LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/98 ts. 3-6
  • Go Tlhokomela Dilo Tsa Mong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhokomela Dilo Tsa Mong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolebalebi Jwa Bokeresete
  • “Molebalebi yo o Boikanngo, yo o Bonokopela”
  • Go Fetola Dilo
  • Dithulaganyo Tse di Farologaneng Tse di Tlhokegang
  • Mabaka a a Tshwanetseng go Sekasekwa
  • Go Tlhokomela Dilo
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • O Molebedi yo o Ikanyegang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go Printa Motlhofo go Thusa “Batho ba Mefuta Yotlhe”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 6/98 ts. 3-6

Go Tlhokomela Dilo Tsa Mong

1 Mo metlheng ya Baebele molebalebi o ne a newa maemo a a supang go ikanngwa tota. Aberahame o ne a naya molebalebi wa gagwe tiro ya go senkela morwawe e bong Isake mosadi. (Gen. 24:1-4) Tota e bile molebalebi yono o ne a na le boikarabelo jwa go ela tlhoko gore losika lwa ga Aberahame lo tswelela pele lo le gone. A boikarabelo jo bogolo ruri! Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ile a re: “Se se batliwang mo balebalebing ke gore motho a fitlhelwe a le boikanngo”!—1 Bakor. 4:2.

Bolebalebi Jwa Bokeresete

2 Baebele e bitsa ditiro dingwe tsa bodiredi jwa Bokeresete e re ke bolebalebi. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a bua le Baefeso ka “bolebalebi jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo ke neng ka bo newa go lebilwe lona.” (Baef. 3:2; Bakol. 1:25) O ne a tsaya thomo ya gagwe ya go isa dikgang tse di molemo kwa go baditšhaba e le bolebalebi jo a tshwanelwang ke go bo diragatsa ka boikanyegi. (Dit. 9:15; 22:21) Moaposetoloi Petere o ne a kwalela bakaulengwe ba gagwe ba ba tloditsweng jaana: “Tsholanang ka tsholo e ntle kwantle ga go ngongorega. Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemomogolo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tsa methalethale.” (1 Pet. 4:9, 10; Baheb. 13:16) Dithoto dingwe le dingwe tse Bakeresete bano ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba na le tsone ba ne ba di bone ka thuso ya bopelotlhomogi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa. Ka gone, e ne e le balebalebi ba dilo tseo mme ka jalo ba tlhoka go di dirisa ka tsela ya Bokeresete.

3 Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba na le pono e e tshwanang. Ba ineetse mo go Jehofa Modimo e bile ba leba sotlhe se ba nang naso—matshelo a bone, maatla, dithoto—e le dilo tse ba di boneng ka thuso ya “bopelotlhomogi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tsa methalethale.” E re ka e le balebalebi ba ba molemo, ba itsaya ba ikarabela mo go Jehofa Modimo malebana le tsela e ba dirisang dilo tseno ka yone. Mo godimo ga moo, ba neilwe kitso ya dikgang tse di molemo. Seno le sone ke letlotlo la botlhokwa le ba batlang go le dirisa ka tsela e e molemo thata: go tlotlomatsa leina la ga Jehofa le go thusa batho ba bangwe go nna le kitso ka boammaaruri.—Math. 28:19, 20; 1 Tim. 2:3, 4; 2 Tim. 1:13, 14.

4 Basupi ba ga Jehofa ba dira bolebalebi jwa bone jang? Pego ya ngwaga le ngwaga e supa gore ngogola fela, ba ile ba dirisa diura di feta dimilione di le sekete mo go rereng “dikgang tse di molemo tsa bogosi” mo lefatsheng lotlhe mme ba tshwarela batho ba ba kgatlhegang dithuto tsa magae tsa Baebele di feta 4500 000. (Math. 24:14) Tsela e ba ikanyegang ka yone mo go nneng balebalebi ba ga Jehofa e ile ya bonala gape mo tseleng e ba ileng ba ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka yone ka bopelotshweu le go ema Diholo Tsa Bogosi tsa mafelo a bone nokeng, ka go amogela balebedi ba ba etang le ba bangwe ka lorato le ka bopelonomi jwa bone jo bogolo mo go thuseng batho ba ba tlhokang thuso thata—ba ba amilweng ke dintwa. Bakeresete ba boammaaruri ba tlhokomela dilo tsa Mong wa bone sentle ba le setlhopha.

