Bona Maatla a Baebele!
Jang? Ka go lebelela bidio ya The Bible—Its Power in Your Life. Ke bolumo ya boraro mo motseletseleng wa dibidio tsa setlhogo se se reng The Bible—A Book of Fact and Prophecy.
A o batla go nna le lenyalo le le atlegileng? A o tlhoka thuso gore o falole dinako tsa mathata? Basha ba ka dira jang gore ba gole go nna bagolo ba ba nang le boikarabelo? Baebele e ka thusa, jaaka bidio eno e bontsha. Utlwa batho ba bolela kafa Baebele e nnileng tlhotlheletso e e molemo ka teng mo matshelong a bone. Ba reetse ba tlhalosa kafa melaometheo ya yone e ba thusitseng ka teng gore ba lebane le mathata a botshelo jwa segompieno.
Bidio eno ke sedirisiwa sa botlhokwa go thusa batho ba ba sa tswang go kgatlhega gore ba bone melemo ya go dirisa Lefoko la Modimo go ba kaela mo matshelong a bone. The Bible—Its Power in Your Life e teng mo setokong mo Mokgatlhong. O ka otara khopi ya yone ka motlhanka wa dibuka wa phuthego ya lona.