang Tumelo ya Bone. Botsolotsa mogolwane yo o sa bolong go direla Jehofa ka boikanyegi le ka boikokobetso ka dingwaga di le dintsi. (Baheb. 13:7) Go tlile jang gore a ithute boammaaruri? O ile a tshwanelwa ke go fenya dikgoreletsi dife gore a emele boammaaruri? Ke dithulaganyo dife tsa semoya kana dikgothatso tse di ileng tsa mo thusa gore a gatele pele? Ke eng se a ileng a se dira go dira gore a feleletse e le molebedi mo phuthegong? (1 Tim. 3:1) Ke eng se se mo thusitseng gore a kgone go lekalekanya maikarabelo a a nang le one mo phuthegong le a kwa tirong le maikarabelo a lelapa? (1 Tim. 5:8) O ikutlwa jang ka tshiamelo e a nang le yone ya go thusa ba bangwe mo phuthegong?
18 mets: “Tiro e e Batlang Gore re Nne Boikokobetso.”c Fa o tlotla ka serapa 3, kopa bareetsi gore ba ntshe dikakantsho tsa kafa re ka arabelang ka gone fa mongwe mo tshimong a leka go re sotla kana a se na maitseo, a le manganga kana a galefile. Fa o tlotla ka serapa 4, akaretsa le dintlha tse di mo go Insight, Bolumo 1, tsebe 1160, serapa 3.
Pina 133 le thapelo e e konelang.
Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se fete motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se fete motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se fete motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.