“Molebalebi yo o Boikanngo, yo o Bonokopela”

5 Bolebalebi ga bo dirwe fela ke batho ka bongwe mme bo dirwa le ke mokgatlho ka kakaretso. Jesu o ne a bitsa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ya mo lefatsheng a re ke “molebalebi yo o boikanngo, yo o bonokopela.” (Luke 12:42) Maikarabelo a “molebalebi yo o boikanngo” ke go tlamela “ka dijo” le go etelela pele mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. (Tshen. 12:17) Malebana le seno, setlhopha sa molebalebi yo o boikanngo, se se emelwang ke Setlhopha se se Laolang, se na le boikarabelo jo se bo neilweng ke Modimo go dirisa “ditalenta” tsa sone tsa semoya le tsa senama sentle. (Math. 25:15) Ka go etsa sekao sa “molebalebi yo o boikanngo” ofisi nngwe le nngwe ya lekala e leka ka natla go dirisa meneelo yotlhe ya madi ka tsela e e siameng go tsweletsa dilo tsa Bogosi pele. Meneelo eno yotlhe e ntshiwa ka tsholofelo ya gore e tla dirisiwa sentle mme “molebalebi yo o boikanngo, le yo o bonokopela” o na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore e dirisediwa tiro e e ntsheditsweng yone le gore e dirisiwa ka go e somarela le ka tsela e e molemo.

6 Sekai se se bontshang kafa madi ano a moneelo a dirisiwang sentle ka teng se bonala mo tseleng e tiro ya go gatisa ya Basupi ba ga Jehofa e ileng ya gola ka teng mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Go anamisiwa ga Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele—dimakasine, dibuka, diboroutšhara, dibukana, dipampitshana le Dikgang Tsa Bogosi—go ile ga nna le seabe se segolo mo go anamiseng “dikgang tse di molemo” mo ‘malatsing ano a bofelo.’ (Mar. 13:10; 2 Tim. 3:1) Makasine wa Tora ya Tebelo e ntse e le sedirisiwa sa konokono mo go abeleng “ba ntlo ya Modimo” ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’ le ditsala tsa bone, e bong ba “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku di sele.”—Math. 24:45; Baef. 2:19; Tshen. 7:9; Joh. 10:16.

7 Kwa tshimologong, dibuka tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di dirwa ke bagatisi ba tsa kgwebo. Mme ka bo1920 go ile ga dirwa tshwetso ya gore go ka nna molemo thata e bile go ka re solegela molemo semoyeng fa batlhanka ba ga Jehofa ba ka ikgatisetsa ka bobone. Go simolola ka 1920, tiro ya go gatisa e ile ya nna ya gola kwa Brooklyn, New York, go fitlha e nna kgolo thata. Ka 1967 meago ya go gatisa e ne e setse e lekana le dikarolo di le nnè tsa toropokgolo eno. Go gatisa go ne ga dirwa le kwa dinageng tse dingwe, le fa go ntse jalo, kwa dinageng di le dintsi go ile ga kgorelediwa ke Ntwa ya Lefatshe II.

8 Le fa tiro ya go gatisa e ne e oketsega thata kwa United States, e ne e sa lekana go tlamela lefatshe lotlhe. Ka gone, morago ga ntwa tiro ya go gatisa e ile ya simololwa kana e ne e setse e simolotse kwa dinageng tse dingwe tse dintsi, go akaretsa le Afrika Borwa, Canada, Denmark, Engelane, Greece, Jeremane Bophirima le Switzerland. Mo masimologong a bo1970, Australia, Brazil, Finland, Ghana, Japane, Nigeria le Philippines di ne tsa akarediwa mo lenaaneng la dinaga tseno. Dingwe tsa dinaga tseno di ne di gatisa le dibuka tse dikgolo. Gape, mo masimologong a bo1970, barongwa ba Gileate ba ne ba rutiwa tiro ya go gatisa mme ba romelwa kwa dinageng dingwe go ya go thusa bakaulengwe ba teng ka tiro ya go gatisa.

9 Ka bo1980, palo ya dinaga tse di neng di gatisa dimakasine e ne ya gola thata go nna 51.a A bo seno se ile sa thusa jang ne mo go direng gore go tlhokomelwe dilo tsa Mong sentle! A bo e le bosupi jo bo nonofileng jang ne jwa gore tiro ya Bogosi e a gola! E bile a bo e le bosupi jo bo maatla jang ne jwa tsela e mongwe le mongwe wa dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa a emang tiro nokeng ka bopelotshweu ka teng a ‘tlotla Jehofa ka thoto ya gagwe’! (Dia. 3:9) Ka jalo, ba ile ba itshupa e le balebalebi ba ba molemo ba dilo tse Jehofa a ba segofaditseng ka tsone ka ditsela tse di farologaneng.

Go Fetola Dilo

10 Ka bo1970 le mo masimologong a bo1980 go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo mo boranyaneng jwa go gatisa mme Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa mekgwa eno e mesha ya go gatisa. Pelenyana, ba ne ba dirisa mokgwa wa bogologolo wa go gatisa wa letterpress. Mokgwa ono o ne wa nna wa fetolwa ka iketlo fa ba ne ba simolola mokgwa wa segompieno wa go gatisa wa offset. Ka ntlha ya seno, go gatisiwa dikgatiso tse dintle tse di nang le ditshwantsho tsa mebalabala, mo boemong jwa ditshwantsho tse di mebala e mebedi fela (o montsho le mongwe wa mebala e mengwe) tse metšhini ya bogologolo ya letterpress e neng e kgona go e gatisa. Mo godimo ga moo, boranyane jwa dikhomputara bo ile jwa fetola tiro yotlhe ya go rulaganngwa ga ditlhaka pele ga di gatisiwa. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhama Multilanguage Electronic Phototypesetting System (MEPS), e e leng thulaganyo ya khomputara e gone jaanong e thusang gore go gatisiwe dikgatiso ka dipuo tse di farologaneng tse di fetang 370. Ga go na thulaganyo epe e nngwe e e dirilweng ke ba tsa kgwebo e e kgonang go dira tiro e kgolo jalo e e dirwang ke MEPS ka dipuo tse dintsi jaana.

11 Ka thuso ya boranyane jwa dikhomputara jwa MEPS le go dirisiwa ga dithulaganyo tse dingwe tse di jaaka electronic mail (go romela melaetsa ka khomputara), go ile ga dirwa kgatelopele e nngwe gape mo go abeng dijo ka nako e e tshwanetseng. Pelenyana, fa go ne go santse go dirisiwa boranyane jwa bogologolo, dimakasine tse e seng tsa Seesemane di ne di nna le tshedimosetso e e seilweng ke ya tsa Seesemane ka dikgwedi di le dintsi kana le e leng ngwaga. Gone jaanong, Tora ya Tebelo e tlhaga ka nako e le nngwe ka dipuo di le 115 mme Tsogang! ka di le 62. Seno se bolela gore diperesente di feta 95 tsa batho ba ba nnang gone mo Thutong ya Tora ya Tebelo ya Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, ba ithuta tshedimosetso e e tshwanang ka nako e le nngwe. A bo seno e le lesego jang ne! Ruri go ile ga dirisiwa dilo tsa Mong sentle fa go ne go rekwa dilo tseno tsotlhe tsa boranyane jo bosha!

Dithulaganyo Tse di Farologaneng Tse di Tlhokegang

12 Dilo tseno tse disha di ile tsa fetola dilo tse di tlhokegang mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go gatisa ya Basupi ba ga Jehofa. Metšhine ya go gatisa ya web offset e bonako thata go gaisa ya bogologolo ya letterpress, mme le fa go le jalo, e ja madi a mantsi. Dithulaganyo tsa khomputara tse di dirang tiro e e amanang le eno, e e jaaka go kwala, go ranola, go taka, go tlhamaganya ditlhaka, le fa di dira tiro ya maemo a a kwa godimo, le tsone di ja madi a mantsi. Go ise go ye kae go ile ga lemotshega fa go gatisa dimakasine mo dinageng tse 51 tse di farologaneng go sa tlhole go somarela madi. Ka jalo, ka bo1990, “molebalebi yo o boikanngo” o ile a sekaseka maemo sesha. O ile a swetswa jang?

13 Dipatlisiso di ile tsa supa fa “thoto” e Basupi ba ga Jehofa le ditsala tsa bone ba e ntshitseng moneelo e ka dirisiwa botoka fa tiro ya go gatisa e ka kopanngwa. Ka jalo palo ya makala a a gatisang e ne ya fokodiwa ka iketlo. Jeremane e tsere boikarabelo jwa go gatisetsa dinaga di le dintsi tsa Yuropa Botlhaba le Bophirima dimakasine le dibuka, go akaretsa le dinaga dingwe tse pele di neng di ikgatisetsa. Italy e tlamela dinaga dingwe tsa Afrika le tsa borwabotlhaba jwa Yuropa, go akaretsa Greece le Albania ka dimakasine le dibuka. Mono Afrika go ile ga rulaganngwa gore tiro ya go gatisa dimakasine e dirwe fela kwa Nigeria le mo Afrika Borwa. Go kopanya tiro jalo go ile ga dirwa mo lefatsheng lotlhe.

Mabaka a a Tshwanetseng go Sekasekwa

14 Go tloga ka July 1998, go tla bo go sa tlhole go gatisiwa dimakasine kwa dinageng di sekae tsa Yuropa go akaretsa le Austria, Denmark, Fora, Greece, Netherlands le Switzerland. Morwalo wa go gatisa kwa Yuropa o tla rwalwa ke Boritane, Finland, Jeremane, Italy, Spain le Sweden. Seno se tla thusa gore go tilwe ditshenyegelo tse di sa tlhokegeng le gore meneelo e dirisiwe ka tsela e e botoka mo tirong ya lefatshe lotlhe. Go ile ga dirwa jang tshwetso ya gore ke dinaga dife tse e tla nnang mafelo a go gatisa le gore ke dife tse di tla kgaotsang go tlhola di gatisa? Ka ntlha ya go bo “molebalebi yo o boikanngo” a batla go ikobela taelo ya gore re tlhokomele dilo tsa Mong sentle, ka kelotlhoko o ile a sekaseka maemo a lefelo lengwe le lengwe go bona koo tiro ya go gatisa e ka dirwang mo maemong a a botokanyana teng.

15 Lebaka le legolo la go bo go ile ga emisiwa ka tiro ya go gatisa kwa dinageng dingwe le go kopanya tiro kwa go tse dingwe e ne e le gore go tlhofofadiwe dilo. Fa naga e le nngwe e gatisetsa dinaga tse dingwe di le mmalwa seo se tlhofofatsa tiro e bile ke tsela e e botoka ya go dirisa didirisiwa tse di jang madi a mantsi sentle. Gone jaanong tiro ya go gatisa e dirwa mo mafelong a ditlhwatlhwa tsa one di leng kwa tlasenyana, kwa go nang le dilo tse di tlhokegang teng le kwa dithulaganyo tsa go romela dilwana di leng botoka teng. Ka gone, dilo tsa Mong di dirisiwa ka tsela e e molemo. Mme gone, go emisa tiro ya go gatisa mo nageng nngwe ga go bolele gore tiro ya go rera e tla kgaotsa mo nageng eo. Dinaga tseno di santse di tla nna le dikgatiso tse dintsi mme dikete di le makgolokgolo tsa Basupi ba ga Jehofa ba teng di tla tswelela pele di le tlhaga go bolelela baagelani ba tsone “dikgang tse di molemo tsa kagiso.” (Baef. 2:17) Mo godimo ga moo, go rulaganya dilo sesha gono go nnile le melemo e mengwe gape.

16 Fa re umaka mongwe wa melemo eno, bontsi jwa metšhini ya segompieno ya go gatisa e e neng e le kwa Denmark, Greece, Netherlands le Switzerland e ne ya romelwa kwa Nigeria le kwa Philippines. Badirisi ba yone ba ba nang le bokgoni ba dinaga tsa Yuropa ba ne ba amogela taletso ya go tsamaya le metšhini eno go ya go ruta badirisi ba mafelo ano go e dirisa. Ka jalo, dinaga tseno jaanong le tsone di nna le dimakasine tsa maemo a a kwa godimo jaaka tsa dinaga tse dingwe.

