Go Tlhokega Matsapa a Rona Rotlhe mo Tirong
1 Morutwa mongwe le mongwe wa ga Jesu Keresete o tshwanetse go itse gore maiteko a o a dirang go ema tiro ya go rera ka Bogosi nokeng le go nna le seabe mo go yone a botlhokwa thata. Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla nna le matswela a Bogosi ka tsela e e sa lekaneng. (Math. 13:23) Le fa karolo e ntsi ya tiro ya go rera e dirwa ke babulatsela ba ba dirang ka natla, batho botlhe ba ba tswelelang pele ba tlhagafaletse go galaletsa Modimo ka go nna le matswela a mantsi kafa ba ka kgonang ka teng ba tshwanelwa ke go akgolwa.—Joh. 15:8.
2 Maiteko a a Kopanetsweng a Dira Tiro e Kgolo: Jesu o ne a bolelela pele gore maiteko a a kopanetsweng a barutwa ba gagwe a ne a tla tlhagisa ditiro tse dikgolo go feta tsa gagwe. (Joh. 14:12) Le fa maemo a rona ka namana a ka tswa a sa re letle go dira go le gontsi kgotsa a ka tswa a re letla go dirisa nako e ntsi mo go rereng ka Bogosi, rotlhe re a tlhokega gore tiro e tswelele. Go ntse fela jaaka Paulo a ile a bolela jaana: “Mmele otlhe, ka go kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane ka lelokololo lengwe le lengwe le le nayang se se tlhokwang, go ya ka go dira ga tokololo nngwe le nngwe ka go farologana ga tsone ka selekanyo se se tshwanetseng, o direla kgolo ya mmele.”—Baef. 4:16.
3 Batho bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore tiro ya bone ga se ya sepe. Le fa go ntse jalo, mo go Jehofa selo sa botlhokwa ke gore tirelo ya rona e nne ya moya otlhe. O tseela sengwe le sengwe se re mo direlang sone kwa godimo e bile o a se anaanela.—Bapisa Luke 21:1-4.
4 Tswelela Pele o Ema Tiro Nokeng: Rotlhe re na le tshiamelo ya go ema tiro ya lefatshe lotlhe nokeng ka dithoto tsa rona. Ba bangwe ba ka kgona le go thusa ka diatla tsa bone mo tirong ya go ema Bogosi nokeng. Mongwe le mongwe wa rona a ka leka go akgela ka tsela e e baakanyeditsweng sentle kwa dipokanong tsa rona le go nna le seabe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Ka go solegela molemo ditshono tsa go kgothatsa ba bangwe, re nna le seabe se segolo mo go nonotsheng bomoya jwa phuthego mme seno se e thusa go kgona go wetsa tiro e e e neetsweng.
5 Ee, re tlhokega rotlhe gore tiro e tswelele. Ope a se ka a akanya gore ga a tlhokege. Maiteko a rona, a mannye le a magolo a re a kopanetseng mo tirong ya ga Jehofa a re tlhaola e le rona fela baobamedi ba boammaaruri ba Modimo. (Mal. 3:18) Mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe se segolo mo go tlotleng Jehofa le go thusa ba bangwe go mo itse le go mo direla.