‘Go Tlhomelela Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo’
1 Gompieno batho ba ga Jehofa ba segofaditswe ka go nna le letlepu la dijo tsa semoya. (Isa. 25:6) Go na le dilo di le dintsi tsa Dikwalo tse ba kgonang go ipelela tsone mo thutong ya motho ka namana, ya lelapa, kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dipotlana le tse dikgolo. Mme gone, a re sola dilo tseno tsotlhe molemo e le gore re ‘tshwanelege ka botlalo, re tlhomeleletswe tiro nngwe le nngwe e e molemo’?—2 Tim. 3:17.
2 Akanya fela ka dijo tsa semoya tsa ngwaga wa 1998, o re setseng re tloga re o wetsa! Ka dipokano tsa beke le beke tsa phuthego, re ithuta dingwe tsa dintlhakgolo tsa dibuka di le 23 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, re sekaseka tshedimosetso e e mo go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” e bile re sekaseka ditsebe di le 138 tsa buka ya Baboledi. Gape re sekaseka nngwetharong ya buka ya Kitso, le mo e batlang e le buka yotlhe ya Boitumelo mo Lelapeng le buka yotlhe ya Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, re otliwa ka dikgatiso tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di le 12, ditlhogo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo di le 52 le dipuo tsa phatlhalatsa di ka nna kalo tse di buang ka dikgang tse di farologaneng tsa Baebele. Mo godimo ga seno sotlhe re na le dithulaganyo tse di nonneng tsa dikopano tse dikgolo le tse dinnye. A bo re fepiwa ka letlepu le le ntsi jang ne la dijo tsa semoya!
3 Anaanela Dilo Tse Jehofa a re Tlamelang ka Tsone: Gore re solegelwe molemo ka botlalo, re tshwanetse go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a re tlamela ka dijo tse dintsi jaana tsa semoya. Go ja dijo tse di ntseng jalo tse di molemo go aga tumelo ya rona e bile go nonotsha kamano ya rona le ene. (1 Tim. 4:6) Le fa go ntse jalo, ga re tlamelwe ka dijo tsa semoya fela gore go rutiwe rona. Di re tlhotlheletsa go abela ba bangwe boammaaruri le go re etleetsa go nna ditswerere mo tirong ya go nna badiredi ba dikgang tse di molemo.—2 Tim. 4:5.
4 A re se ka ra tlhokomologa dilo tse re di tlhokang semoyeng, go na le moo a ka metlha re lekeng go nna le keletso e kgolo ya go fepiwa ka dijo tsa semoya tse di kgotsofatsang tse di tswang mo tafoleng ya ga Jehofa. (Math. 5:3; 1 Pet. 2:2) Gore re solegelwe molemo ka botlalo, re tshwanetse go ipha nako e e lekaneng ya dilo tsa botlhokwa tse di jaaka thuto ya motho ka namana le thuto ya lelapa ya Baebele le go nna gone kwa dipokanong. (Baef. 5:15, 16) Dituelo tse di itumedisang tsa go dira jalo e tla nna tse di tsamaelanang le kgothatso e Paulo a neng a e kwalela Bakeresete ba ba ikanyegang ba Bahebera, e e begilweng mo go Bahebera 13:20, 21.