Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Ka August le September go kgakotswe Diholo Tsa Bogosi tse di sa tswang go agiwa di le 16. Eleruri seno ke dikgang tse di monate le tse di itumedisang! Ka August go ne ga kgakolwa diholo di le 11 tse di latelang: Alice, Middledrift, Ngxaza, Noncampa, Pepeni, Sugarbush le Tabankulu (tseno tsotlhe di kwa Kapa Botlhaba), Bhekuzulu le Ethandukukhanya (KwaZulu-Natal), Ga-Rankuwa Zone 1 (Gauteng), le Maseru North (Lesotho). Seno se dira gore palo ya diholo tse di kgakotsweng mo ngwageng wa tirelo wa 2000 e nne 27. Ka September go kgakotswe diholo tse tlhano tsa: Nseleni (KwaZulu-Natal), Morija (Lesotho), Gelvandale le Jansenville (Kapa Botlhaba) le Somerset West (Kapa Bophirima).
Re rata go leboga gape le go anaanela Dikomiti tsotlhe Tsa Kago Tsa Kgaolo, baithaopi, le ba malapa a bone ka moya wa bone wa go intsha setlhabelo fa ba ne ba thusa mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi tse di tlhokegang thata. Direkoto tsa rona di bontsha gore jaanong re na le Diholo Tsa Bogosi tse di fetang 500 tse di kgakotsweng. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tlhokega diholo di le 315 (tsa diphuthego tse di nang le baboledi ba ba fetang 30). Re kgothaletsa diphuthego tsotlhe tse di sa ntseng di tlhoka holo go (1) batla setsha, (2) go ikopanya le Komiti ya Kago ya Kgaolo le (3) go tswelela pele ba ntsha moneelo wa letlole la bone la kago. Setlhopha se se Laolang se batla phuthego nngwe le nngwe e kopanela mo Holong ya yone ya Bogosi. Ka gone, go tla anaanelwa thata fa bontsi jwa rona bo ka thusa Komiti ya Kago ya Kgaolo mo go agiweng ga diholo tseno tse di tlhokegang thata.