LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/02 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka May 13
  • Beke e e Simololang ka May 20
  • Beke e e Simololang ka May 27
  • Beke e e Simololang ka June 3
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 5/02 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka May 13

Pina 37

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4 dira gore go nne le dipontsho tse pedi tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya May 15 le Tsogang! ya June 8. Mo pontshong nngwe le nngwe, bontsha tsela e e farologaneng ya go bontsha gore o ka araba jang motho yo o kgoreletsang puisano a re, “Ke tshwaregile.”—Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 19-20.

15 mets: “Tumelo ya Rona e re Tlhotlheletsa go Dira Ditiro Tse di Molemo.”a Fa o tlotla serapa 2, botsolotsa ka bokhutshwane Mosupi yo o tlhagafetseng. Kopa mmoledi yoo gore a tlhalose kafa go neela ba bangwe bosupi go bontshang tumelo ya gagwe le go e nonotsha ka gone.

15 mets: O ka Gatela Pele Semoyeng. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1998, tsebe 24. Bontsha kafa dintlha tseno di amang phuthego ya lona ka gone.

Pina 115 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 20

Pina 13

13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Boeletsa Lebokoso la Dipotso. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

17 mets: Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng. Puo ka mogolwane yo e leng tlhogo ya lelapa, e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 2001, tsebe 21. Kopa tlhogo e le nngwe kana di le pedi tsa malapa gore di tlhalose se di se dirang gore di age lelapa le le nonofileng semoyeng.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

Pina 169 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 27

Pina 208

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo tsa May. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4, kopa mmoledi yo o godileng gore a dire pontsho ya kafa go ka tsamaisiwang ka gone Tora ya Tebelo ya June 1 o bo o kopa mmoledi yo mosha gore a bontshe kafa go ka tsamaisiwang Tsogang! ya June 8 ka gone. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, akgela kafa lekwalo le ka tsenyelediwang bonolo ka gone mo pontshong.

15 mets: “A Phuthego ya Lona E na Le Tshimo e Kgolo?” Puo le motlotlo le bareetsi e e tshwarwang ke molebedi wa tirelo. (Diphuthego tse di nang le tshimo e e lekaneng di ka boeletsa setlhogo se se reng “Dirisa Nako ya Gago ka Tsela e e Nang le Matswela,” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1999.) Tlhalosa gore phuthego e na le tshimo e e kana kang le gore go berekilwe e kana kang mo ngwageng o o fetileng. Bontsha gore dikakantsho tse di bontshitsweng fano di ka dirisiwa jang mo tshimong ya lona. Tlhalosa gore go dirilwe dithulaganyo dife tsa go bereka tshimo e e berekiwang sewelo mo isagweng.

18 mets: “A o Dirisa Boroutšhara Jwa Re Direng go Simolola Dithuto?” (Botlhe ba tle ba tshwere tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002 fa go tla bo go tlotliwa ka setlhogo seno.) Simolola ka go kopa mmoledi yo o baakanyeditseng sentle go bontsha kafa a simololang thuto ka gone a dirisa sekai se se mo go serapa 3. Morago ga moo, umaka dintlhakgolo dingwe tsa boroutšhara jono, o bo o bontshe kafa bo baakanyeditsweng sentle ka gone gore go simololwe dithuto ka jone. Bontsha mosola wa go boeletsa dipuisano tse di akantshitsweng mo tsenyeletsong ya January 2002. Botsa bareetsi gore ke dikakantsho dife tse di ileng tsa ba solegela molemo. Konela ka go boeletsa pontsho e e fa godimo.

Pina 93 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 3

Pina 178

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. “O Tla Reng fa o Arabiwa ke Motšhine wa Founo o o Tsayang Melaetsa?” Rulaganya gore baboledi ba bolele masego a ba nnileng le one fa e ne e le babulatsela ba ba thusang kgotsa ba ka metlha ka March, April kgotsa May.

15 mets: Kafa Buka ya Go Fetolana e Dirisang Dithanolo Tse Dingwe Tsa Baebele ka Gone. Puo e khutshwane e e latelwang ke motlotlo le bareetsi. Bala serapa 2 mo go tsebe 8 ya buka ya Go Fetolana, o bo o tlhalose gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa Baebele mo bodireding le kafa re ka e dirisang ka gone. Bua ka lenaane la maina a a khutshwafaditsweng a Dibaebele mo go tsebe 6, o bo o tlhalose gore ke ka ntlha yang fa re nopola dithanolo tse dingwe. Tlotla ka ditlhagiso tse di ntshiwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 1997 tsebe 16, serapa 2 le tsebe 20 serapa 15. Kopa bareetsi gore ba bontshe kafa go bapisa dithanolo go ka thusang ka teng fa ba ruta boammaaruri ba dirisa ditlhogo tse di reng, “Tatelano ya Seaposetoloi,” “Ditshwantsho” le “Tharo-nngwe” mo bukeng ya Go Fetolana.

15 mets: A o Ka Kgona go Itshokela go Kgobega Marapo? Puo e e kgothatsang e bareetsi ba tsayang karolo mo go yone e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 2001, tsebe 20. Dira gore e tshwanele phuthego ya lona.

Pina 56 le thapelo e e konelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela