Dipokano Tsa Tirelo Tsa February
Beke e e Simololang ka February 2
Pina 166
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya January ka bonako. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse ba bona gore dipego tsotlhe tse di setseng tsa dikgwedi tse di fetileng le tsone di tlisiwe. Dipego tseno tse di tlileng morago ga nako di tshwanetse go tsenngwa mo pegong ya phuthego ya January.
15 mets: “Basupi ba ga Jehofa—Bareri ba Boammaaruri ba Efangele.” Dipotso le dikarabo. Sekaseka lebokoso le le mo tsebeng 19 mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1992.
20 mets: “Laletsa Mongwe le Mongwe yo o Nyorilweng.” Sekaseka setlhogo seno, o bontsha kafa dipuisano tse di akantshitsweng mono di rulagantsweng ka gone gore di tsose kgatlhego le go tlhotlheletsa bareetsi. Dira gore mogolo a dire pontsho ka dirapa 2-3 kana 4-5 mme mosha a dire pontsho ka serapa 6.
Pina 208 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 9
Pina 96
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
15 mets: Dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona.
20 mets: “Go Neela Batho ba Dipuo Tsotlhe le ba Madumedi Otlhe Bosupi.” (Dirapa 1-10) Dipotso le dikarabo. Umaka gore ke dipuo dife tse di buiwang ke batho ba le bantsi mo tshimong ya lona, o bo o bontsha gore phuthego e na le dibuka dife tsa dipuo tseo mo setokong sa yone. Jaaka go tlhalositswe mo go serapa 10, dira gore go dirwe pontsho ya fa go dirisiwa bukana ya Good News for All Nations.
Pina 220 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 16
Pina 75
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
12 mets: Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Nna Teng Kwa Dipokanong Tsa Phuthego. Mogolwane o tlotla ka dintlha tsa konokono tse di tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 1993, ditsebe 8-11, a gatelela botlhokwa jwa go nna gone kwa dipokanong tsotlhe ka metlha.
18 mets: “Go Neela Batho ba Dipuo Tsotlhe le ba Madumedi Otlhe Bosupi.” (Dirapa 11-28) Dipotso le dikarabo. Bolela gore ke madumedi afe a a leng gone mo tshimong ya lona a e seng a Bokeresete. Dira gore mmoledi yo o nang le maitemogelo a bontshe kafa a ka neelang bosupi ka gone lekgetlho la ntlha mo mothong yo e leng Mobuda, Mohindu, Mojuda kana Momoseleme—epe fela e e leng ntsi mo lefelong la lona.
10 mets: “Jehofa ke Mothusi wa Me.” Puo e e botsalano e e kgothatsang e e neelwang ke mogolwane.
Pina 15 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 23
Pina 4
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka mpho ya buka ya March. Umaka ntlha e le nngwe kana di le pedi tsa kafa go ka tsamaisiwang buka ya Kitso ka gone o dirisa dintlha tse di tswang mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, tsebe 8. Gatelela mokgele wa go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae.
15 mets: “Fa e Na le Matswela, E Dirise!” Dipotso le dikarabo. Dira gore mmoledi a le mongwe kana ba le babedi mo bareetsing ba bolele gore ba ile ba tswelela pele go dirisa dipuisano dife ka go bo dipuisano tseno di le motlhofo ba bo ba tlhalose le matswela a ba nnileng le one. Morago ga moo dira gore bangwe ba bolele ka ditsela tsa go simolola motlotlo tse di ileng tsa akantshiwa mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya bosheng mme di itshupile di le mosola.
20 mets: Ikatisetse Dipuisano Tsa Ga-go. Puo e khutshwane e e tswang mo bukeng ya Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 98-9, dirapa 8-9. Gatelela botlhokwa jwa go sekaseka dipuisano tsa rona le go batla ditsela tse re ka nnang le matswela ka tsone. Dira gore bokgaitsadi ba le babedi ba bontshe kafa ba sekasekang ka teng se ba se dirileng mo ntlong e e fetileng, ba tlotla kafa ba ka tokafatsang ka gone. Gape ba nna le nako e khutshwane ba ikatisetsa go leka dipuisano tse ba tla di dirisang mo nakong e e tlang, mongwe le mongwe a naya yo mongwe dikakantsho tse di ka mo thusang. Modulasetulo o konela ka go kgothaletsa botlhe gore ba sekaseke le go ikatisetsa dipuisano tsa bone.
Pina 103 le thapelo e e konelang.