Dipokano Tsa Tirelo Tsa July
Beke e e Simololang ka July 6
Pina 110
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
15 mets: “Go Molemo Jang ne go Nna Gone ka Metlha!” Dipotso le dikarabo. Kgothaletsa basha go nna gone ka metlha mo dipokanong.
20 mets: “Baagelani ba Rona ba Tshwanetse go Utlwa Dikgang Tse di Molemo.” Rulaganya gore baboledi ba babedi kana ba bararo ba ba nang le bokgoni ba sekaseke dikakantsho tse di ka dirisiwang go buelela diboroutšhara di sekae tse phuthego e nang le tsone mo setokong. Tlhalosa gore ke eng fa di ka nna mosola mo tshimong ya lona. Gatelela mokgele wa go simolola dithuto tsa Baebele ka boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso. Dira pontsho ya loeto lwa ntlha morago go latele loeto lwa go boela le fa go buelelwa thuto.
Pina 73 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 13
Pina 116
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Kgothaletsa botlhe go akanyetsa ka masisi kgang ya go ikwadisetsa bobulatsela jo bo thusang ka August e e tla bong e na le mafelobeke a le matlhano.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona.
20 mets: A Moya wa Lefatshe O a Go Koafatsa? Puo ka mogolwane e e tswang mo go Tora ya Tebelo ya October 1, 1997, ditsebe 25-9.
Pina 182 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 20
Pina 18
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka lebokoso la setlhogo se se reng “Dikete Tse Masome a Marataro le Botlhano!”
12 mets: “Loeto Lo lo Ka Solegelang Molemo.” Motlotlo gareng ga bagolwane ba babedi. Tlhalosang maikaelelo a tiro ya bodisa jaaka fa go tlhalositswe mo go Tora ya Tebelo ya September 15, 1993, ditsebe 20-3. Ka lorato kgothaletsang phuthego go tlhoafalela go bona bagolwane ba ba etetse.
25 mets: “A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?” (Dirapa 1-14) Molebedi wa tirelo o simolola ka go kgothaletsa botlhe ka bokhutshwane go akanyetsa bobulatsela jwa ka metlha. Go tswa foo o tlotla ka potso 1, go akaretsa le dikakgelo tsa setlhogwana sa “Enthusiastic Pioneer Spirit” mo go 1998 Yearbook, ditsebe 104-5. Baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba phuthego ba ba nang le maitemogelo mo tirong ya bobulatsela ba tla kwa seraleng go tla go tlotla le ene ka potso 2. Ba tlhalosa mabaka a a utlwalang le a a sa feteletseng dilo a kafa motho a ka kgonang go tswelela sentle fela ka tsa madi a le mmulatsela. Go tswa foo batsadi ba babedi ba pata setlhopha seno go tla go tlotla ka potso 3. Ba bolela mabaka a a molemo a go bo basha ba tshwanetse go akanyetsa ka masisi go dira tirelo ya nako e e tletseng tiro ya botshelo jotlhe jwa bone. Kgothaletsa botlhe go nna gone mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang fa go tla bo go tlotliwa ka dipotso tse di setseng.
Pina 80 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 27
Pina 155
15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa July. Itsise dithulaganyo tsa tirelo tse di dirilweng tsa mafelobeke a ntlha a August o bo o kgothaletse botlhe go nna le seabe. Tlotla ka “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo.”
30 mets: “A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?” (Dirapa 15-25) Puo le motlotlo ka mogolwane. Rulaganya go sa le gale gore babulatsela le ba e kileng ya bo e le babulatsela ba arabe dipotso 4-5 ka dikakgelo tse di tswang pelong. Ba gatelela botlhokwa jwa go nna le thulaganyo e e molemo le go e kgomarela, ba umaka dikai tsa thulaganyo ya beke le beke ya tirelo e tota e berekang. Mogolwane o konela ka puo e e rotloetsang e e arabang potso 6. Go simologa ga ngwaga wa tirelo ka September 1 ke nako e e siameng thata gore babulatsela ba basha ba simolole ka tirelo ya nako e tletseng. Makwalokopo a ka bonwa mo go mongwe wa Komiti ya Tirelo ya Phuthego.
Pina 51 le thapelo e e konelang.