Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November: Go tla tswelelwa go tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Diphuthego tse di berekang tshimo ya tsone yotlhe ka go tsamaisetsa beng ba matlo mo legaeng lengwe le lengwe kgotsa mo bonnong bongwe le bongwe khopi ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 di ka tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng kgotsa buka ya Kitso. Fa batho ba setse ba na le tsone, go ka tsamaisiwa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. December: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng kana Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. February: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela kana buka epe ya ditsebe tse 192 e e gatisitsweng ka 1986 kana pele ga moo e phuthego e nang le yone mo setokong.
◼ Fa letsholo la Dikgang Tsa Bogosi le sena go wediwa, diphuthego tse di sa ntseng di na le pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 di ka kgothaletsa baboledi go e tsamaisa ka tsela e dipampitshana di tsamaisiwang ka yone—ka ntlo le ntlo le mo mafelong a mangwe. Fa go siame, baboledi ba ka nna ba tlogela e le nngwe mo ntlong nngwe le nngwe e e se nang batho, ba tlhomamisa gore e se bonwe ke batho ba ba fetang ka tsela. Go tshwanetse ga dirwa maiteko a go tsamaisa dikhopi tsotlhe tse di setseng tsa molaetsa ono o o botlhokwa.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako jo bo ka kgonegang morago ga foo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe fa pego e e latelang ya diakhaonto e sena go balwa.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa ditaletso tsa segopotso sa ngwaga wa 2001 ka kopo ya tsone e e latelang ya dibuka. Ditaletso tseno di teng ka Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Di tshwanetse go kopiwa ka dipalo tsa 100 puo nngwe le nngwe. Tsweetswee kopang dilekanyo tse di tshwanetseng e re ka ditaletso tseno di neelwa batho ba ba kgatlhegang fela, mme ga di tsamaisediwe batho botlhe.