Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2002
Ditaelo
Ka 2002 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
DIBUKA TSA THUTO: Dikabelo di tla bo di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo [bi12-TN], Tora ya Tebelo [w-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola” [si-TN], le Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN].
Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tse dikhutshwane tsa go amogela ba ba leng gone. Ga go tlhokege gore molebedi wa sekolo a sobokanye dipuo tse di tlileng go neelwa mo thulaganyong. Fa a itsise puo nngwe le nngwe, o tla umaka setlhogo se go tla tlotliwang ka sone. Tswelela jaana:
PUO NO. 1: Metsotso e le 15. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mme e tla bo e tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, kana mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola.” Fa puo eno e tsewa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, e tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 15 go sa bodiwe dipotso; fa e tsewa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe,” e tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 10 go ya go 12, morago ga moo go bo go bodiwa dipotso tse di tsewang mo bukeng eno ka metsotso e le 3 go ya go e le 5. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne go neela puo yotlhe fela mme e nne go supa kafa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, e tshwanetse go tlhalosa se se tla thusang phuthego thata. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng.
Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba neela puo mo nakong e e beilweng. Ba ka nna ba neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega kana fa sebui se kopile gore se neelwe kgakololo.
DINTLHAKGOLO TSA MMALO WA BAEBELE: Metsotso e le 6. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o ka dirisang tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego sentle. Ga e tlhoke setlhogo. Puo eno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o a o abetsweng. O ka nna wa akaretsa tlhaloso ya gore ke eng se se mo dikgaolong tsotlhe tse di abetsweng ka metsotswana e le 30 go ya go e le 60. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go rona le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Morago ga moo, molebedi wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti go ya kwa diphaposing tsa bone tse di farologaneng.
PUO NO. 2: Metsotso e le 5. Ke mmalo wa Baebele o o abetsweng gore o neelwe ke mokaulengwe, e ka tswa e le mo sekolong se segolo le mo ditlhopheng tse dingwe tsa sone tse dinnye. Gantsi dikabelo tsa mmalo di dikhutshwane ka tsela e e lekaneng go letla moithuti gore a dire ditlhaloso tse dikhutshwane fa a simolola le fa a konela. A ka nna a akaretsa tshedimosetso e e supang ditiragalo tse di amanang le se se balwang, gore se amana jang le boporofeti kana le dithuto tsa motheo, le ka fa melaometheo ya se se balwang e ka dirisiwang ka gone. O tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse a di abetsweng a sa kgaotse gope. Gone mme, moithuti a ka nna a umaka ditemana tse mmalo o tswelelang mo go tsone fa e le gore ditemana tseo ga di latelane.
PUO NO. 3: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa kgaitsadi. Setlhogo sa puo eno se tla tsewa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. A ka nna a dirisa seting epe fela e e tshwanelang tshimo ya lona, mme batsayakarolo ba ka nna ba neela puo eno ba ntse fa fatshe kgotsa ba eme ka dinao. Molebedi wa sekolo o tla rata thata go bona tsela e moithuti a tlhalosang setlhogo se a se abetsweng ka yone le tsela e a thusang mong wa ntlo go akanya ka dikwalo ka yone. Moithuti yo o abetsweng puo eno o tshwanetse a bo a itse go bala. Molebedi wa sekolo o tla rulaganya gore go nne le mothusi a le mongwe mme le fa go ntse jalo go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Se se tshwanetseng go newa tlhokomelo thata ga se seting ka boyone mme ke tsela e Baebele e dirisiwang ka botswerere ka teng.
PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Setlhogo sa puo eno se tla tsewa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. Puo No. 4 e ka neelwa ke mokaulengwe kana kgaitsadi. Fa e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go nna puo e e neelwang a lebile bareetsi botlhe. Fa e abetswe kgaitsadi, e tshwanetse ye neelwa jaaka go supilwe mo karolong ya Puo No. 3.
THULAGANYO YA MMALO WA BAEBELE: Mongwe le mongwe mo phuthegong o kgothalediwa go latela thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke, o o lekanang le go bala tsebe e le nngwe ka letsatsi.
ELA TLHOKO: Go bona tshedimosetso le ditaelo tse dingwe malebana le kgakololo, nako, ditlhatlhobo tse di kwalwang le go baakanyetsa dikabelo, tsweetswee bona tsebe 5 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996.
THULAGANYO
Jan. 7 Mmalo wa Baebele: Moreri 1-6
Pina No. 59
No. 1: Ketapele ya Moreri (si-TN dits. 112-13 dir. 1-8)
No. 2: Moreri 4:1-16
No. 3: a‘A o Dumela mo Phodisong?’ (rs-TN ts. 322 ser. 6–ts. 323 ser. 1)
No. 4: A Rotlhe re Kile ra Nna Gone mo Sebakeng sa Moya Pele ga Botsalo Jwa Rona Jaaka Batho? (rs-TN ts. 227 ser. 2–ts. 228 ser. 1)
Jan. 14 Mmalo wa Baebele: Moreri 7-12
Pina No. 25
No. 1: Moreri—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 114 dir. 15-19)
No. 2: Moreri 8:1-17
No. 3: Fa Adame A ne A se Ka a Leofa, A e Ne e Ka bo E Rile Kgabagare a ya Legodimong? (rs-TN ts. 228 dir. 2-3)
No. 4: A Motho o Tshwanetse go ya Legodimong go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang? (rs-TN ts. 228 dir. 4-6)
Jan. 21 Mmalo wa Baebele: Sefela sa Difela 1-8
Pina No. 11
No. 1: Ketapele ya Sefela sa Difela le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 115-17 dir. 1-4, 16-18)
No. 2: Sefela sa Difela 5:1-16
No. 3: Petere wa Ntlha 3:19, 20 e Raya Eng? (rs-TN ts. 229 ser. 1)
No. 4: Petere wa Ntlha 4:6 e Raya Eng? (rs-TN ts. 229 ser. 2)
Jan. 28 Mmalo wa Baebele: Isaia 1-6
Pina No. 204
No. 1: Ketapele ya Isaia (si-TN dits. 118-19 dir. 1-8)
No. 2: Isaia 2:1-17
No. 3: A Botshelo Jwa Selegodimo ke Tsholofelo ya Bakeresete Botlhe? (rs-TN ts. 230 dir. 1-3)
No. 4: “Tesetamente E Ntšha” e Reng ka Botshelo Jo bo Sa Khutlheng mo Lefatsheng? (rs-TN ts. 231 dir. 1–6)
Feb. 4 Mmalo wa Baebele: Isaia 7-11
Pina No. 89
No. 1: Re Tlhoka Mokgatlho wa ga Jehofa (w00-TN 1/1 dits. 30-1)
No. 2: Isaia 8:1-22
No. 3: Baebele e Tsholetse ba le Kae Tsholofelo ya Botshelo Jwa Selegodimo? (rs-TN ts. 232 dir. 1-2)
No. 4: A ba Ba 144 000 ke Bajuda ba Tlholego Fela? (rs-TN ts. 232 ser. 3–ts. 233 ser. 1)
Feb. 11 Mmalo wa Baebele: Isaia 12-19
Pina No. 177
No. 1: O Iteba Jang? (w00-TN 1/15 dits. 20-2)
No. 2: Isaia 17:1-14
No. 3: “Boidiidi jo Bogolo” Bo na Le Tsholofelo Efe Go ya Ka Dikwalo? (rs-TN ts. 233 ser. 2-4)
No. 4: Bao ba Yang Legodimong Ba ya Go Dirang Koo? (rs-TN ts. 233 dir. 5–ts. 234 ser. 3)
Feb. 18 Mmalo wa Baebele: Isaia 20-26
Pina No. 225
No. 1: Tlhagolela Kamano e e Atamelang Thata le Jehofa (w00-TN 1/15 dits. 23-6)
No. 2: Isaia 22:1-19
No. 3: A Baebele e Bolela Gore Moya (Soul) o Tswelela o Ntse o Tshela fa Mmele o Swa? (rs-TN ts. 134 dir. 1-5)
No. 4: Ke Batho ba Mofuta Ofe ba ba Yang mo Diheleng Tse go Buiwang ka Tsone mo Baebeleng? (rs-TN ts. 135 dir. 1-3)
Feb. 25 Mmalo wa Baebele: Isaia 27-31
Pina No. 192
No. 1: Mmogisi o Bona Lesedi le Legolo (w00-TN 1/15 dits. 27-9)
No. 2: Isaia 29:1-14
No. 3: A go Na le Mongwe Yo o Ka Tswang mo Diheleng Tse go Buiwang ka Tsone mo Baebeleng? (rs-TN ts. 135 ser. 4–ts. 136 ser. 1)
No. 4: A Baikepi ba Tla Otlhaiwa ka Bosakhutleng? (rs-TN ts. 136 ser. 2-4)
Mar. 4 Mmalo wa Baebele: Isaia 32-37
Pina No. 98
No. 1: Go Atlega ka go Itshoka (w00-TN 2/1 dits. 4-6)
No. 2: Isaia 33:1-16
No. 3: Ke Eng se se Bolelwang ke ‘Tlhokofatso ya Bosakhutleng’ e e Kaiwang mo go Tshenolo? (rs-TN ts. 137 dir. 1-2)
No. 4: ‘Gehena ya Molelo’ e Jesu a Neng a Bua ka Yone ke Eng? (rs-TN ts. 138 dir. 1-3)
Mar. 11 Mmalo wa Baebele: Isaia 38-42
Pina No. 132
No. 1: Kgakololo e e Botlhale ya Mmè (w00-TN 2/1 dits. 30-1)
No. 2: Isaia 42:1-16
No. 3: Tuelo ya Boleo ke Eng? (rs-TN ts. 139 dir. 1-4)
No. 4: A Jesu O ne A Ruta Gore Baikepi ba Tla Tlhokofatswa Morago ga Loso? (rs-TN ts. 139 ser. 5)
Mar. 18 Mmalo wa Baebele: Isaia 43-47
Pina No. 160
No. 1: Se Boele mo Lefelong le le Kotsi (w00-TN 2/15 dits. 4-7)
No. 2: Isaia 44:6-20
No. 3: Setshwantsho sa Mohumi le Lasaro se Bolelang? (rs-TN ts. 140 dir. 1-3)
No. 4: A Keresemose ke Mokete o o Theilweng mo Baebeleng? (rs-TN ts. 255 dir. 1-4)
Mar. 25 Mmalo wa Baebele: Isaia 48-52
Pina No. 161
No. 1: Maatla a Thapelo (w00-TN 3/1 dits. 3-4)
No. 2: Isaia 49:1-13
No. 3: Banna ba ba Botlhale, Kana Bo-Magi ba ba Neng ba Isiwa Kwa go Jesu ba Eteletswe Pele ke Naledi E ne E le Bomang ? (rs-TN ts. 256 dir. 1-3)
No. 4: Ke Eng se re Tshwanetseng go se Ela Tlhoko fa re Sekaseka Dingwao Tsa Keresemose? (rs-TN ts. 256 ser. 4–ts. 257 ser. 1)
Apr. 1 Mmalo wa Baebele: Isaia 53-59
Pina No. 210
No. 1: Go Batla Jehofa ka Pelo e e Iketleeditseng (w00-TN 3/1 dits. 29-31)
No. 2: Isaia 54:1-17
No. 3: Re Tshwanetse go Kaelwa ke Melaometheo Efe Malebana le Meletlo? (rs-TN ts. 257 ser. 2–ts. 258 ser. 2)
No. 4: Ke Eng se re Tshwanetseng go se Itse ka Ista le ka Meletlo ya Ngwaga o Mosha? (rs-TN ts. 258 ser. 3–ts. 259 ser. 2)
Apr. 8 Mmalo wa Baebele: Isaia 60-66
Pina No. 111
No. 1: Isaia—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 123 dir. 34-9)
No. 2: Isaia 61:1-11
No. 3: Malatsi a Boikhutso a Kgakologelo ya “Meya ya Baswi” a Thaegile Kae? (rs-TN ts. 259 ser. 3–ts. 260 ser. 2)
No. 4: Ke Eng Se re Se Itseng ka Letsatsi la “Valentine,” Letsatsi la go Tlotla Bommè le Meletlo ya Bomorafe? (rs-TN ts. 260 ser. 4–ts. 261 ser. 4)
Apr. 15 Mmalo wa Baebele: Jeremia 1-4
Pina No. 70
No. 1: Ketapele ya Jeremia (si-TN ts. 124 dir. 1-5)
No. 2: Jeremia 2:4-19
No. 3: Baebele e Reng Kaga go Dirisiwa ga Ditshwantsho Jaaka Dilo Tsa Kobamelo? (rs-TN ts. 154 dir. 1-4)
No. 4: A Ditshwantsho di ka Dirisiwa Jaaka Dithuso Fela mo Kobamelong ya Modimo wa Boammaaruri? (rs-TN ts. 154 ser. 5–ts. 155 ser. 3)
Apr. 22 Mmalo wa Baebele: Jeremia 5-8
Pina No. 205
No. 1: Lebaka La go Bo Batho ba Tlhoka Mothusi (w00-TN 3/15 dits. 3-4)
No. 2: Jeremia 7:1-20
No. 3: A re Tshwanetse go Sisimoga “Baitshepi” Jaaka Babueledi ba Rona le Modimo? (rs-TN ts. 155 ser. 4-10)
No. 4: Modimo o Leba Jang Ditshwantsho Tseo e Leng Dilo Tsa Kobamelo? (rs-TN ts. 156 ser. 1–ts. 157 ser. 2)
Apr. 29 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Mmalo wa Baebele: Jeremia 9-13
Pina No. 46
May 6 Mmalo wa Baebele: Jeremia 14-18
Pina No. 224
No. 1: Kafa Jesu Keresete A ka Re Thusang ka Teng (w00-TN 3/15 dits. 5-9)
No. 2: Jeremia 17:1-18
No. 3: Re Tshwanetse go Ikutlwa Jang ka Ditshwantsho Tse Pele re Neng re di Sisimoga? (rs-TN ts. 157 dir. 3-5)
No. 4: Ke Phelelo Efe e Tiriso ya Ditshwantsho e ka Nnang le Yone mo Isagweng ya Rona? (rs-TN ts. 157 ser. 6–ts. 158 ser. 3)
May 13 Mmalo wa Baebele: Jeremia 19-23
Pina No. 73
No. 1: Bori—Nonofo e e Rotloetsang Kagiso (w00-TN 3/15 dits. 21-4)
No. 2: Jeremia 19:1-15
No. 3: Fa Batho ba Beela Kwa Thoko Ditekanyetso Tsa Baebele, A Ruri ba Bona Kgololesego? (rs-TN ts. 100 ser. 1-3)
No. 4: Baebele e Naya Kgakololo Efe Malebana le go Gagamalela Dilo Tse di Bonalang le go Itlhapedisa Bobe ka Tagi? (rs-TN ts. 101 dir. 1-2)
May 20 Mmalo wa Baebele: Jeremia 24-28
Pina No. 140
No. 1: Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo (w00-TN 3/15 dits. 25-8)
No. 2: Jeremia 25:1-14
No. 3: Anaanela Botsalano Jwa Gago le Jehofa, Mme O se Ka wa Itsalanya le Batho ba ba Bosula (rs-TN ts. 101 ser. 4)
No. 4: Ke Mang yo o Neng a Dira Gore Batho ba Itlhokomolose Ditaelo Tsa Modimo? (rs-TN ts. 102 ser. 1)
May 27 Mmalo wa Baebele: Jeremia 29-31
Pina No. 42
No. 1: Moya wa Modimo o Dira Jang Gompieno? (w00-TN 4/1 dits. 8-11)
No. 2: Jeremia 30:1-16
No. 3: Re Tshwanetse go Tila Maikutlo Afe? (rs-TN ts. 102 ser. 3–ts. 103 ser. 6)
No. 4: Fa Boitaolo bo Dira Gore Motho a Etse Lefatshe, Motho Yono o Nna mo Tlase ga Taolo ya ga Mang? (rs-TN ts. 103 dir. 7-8)
June 3 Mmalo wa Baebele: Jeremia 32-35
Pina No. 85
No. 1: Gomodiwa ke Nonofo ya ga Jehofa (w00-TN 4/15 dits. 4-7)
No. 2: Jeremia 34:1-16
No. 3: Leina la Modimo le Fitlhelwa Kae mo Dithanolong Tsa Baebele Tse di Dirisiwang Thata Gompieno? (rs-TN ts. 189 ser. 1–ts. 190 ser. 10)
No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Dithanolo Tsa Baebele di le Dintsi di sa Dirise Leina la Modimo la Sebele? (rs-TN ts. 191 ser. 1–ts. 192 ser. 2)
June 10 Mmalo wa Baebele: Jeremia 36-40
Pina No. 159
No. 1: A o Leba Batho ba ba Ratang Thubakanyo Jaaka Modimo a ba Leba? (w00-TN 4/15 dits. 26-9)
No. 2: Jeremia 37:1-17
No. 3: Ke Mofuta Ofe wa Leina la Modimo o o Siameng, Jehofa Kana Yahweh? (rs-TN ts. 192 ser. 3–ts. 195 ser. 3)
No. 4: A Jehofa mo “Tesetamenteng e Kgologolo” ke Jesu Keresete mo “Tesetamenteng e Ntšha”? (rs-TN ts. 195 ser. 4-7)
June 17 Mmalo wa Baebele: Jeremia 41-45
Pina No. 26
No. 1: “Dibela Pelo ya Gago” (w00-TN 5/15 dits. 20-4)
No. 2: Jeremia 41:1-15
No. 3: Motho a ka Rata Jehofa Jang fa Gape a Tshwanetse go Mmoifa? (rs-TN ts. 196 ser. 1-2)
No. 4: Ke Dilo Dife Tse di Dumelwang ke Basupi ba ga Jehofa Tse di ba Tlhaolang mo Ditumelong Tse Dingwe? (rs-TN ts. 52 ser. 2–ts. 54 ser. 1)
June 24 Mmalo wa Baebele: Jeremia 46-49
Pina No. 15
No. 1: Botshelo jo bo Itekanetseng ga se Toro Fela! (w00 6/15 dits. 5-7)
No. 2: Jeremia 49:1-13
No. 3: A Basupi ba ga Jehofa ke Bodumedi Jwa Amerika? (rs-TN ts. 54 dir. 2-5)
No. 4: A Basupi ba ga Jehofa ke Lekoko? (rs-TN ts. 55 ser. 3–ts. 56 ser. 3)
July 1 Mmalo wa Baebele: Jeremia 50-52
Pina No. 100
No. 1: Jeremia—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 129 dir. 36-9)
No. 2: Jeremia 50:1-16
No. 3: A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Gore Bodumedi Jwa Bone ke Jone Fela jo bo Siameng? (rs-TN ts. 56 ser. 4–ts. 57 ser. 1)
No. 4: Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Latela se Baebele e se Rutang (rs-TN ts. 57 ser. 2)
July 8 Mmalo wa Baebele: Dikhutsafalo 1-2
Pina No. 8
No. 1: Ketapele ya Dikhutsafalo (si-TN dits. 130-1 dir. 1-7)
No. 2: Dikhutsafalo 1:1-14
No. 3: Basupi ba ga Jehofa ba Fitlhelela Tlhaloso ya Bone ya Baebele Jang? (rs-TN ts. 58 ser. 1-4)
No. 4: Ke Ka Ntlha Yang fa go Ile ga Nna le Diphetogo mo Dithutong Tsa Basupi ba ga Jehofa? (rs-TN ts. 58 ser. 1)
July 15 Mmalo wa Baebele: Dikhutsafalo 3-5
Pina No. 145
No. 1: Dikhutsafalo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 132 dir. 13-15)
No. 2: Dikhutsafalo 3:1-30
No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo? (rs-TN ts. 59 dir. 1-4)
No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Bogisiwa (rs-TN ts. 60 dir. 1-2)
July 22 Mmalo wa Baebele: Esekiele 1-6
Pina No. 94
No. 1: Ketapele ya Esekiele (si-TN dits. 132-3 dir. 1-6)
No. 2: Esekiele 4:1-17
No. 3: b‘Ke Eng Fa lo Sa Tsenele Ditiro Tse di Dirang Gore Lefatshe e Nne Lefelo le le Botoka go Nniwa?’ (rs-TN ts. 60 ser. 3–ts. 61 ser. 3)
No. 4: c‘Bakeresete e Tshwanetse go Nna Basupi ba ga Jesu, Eseng ba ga Jehofa’ (rs-TN ts. 61 ser. 4)
July 29 Mmalo wa Baebele: Esekiele 7-12
Pina No. 221
No. 1: Solegelwa Molemo ke Dikao Tse di Molemo (w00-TN 7/1 dits. 19-21)
No. 2: Esekiele 10:1-19
No. 3: A Jesu Keresete E ne E le Motho wa Mmatota? (rs-TN ts. 197 dir. 1-4)
No. 4: A Jesu Keresete E ne E le Motho Fela yo o Molemo? (rs-TN ts. 197 ser. 5)
Aug. 5 Mmalo wa Baebele: Esekiele 13-16