17 Akanya ka molemo o mongwe: Ditshenyegelo tsa go gatisa dimakasine jaanong di sikarwa fela ke dinaga tse di santseng di gatisa. Ka ntlha ya seno, kwa dinageng tse go gatisa go kgaoditsweng kwa go tsone, jaanong madi a teng a dirisediwa ditiro tse dingwe, tse di jaaka go aga Diholo Tsa Bogosi le go thusa bakaulengwe ba dinaga tse di humanegileng ka dilo tse ba di tlhokang. Ka jalo go dirisiwa ga dilo tsa Mong ka kelotlhoko go dira gore mafoko ano a ga Paulo go Bakorintha a diragadiwe ka tsela e e molemo mo dinageng tsotlhe: “Gonne ga ke reye gore go nne motlhofo mo go ba bangwe, mme go nne thata mo go lona; mme gore ka go lekalekanya mo go setseng ga lona gone fela jaanong go tle go tlose go tlhaelwa ga bone . . . gore go lekalekanya go tle go diragale.”—2 Bakor. 8:13, 14.

18 Ka ntlha ya go kopanya tiro jalo, Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba seoposengwe thata go gaisa pele. Basupi ba Denmark ga ba tshwenngwe ke go bo dimakasine tsa bone di gatisiwa ke Jeremane le mororo ba ne ba tlwaetse go ikgatisetsa tsa bone. Ba itumelela tiro e bakaulengwe ba bone ba Bajeremane ba ba direlang yone. A Basupi ba ga Jehofa ba Jeremane ba kgopisiwa ke go bo meneelo ya bone e dirisediwa go tlamela Denmark ka dibuka tsa Baebele—kana Russia, Ukraine le dinaga tse dingwe? Legoka! Ba itumelela gore meneelo ya bakaulengwe ba bone ba dinaga tseno jaanong e ka dirisediwa ditiro tse dingwe tse di tlhokegang.

Go Tlhokomela Dilo

19 Mo go nngwe le nngwe ya Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, go na le lebokoso la meneelo le o ka latlhelang meneelo mo go lone. Meneelo ya boithaopo e e tsenngwang mo mabokosong ano e dirisiwa fa go tlhokega. “Molebalebi yo o boikanngo” le ofise nngwe le nngwe ya lekala ke yone e swetsang gore meneelo eo e dirisiwa jang. Ka gone, fa molao wa naga o dumela, madi a a tsenngwang mo lebokosong la moneelo mo nageng nngwe a ka nna a dirisiwa go thusa tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa nageng e nngwe e e katoganeng le eo ka dikilometara di le diketekete. Go dirisitswe meneelo kwa dinageng dingwe go tlamela badumedikarona ba ba bogang ka ntlha ya dilo tse di jaaka dikgwanyape, ditsuatsue, dithoromo tsa lefatshe le dintwa tsa selegae ka thuso ya potlako. E bile meneelo eo e dirisiwa go tlamela barongwa ba ba leng kwa dinageng tse di ka tshwarang 200.

20 Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ka tlwaelo dikgang tsa madi di umakiwa gangwe fela ka kgwedi—e bile e le ka metsotso e sekae fela. Ga go tsamaisiwe dipoleiti tsa koleke mo Diholong Tsa Bogosi kana kwa dikopanong. Ga go kopiwe madi mo bathong. Ga go dirwe mekete ya go kokoanya madi. Ka tlwaelo, Tora ya Tebelo e nna le setlhogo se le sengwe fela ka ngwaga se se tlhalosang kafa batho ba ba ratang go ntshetsa Watch Tower Bible and Tract Society meneelo go o ema nokeng mo tirong ya lefatshe ka bophara ba ka dirang ka teng. Tsogang! ga e ke e bua thata ka dikgang tsa madi tsa Mokgatlho. Mme he, go ile ga kgonega jang gore go dirwe tiro e e boitshegang jaana ya go rera dikgang tse di molemo, go agiwe Diholo Tsa Bogosi tse di tlhokegang, go tlhokomelwe batho ba ba mo tirong e e kgethegileng ya nako e e tletseng le go thusa Bakeresete ba ba tlhokang thuso? Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe ka tsela e e molemo thata ya go nna le moya wa bopelotshweu. (2 Bakor. 8:2) Re dirisa tshono eno go leboga botlhe ba ba ileng ba nna le seabe mo go ‘tlotleng Jehofa ka thoto ya bone.’ Ba ka tlhomamisega gore “molebalebi yo o boikanngo” o tla tswelela pele a tlhokometse dilo tsa Mong. Mme re rapela Jehofa gore a tswelele pele a segofatsa dithulaganyo tsotlhe tsa go gola ga tiro ya lefatshe lotlhe.

[Footnote]

a Mo go a le supa a mafelo ano, tiro ya go gatisa e ne e dirwa ke difeme tsa kgwebo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela