LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/00 ts. 3
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 11/00 ts. 3

Dikgang Tsa Puso ya Modimo

◼ Phuthego ya Strandfontein (kwa Cape Town) e kgakotse Holo ya yone ya Bogosi e ntšha e e agilweng ka potlako ka April. Tiro eno e ne ya ngoka kgatlhego ya batho ba le bantsi ka gonne holo eno e ne ya agiwa mo mafelobekeng a le mangwe fela, mme batho ba ditso tse di farologaneng ba ne ba dira mo kagong eno. Lokwalodikgang lwa mo lefelong leo le lone lo ne lwa bega gore bokgaitsadi ba ne ba na le seabe le go dira ka natla.

Phuthego ya Isipingo (kwa Durban) e kgakotse holo ya yone ka May. Re itumelela gore morago ga dingwaga di le 12 ba ntse ba rulaganya, jaanong ba na le lefelo le ba obamelang mo go lone.

Phuthego ya Katima Mulilo (kwa Namibia) le yone e kgakotse holo ya yone ka May.

Phuthego ya Kanyamazane West le ya Ronaldsey (kwa Mpumalanga) di kgakotse diholo tsa tsone ka June, mme seno se dira gore palogotlhe ya diholo tse di kgakotsweng go fitlha kwa bofelong jwa June e nne 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela