Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November: Modimo o Batla Gore re Direng? ka moneelo wa R1,20 kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 fa e le ya khabara e e thata le R3,75 fa e le ya khabara e e seng thata. Kgatiso e nngwe e e ka nnang ya tsamaisiwa: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R15,00. December: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 fa e le ya khabara e e thata le R3,75 fa e le ya khabara e e seng thata. January: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R15,00 kana Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R7,50. February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka moneelo wa R5,00 fa e le ya khabara e e thata le R3,75 fa e le ya khabara e e seng thata.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse a romela pego ya Unassigned Territory Assignment (S-91) le maitemogelo ape a a kgatlhang kwa Mokgatlhong pele ga November 15, 1999. Tlhomamisa gore go dirisiwa setempe se se tshwanelang enfelopo e kgolo.
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otara dipampitshana tsa taletso tsa Segopotso sa ngwaga wa 2000 le otara ya tsone e e latelang ya dibuka. Dipampitshana tseno tsa taletso di teng ka Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Lo tshwanetse go di otara ka ditlhopha tsa di le 100 puo nngwe le nngwe. Di le 100 tsa tsone ke R1,80. Diphuthego tse di nang le molato mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotara tsa tsone. Tsweetswee otarang tse di lekaneng ka gonne di tshwanetse go neelwa fela batho ba ba kgatlhegang e seng gore di newe mongwe le mongwe.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse a founela Mokgatlho fa a ise a amogele motlobo wa phuthego wa Tirelo ya Rona ya Bogosi ka di 20 tsa kgwedi e e tlang pele ga e e tshwanetseng go balwa ka yone.