Dipokano Tsa Tirelo Tsa November
Beke e e Simololang ka November 1
Pina 156
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka “Bona Maatla a Baebele!” Gakolola ba ba iseng ba ntshe pego ya bone ya tirelo ya tshimo gore ba dire jalo gompieno pele pego ya phuthego e romelwa kwa Mokgatlhong.
15 mets: “Go Rera Go a Re Tlhaola.” Dira gore dikakgelo tse di simololang puo di se ka tsa feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo. O dirisa buka ya Kitso, tsebe 173, serapa 8, anela ka bokhutshwane se re ka se buang go kgothatsa moithuti wa Baebele gore a leke go nna le seabe mo bodireding.
20 mets: “Ke Mang Yo o Ka Amogelang Thuto ya Baebele?” Puo le dipontsho. Go dumalana le serapa 4, akantsha ditsela tse di farologaneng tse ka tsone o ka dirang gore motho a kgatlhegele go ithuta se se mo dikgatisong tsa rona. Dira dipontsho di le pedi tse dikhutshwane tse di bontshang kafa seno se ka dirwang ka teng. Kopa bareetsi gore ba tlhalose kafa ba ileng ba atlega ka teng go simolola dithuto.
Pina 198 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 8
Pina 204
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Gakolola bakaulengwe gore ba baakanyetse motlotlo wa beke e e tlang wa dirapa tsa ntlha tse 18 tsa tsenyeletso ya November.
15 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo. Bolela dithulaganyo tsa phuthego tsa go boloka Holo ya Bogosi e le phepa e bile e le mo boemong jo bo siameng.
20 mets: “O Tla Reng fa o Bua le Momoseleme?” Dipotso le dikarabo. Gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le temogo fa o tlotla le batho ba ditso tse dingwe. Dira gore go nne le pontsho e e baakanyeditsweng sentle. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Iselamo, bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1998; buka ya Go Fetolana, ditsebe 23-4; le Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, kgaolo 12.
Pina 208 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 15
Pina 211
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
25 mets: “Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!” Motlotlo wa dipotso le dikarabo wa dirapa 1-18. Bala dirapa 4-7, 12, 16, 17. Kgothaletsa botlhe gore ba baakanyetse motlotlo wa beke e e tlang wa dirapa 19-36 sentle.
12 mets: Batsadi—A lo Tshwara Thuto ya ka Metlha ya Lelapa? Puo le motlotlo le bareetsi. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa malapa a tlhoka go ithuta mmogo. (Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 37-8.) Bua ka dilo tseno tse di ka kgoreletsang thuto ya lelapa: (1) go akanya gore bana ba bannye thata mo ba ka se kang ba solegelwa molemo, (2) go akanya gore go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego go lekane, (3) go lapa ka ntlha ya ditiro tse dintsi, le (4) go kgorelediwa ke go lebelela thelebishene. (Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1994, ditsebe 11-12.) Kopa ditlhogo tsa malapa gore di bolele kafa di fentseng ka gone dikgoreletsi tsa go nna le thulaganyo e e siameng ya thuto ya lelapa. Gatelela gore seno se tlhoka matsapa, go ititaya sehuba, le go dirisana mmogo.
Pina 217 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 22
Pina 158
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka pego ya tiro e e dirwang kwa tshimong e e sa abiwang mme o bolele maitemogelo ape fela a a kgatlhang.
10 mets: O Ikutlwa Jang ka Dikabelo? Puo e e bewang ke mogolwane. Go na le lenaane le letelele la dilo tse di tlhokang go dirwa gore phuthego e tswelele sentle: go baakanyetsa dikabelo tsa dipuo; go tsaya ba bangwe o ba isa dipokanong kana o ba isa tirelong; go thusa bagodi; le go phepafatsa, go baakanya le go tlhokomela Holo ya Bogosi, mmogo le go tlhokomela bojang. O arabela jang fa o kopiwa gore o thuse? Ba bangwe ba ka gana, kana ba dumela ka go ikgoga, kana ba se ka ba dira tiro ka botlalo. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go amogela dikabelo le go di dira e le tshiamelo e e itumedisang. Kgothaletsa botlhe mo phuthegong gore ba bontshe moya wa go ithaopa ka go rata.—Pes. 110:3, ntlhanyana e e kwa tlase mo NW; Isa. 6:8.
25 mets: “Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!” Motlotlo wa dipotso le dikarabo wa dirapa 19-36. Bala dirapa 23-5 le 34-6.
Pina 223 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 29
Pina 215
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo tsa November.
15 mets: Kgothaletsa ba Basha go Nna Teng Kwa Dipokanong. Motlotlo wa mogolwane le motlhanka wa bodiredi a le mongwe kana ba le babedi, o theilwe mo boroutšhareng jwa Ba Dira Thato ya Modimo, ditsebe 14-15. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba basha ba nne teng kwa dipokanong. Ke gone kwa ba tla laiwang thata teng, ba kgothadiwa, le go thusiwa. Tlhalosa dipokano tse tlhano tsa beke le beke, o bontsha kafa pokano nngwe le nngwe e leng mosola ka teng. Tlhalosa kafa dipokano di re rotloetsang ka teng gore re itshware sentle, re gole semoyeng, re atamalane le phuthego, re utlwane thata le ba bangwe le go re thusa go tlhaloganya boikaelelo jwa bodiredi jwa rona. Kgothaletsa bareetsi gore ba dirise boroutšhara go kgothaletsa ba basha gore ba tle dipokanong.
20 mets: Re Tlhopha New World Translation. Puo le dipontsho. Mokgatlho wa rona o farologane le mekgatlho e mengwe ya bodumedi ka gonne re gatisa thanolo ya Baebele e e dirilweng ke baobamedi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa e bile re a e dirisa le go e anamisa. Ga se gore re batla go boelwa ke madi kana go anamisa ditumelo tsa makoko. Go na le moo, re tlhotlhelediwa ke go batla go tlotla leina la Modimo le go thusa ba bangwe gore ba mo itse botoka. Dithanolo tse dingwe gantsi di ranola Lefoko la Modimo ka tsela e go seng motlhofo go e tlhaloganya, ka jalo tlhalosa melemo e e tlhomologileng ya New World Translation. (Bona buka ya “Lokwalo Longwe le Longwe,” ditsebe 327-31. Ela tlhoko dikakgelo tse di mo serapeng sa 3, tlhagisa dikai tsa dipolelwana tse di tokafaditsweng mo serapeng sa 6, mme o gatelele melemo e go buiwang ka yone mo dirapeng tsa 22-3.) Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse dikhutshwane tse di bontshang kafa re ka arabang ka teng fa batho bangwe ba re, “Le na le Baebele ya lona.”—Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 311-2.
Pina 205 le thapelo e e konelang.