LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/97 ts. 3
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Nnang lo Thantse Mme lo Seka Lwa Robala
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Sikara Morwalo wa Rona wa Boikarabelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 7/97 ts. 3

Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

“Go Boloka Letsatsi la ga Jehofa le le Gaufi mo Mogopolong” ke setlhogo sa thulaganyo ya kopano ya potologo ya malatsi a mabedi go simologa ka September. (2 Pet. 3:12) E rulagantswe go re thusa go lemoga kafa go potlakileng ka teng. Batho ba lefatshe ba tloga ba welwa ke dikatlholo tsa ga Jehofa. Ke mang yo o tla falolang “letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe”? Ke fela ba ba nnang ba tsogile semoyeng le ba ba itlwaetsang go tshela ka “[ditiro] tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.”—Tshen. 16:14; 2 Pet. 3:11.

Kolobetso e botlhokwa gore motho a falole letsatsi la ga Jehofa. (1 Pet. 3:21) Baboledi ba ba ratang go kolobediwa kwa kopanong eo ba tshwanetse go bolelela molebedi yo o okamelang, yo o tla dirang dithulaganyo tse di tlhokegang.

Simphosiamo ya dikarolo tse nnè, “Mofuta wa Batho o re Tshwanetseng go Nna One,” e tla bontsha sentle gore ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya gore re nne re bolokile letsatsi la ga Jehofa le le gaufi mo mogopolong. Puo ya phatlalatsa, “Dira ka Botlhale Jaaka Letsatsi la ga Jehofa le Ntse le Atamela,” e tla tlhalosa gore go rayang go ‘batla Jehofa, tshiamo le kgobalalo,’ gore re tle re falole.—Sefa. 2:3.

Kopano eno ya potologo e tla konela ka dipuo tse pedi tse di tla re rotloetsang tse di tla neelwang ke balebedi ba ba etang, tse di reng: “A Botshelo Jwa Gago bo Remeletse mo Boammaaruring?” le “Go Rulaganyetsa Dilo Pele o Bolokile Letsatsi la ga Jehofa Le le Mo Mogopolong.” Dipuo tseno di tla re tlhotlheletsa go tlhatlhoba matshelo a rona le go dira diphetogo tse di tlhokegang. Boporofeti jwa Baebele le ditiragalo tsa lefatshe di bontsha sentle gore letsatsi la ga Jehofa le atametse. Thulaganyo ya kopano eno e tla re kgothaletsa go ‘nna re thantse e bile re disitse.’ (1 Pet. 5:8) Dira dithulaganyo tse di tlhomameng gore o nne teng ka malatsi oomabedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela