Dipokano Tsa Tirelo Tsa April
Beke e e Simololang ka April 6
Pina 27
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola mongwe le mongwe ka lefelo le nako tsa mokete wa Segopotso ka Matlhatso, April 11. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
15 mets: “Bodiredi Jwa Rona—Bosupi Jwa Lorato Lwa Mmatota.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dikakgelo tse dikhutshwane go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 1987, ditsebe 16-17, dirapa 3-7.
20 mets: “Dimakasine di Itsise Bogosi.” Mogolwane o sekaseka setlhogo seno le setlhopha sa baboledi ba le bararo kana ba le banè ba ba atlegang mo go tsamaiseng dimakasine. Tlotla ka dikarolo tse di kgatlhang tsa makwalopaka ano a bosheng, o akantsha ditsela tse dintlha tseno di ka dirisiwang ka tsone mo dipuisanong tsa rona. Bolela kafa go tsamaisa dimakasine go ka okediwang ka teng mo tshimong ya lona. Ka go dirisa dimakasine tsa bosheng, bontsha ditlhogo tse di tsosang kgatlhego, jaaka tse di buang ka mathata a loago, a lelapa, kana a setšhaba. Dira gore go nne le dipontsho tse pedi kana tse tharo tse dikhutshwane.
Pina 205 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 13
Pina 90
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
15 mets: Dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona.
20 mets: “Nna Teng Kwa Dipokanong ‘Segolobogolo.’” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla, boeletsa kgakololo e e tswang mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 64-5. Akgola botlhe ba ba nnang gone mo dipokanong ka metlha.
Pina 119 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 20
Pina 5
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa gore ga go ise go nne thari thata gore go tlisiwe dikopo tsa bobulatsela jo bo thusang ka May.
10 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo e e neelwang ke mogolwane yo a bontshang ka bopelonomi ditsela tse di maleba tse go ka tokafadiwang dilo ka tsone mo phuthegong ya lona.
25 mets: “Go Batlega Dithuto Tsa Baebele Tse di Oketsegileng.” Puo le motlotlo le bareetsi e e tshwarwang ke molebedi wa tirelo. Sekaseka tiro ya dithuto tsa Baebele mo phuthegong ya lona. Akgola phuthego mo e dirileng sentle gone. Bontsha se sengwe se se ka dirwang go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele, go akaretsa le dithuto tsa lelapa. Dira pontsho ka serapa 5 ka go botsolotsa motsadi mongwe yo o dirang sentle mo go tshwareng thuto ya lelapa. Bala serapa 8, o bo o gatelela dintlha tse robedi tse di thathamisitsweng. Tlhalosa serapa 13 ka go kopa mmoledi mongwe yo o atlegang mo go tshwareng dithuto gore a anele gore o kgona jang go ruta setlhogo sotlhe kwantle ga go senya nako epe. Akaretsa maitemogelo a a tlhophilweng sentle a a bontshang kafa phuthego ya lona e nnileng le matswela a mantle ka gone.
Pina 109 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 27
Pina 100
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April. Itsise maina a ba ba tla nnang babulatsela ba ba thusang ka May. Itsise dithulaganyo tse di oketsegileng tsa dipokano tsa tirelo ya tshimo tse di dirilweng mo phuthegong ya lona. Bolela dikakantsho tse di ka thusang tsa go baakanyetsa dipuisano tse di tswang mo dimakasineng tsa bosheng.—Bona kgatiso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996, tsebe 12.
15 mets: Tsela e Badisa ba Bakeresete ba go Direlang ka Yone. Puo e e neelwang ke mogolwane, e e tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 1996, ditsebe 24-7.
18 mets: Nna le Boikutlo jo Bontle fa o Rera mo Tshimong e e Berekiwang Thata. Mogolwane o buisana ka kgang eno le baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba ba kgobegileng marapo ka gonne batho ba sa arabele thata mo tshimong ya bone e e berekiwang thata. O sekaseka Tora ya Tebelo ya July 15, 1988, ditsebe 16-19, dirapa 4-14. Ba bua ka maikutlo a mantle kafa dikakantsho tseno di ka dirisiwang mo tshimong ya bone ka gone.
Pina 191 le thapelo e e konelang.