Pina No. 106
No. 1: O ka Nna o le Phepa mo Lefatsheng le le Tletseng Boitsholo Jo bo Sa Siamang (w00-TN 7/15 dits. 28-31)
No. 2: Esekiele 13:1-16
No. 3: A Jesu E ne E le Moeteledipele yo Mongwe Fela wa Bodumedi? (rs-TN ts. 198 ser. 1)
No. 4: Ke Eng fa Bajuda ka Kakaretso Ba ne Ba sa Amogele Jesu? (rs-TN ts. 198 ser. 2–ts. 199 ser. 1)
Aug. 12 Mmalo wa Baebele: Esekiele 17-20
Pina No. 214
No. 1: Ke Eng fa o Tshwanetse go Tlotla Taolo? (w00-TN 8/1 dits. 4-7)
No. 2: Esekiele 17:1-18
No. 3: A Tota Jesu Keresete ke Modimo? (rs-TN ts. 199 dir. 1-2)
No. 4: A Johane 1:1 e Supa Gore Jesu ke Modimo? (rs-TN ts. 200 dir. 2-4)
Aug. 19 Mmalo wa Baebele: Esekiele 21-23
Pina No. 86
No. 1: O Rarabolola Dikgotlhang Jang? (w00-TN 8/15 dits. 23-5)
No. 2: Esekiele 22:1-16
No. 3: A Mafoko a ga Thomase mo go Johane 20:28 a Bontsha Gore Ruri Jesu ke Modimo? (rs-TN ts. 200 ser. 5–ts. 201 ser. 2)
No. 4: A Mathaio 1:23 e Supa Gore fa Jesu A ne A le Mo Lefatsheng E ne E le Modimo? (rs-TN ts. 201 ser. 3–ts. 202 ser. 1)
Aug. 26 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Mmalo wa Baebele: Esekiele 24-28
Pina No. 18
Sept. 2 Mmalo wa Baebele: Esekiele 29-32
Pina No. 40
No. 1: Ke Eng fa o Tshwanetse go Intsha Setlhabelo? (w00-TN 9/15 dits. 21-4)
No. 2: Esekiele 30:1-19
No. 3: Johane 5:18 e Kaya Eng? (rs-TN ts. 202 dir. 2-3)
No. 4: A Lebaka La go Bo Jesu a Obamelwa le Supa Gore ke Modimo? (rs-TN ts. 202 ser. 4–ts. 203 ser. 1)
Sept. 9 Mmalo wa Baebele: Esekiele 33-36
Pina No. 49
No. 1: Kafa o ka Atamelanang le Modimo ka Teng (w00-TN 10/15 dits. 4-7)
No. 2: Esekiele 33:1-16
No. 3: A Dikgakgamatso Tse di Neng Tsa Dirwa ke Jesu di Supa Gore ke Modimo? (rs-TN ts. 202 ser. 2-4)
No. 4: A go Dumela mo go Jesu ke Gone Gotlhe mo go Tlhokegang Gore Motho a Bolokwe? (rs-TN ts. 204 ser. 1)
Sept. 16 Mmalo wa Baebele: Esekiele 37-40
Pina No. 34
No. 1: O Lekanya Jang Katlego? (w00-TN 11/1 dits. 18-21)
No. 2: Esekiele 39:1-16
No. 3: A Jesu O ne A Nna Gone Kwa Legodimo Pele a Nna Motho? (rs-TN ts. 204 dir. 2-3)
No. 4: A Jesu o Kwa Legodimong ka Mmele wa Gagwe wa Nama? (rs-TN ts. 204 ser. 4–ts. 205 ser. 3)
Sept. 23 Mmalo wa Baebele: Esekiele 41-45
Pina No. 50
No. 1: Direla Modimo ka go Rata (w00-TN 11/15 dits. 21-3)
No. 2: Esekiele 42:1-20
No. 3: A Jesu Keresete e Ntse ke Ene Mikaele Moengele yo Mogolo? (rs-TN ts. 205 ser. 4–ts. 206 ser. 2)
No. 4: d‘Ga o Dumele mo go Jesu’ (rs-TN ts. 206 ser. 3–ts. 207 ser. 1)
Sept. 30 Mmalo wa Baebele: Esekiele 46-48
Pina No. 112
No. 1: Esekiele—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 137 dir. 29-33)
No. 2: Esekiele 46:1-15
No. 3: e‘A o Amogela Jesu Jaaka Mmoloki wa Gago?’ (rs-TN ts. 207 dir. 2-3)
No. 4: f‘Ke Amogetse Jesu Jaaka Mmoloki wa Me’ (rs-TN ts. 207 ser. 4)
Oct. 7 Mmalo wa Baebele: Daniele 1-4
Pina No. 10
No. 1: Ketapele ya Daniele (si-TN dits. 138-9 dir. 1-6)
No. 2: Daniele 1:1-17
No. 3: A Bajuda ba Tlholego ba Gompieno ke Batho ba ba Itlhophetsweng ke Modimo? (rs-TN ts. 37 ser. 1–ts. 38 ser. 3)
No. 4: A Bajuda Botlhe ba Tla Sokololwa Gore ba Nne le Tumelo mo go Jesu? (rs-TN ts. 38 ser. 4–ts. 39 ser. 1)
Oct. 14 Mmalo wa Baebele: Daniele 5-8
Pina No. 191
No. 1: A o Tshwanetse go Dumela ka Metlha se “Baitse” ba se Buang (w00-TN 12/1 dits. 29-31)
No. 2: Daniele 5:1-16
No. 3: A Bajuda ba Tshwanetse go Dumela mo go Jesu Gore ba Bolokwe? (rs-TN ts. 39 dir. 1-2)
No. 4: A Dilo Tse di Diregang Kwa Iseraele Gompieno di Diragatsa Boporofeti Jwa Baebele? (rs-TN ts. 40 ser. 1–ts. 41 ser. 1)
Oct. 21 Mmalo wa Baebele: Daniele 9-12
Pina No. 108
No. 1: Daniele—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 141-2 dir. 19-23)
No. 2: Daniele 10:1-21
No. 3: A Boporofeti jo bo Malebana le go Tsosolosiwa ga Iseraele bo a Diragadiwa Gompieno? (rs-TN ts. 41 ser. 2–ts. 42 ser. 1)
No. 4: A Bogosi Jwa Modimo ke Puso ya Mmatota? (rs-TN ts. 83 ser. 1–ts. 84 ser. 1)
Oct. 28 Mmalo wa Baebele: Hosea 1-14
Pina No. 23
No. 1: Ketapele ya Hosea le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 143-5 dir. 1-8, 14-17)
No. 2: Hosea 4:1-19
No. 3: Go Busa Bomang mo Bogosing? (rs-TN ts. 84 dir. 2-4)
No. 4: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dirang ka Dipuso Tsa Batho? (rs-TN ts. 84 dir. 5-6)
Nov. 4 Mmalo wa Baebele: Joele 1-3
Pina No. 166
No. 1: Ketapele ya Joele le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 146-8 dir. 1-5, 12-14)
No. 2: Joele 1:1-20
No. 3: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Itshepisa Leina la ga Jehofa (rs-TN ts. 85 dir. 1-3)
No. 4: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Kopanya Popo Yotlhe mo Kobamelong e e Itshekileng (rs-TN ts. 85 ser. 4–ts. 86 ser. 1)
Nov. 11 Mmalo wa Baebele: Amose 1-9
Pina No. 80
No. 1: Ketapele ya Amose le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 148-50 dir. 1-6, 13-17)
No. 2: Amose 1:1-15
No. 3: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fedisa Ntwa le Bonweenwee (rs-TN ts. 86 ser. 1-3)
No. 4: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tlamela Batho Botlhe ka Dijo le go Tlosa Bolwetse (rs-TN ts. 87 dir. 1-3)
Nov. 18 Mmalo wa Baebele: Obadia 1–Jona 4
Pina No. 96
No. 1: Ketapele ya Obadia le Jona le Lebaka La go Bo di Le Mosola (si-TN dits. 151-3 dir. 1-5, 10-14; dits. 153-5 dir. 1-4, 9-12)
No. 2: Obadia 1:1-16
No. 3: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Naya Batho Botlhe Matlo, Tiro le Polokesego (rs-TN ts. 87 ser. 4-7)
No. 4: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dira Gore Tshiamo le Tshiamiso di Rene (rs-TN ts. 88 dir. 1-3)
Nov. 25 Mmalo wa Baebele: Mika 1-7
Pina No. 138
No. 1: Ketapele ya Mika le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 155-8 dir. 1-8, 16-19)
No. 2: Mika 1:1-16
No. 3: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tsosa Baswi (rs-TN ts. 88 ser. 4–ts. 89 ser. 1)
No. 4: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dira Lefatshe Le mo Go Lone Batho ba Ratanang e Bile ba Utlwana (rs-TN ts. 89 dir. 2-4)
Dec. 2 Mmalo wa Baebele: Nahume 1–Habakuke 3
Pina No. 137
No. 1: Ketapele ya Nahume le Habakuke le Lebaka La go Bo di Le Mosola (si-TN dits. 158-60 dir. 1-7, 11-12; dits. 161-3 dir. 1-5, 12-14)
No. 2: Nahume 3:1-19
No. 3: Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dira Lefatshe Paradaise (rs-TN ts. 89 dir. 5-7)
No. 4: A Bogosi Jwa Modimo bo ne Jwa Simolola go Busa mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga? (rs-TN ts. 89 dir. 8–ts. 90 ser. 2)
Dec. 9 Mmalo wa Baebele: Sefania 1–Hagai 2
Pina No. 146
No. 1: Ketapele ya Sefania le Hagai le Lebaka La go Bo di Le Mosola (si-TN dits. 163-6 dir. 1-6, 10-12; dits. 166-8 dir. 1-7, 13-16)
No. 2: Sefania 2:1-15
No. 3: A Bogosi Jwa Modimo bo Tshwanetse go Letela Gore Lefatshe le Sokololwe Pele ga bo Busa? (rs-TN ts. 90 dir. 3-4)
No. 4: g‘Bogosi Jwa Modimo Bo ka Se Tle ke sa Ntse ke Tshedile’ (rs ts. 91 ser. 2-3)
Dec. 16 Mmalo wa Baebele: Sekarea 1-8
Pina No. 1
No. 1: Ketapele ya Sekarea (si-TN dits. 168-9 dir. 1-7)
No. 2: Sekarea 6:1-15
No. 3: Ke Eng se se Supang Gore re Tshela mo Metlheng ya Bofelo? (rs-TN ts. 274 ser. 1)
No. 4: Dintwa le Ditlhaelo Tsa Dijo ke Karolo ya “Sesupo” Jang? (rs-TN ts. 275 ser. 2–ts. 276 ser. 4)
Dec. 23 Mmalo wa Baebele: Sekarea 9-14
Pina No. 176
No. 1: Sekarea—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 171-2 dir. 23-7)
No. 2: Sekarea 9:1-17
No. 3: Luke 21:11 e Ntse e Diragadiwa Jang Fa e Sa le Ka 1914? (rs-TN ts. 276 dir. 1-3)
No. 4: Go Oketsega ga go Tlhoka Molao go Supa Eng? (rs-TN ts. 277 dir. 1-2)
Dec. 30 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Mmalo wa Baebele: Malaki 1-4
Pina No. 118
[Footnotes]
a Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.
b Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.
c Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.
d Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.
e Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.
f Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.
g Fa nako e letla, moithuti o tshwanetse go araba dipotso tsa mong wa ntlo, dilo tse a di ganetsang, le tse dingwe jalo ka tsela e e ka thusang thata mo tshimong ya lona.