LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/97 ts. 4
  • Thusa Ba Bangwe Go Bona Kgomotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Ba Bangwe Go Bona Kgomotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 7/97 ts. 4

Thusa Ba Bangwe Go Bona Kgomotso

1 Batho ba bantsi ba lapisitswe ke go utlwa ka dikotsi tsa masetlapelo, dintwa, bokebekwa le pogo. Kgomotso, le mororo e seyo gotlhelele mo dipegong tsa gompieno tsa dikgang, ke selo se batho ba se tlhokang thata. Go gomotsa go raya “go nonotsha motho le go dira gore a nne le tsholofelo” le “go fokotsa bohutsana kana mathata a” mongwe. Rona Basupi ba ga Jehofa, re tlhomeletswe go thusa ba bangwe ka tsela eno. (2 Bakor. 1:3, 4) Diboroutšhara tsa rona tsa Baebele tse re tla di tsamaisang ka July le August di na le molaetsa o o gomotsang wa boammaaruri. (Bar. 15:4) Dikakantsho dingwe tsa go di tsamaisa mo maemong a a farologaneng ke tseno:

2 Pego nngwe ya masetlapelo ya dikgang e ka naya motho tshono ya go neela bosupi le go gomotsa ba bangwe, gongwe o ka bua sengwe se se tshwanang le seno:

◼ “Fa dilo tse di tshwanang le tseo di diragala, bangwe ba ipotsa gore a ruriruri Modimo o teng, mme gone fa a le teng, a o amega ka rona. Wena o akanya jang? [Mo letle gore a arabe.] Tsela nngwe e re ka bonang gore a go na le Modimo ke go dirisa molaomotheo o o itsiweng sentle.” Bala Bahebera 3:4. Umaka dilo tse dingwe tse di re dikologileng tse di tlhokang gore di bo di na le modiri. O bo o tswelela ka gore: “Ke na le boroutšhara jo ke itseng gore bo tla go gomotsa. Setlhogo sa jone ke A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? [Bala potso e e mo tsebeng e e kwa ntle.] Bo na le bosupi jo bo tlhatswang pelo e seng fela jwa gore Modimo o gone mme le gore ka bonakonyana fela o tla fedisa maemo otlhe a a bosula a re lebaneng le one gompieno. A o ka rata go bo bala?” Rulaganya go boa gape.

3 Mo loetong lwa go boela, o ka nna wa re:

◼“Re ne re bua ka bosupi jwa gore Modimo o teng fa ke ne ka go tlogelela boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? Gongwe o ile wa lemoga ntlha eno mo tsebeng ya 7. [Mmontshe setshwantsho o bo o sobokanya serapa 15.] Seno ke sekai se le sengwe fela sa gore Modimo yo o amegang o tshwanetse a bo a le gone. [Bala serapa 27 mo tsebeng ya 9.] Go ithuta Baebele ka namana go nthusitse go emelana le mathata a botshelo a letsatsi le letsatsi ka gonne go dira gore re lebe dilo go ya ka tsela e Modimo a di lebang ka yone.” Ithaope go mmontsha gore thuto e tshwarwa jang.

4 Go ka neelwa bosupi ka thelefouno ka go dirisa boroutšhara jwa “Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?” O ka nna wa ikitsise o bo o re:

◼“Ke go founela ka molaetsa o o botlhokwa ka gonne ke sa kgone go tla go go bona ka namana.” Bala serapa sa ntlha mo go tsebe 4 ya boroutšhara jono, o dira jalo ka tsela ya go tlotla, e kete o bua le ene lo lebane. Mmotse gore o akanya eng, mme o bo o mo letla gore a arabe. “Ke butse Baebele ya me mo go Isaia 45:18. Temana eno e bontsha gore lefatshe le ne le tlhōdilwe go akantswe ka rona. A nka go e balela?” Morago ga moo, tlhalosa boikaelelo jwa boroutšhara mme o bo o botsa gore o ka mo tlisetsa jang khopi.

5 Fa o mo founela gape, o ka leka go dirisa tsela eno go simolola thuto:

◼“Ke rata go tsweletsa motlotlo wa rona wa nako e e fetileng ka go go bontsha gore ke mang yo a ka re bolelang lebaka la go bo re tshela. [Tlhalosa dirapa 1 le 2 mo go tsebe 6 mo boroutšhareng jwa Go Bo Botshelo Bo le Gone ka mafoko a gago.] Tshenolo 4:11 e tlhalosa gore Jehofa Modimo ke Mmopi wa rona. [E Bale.] O tshwanetse a bo a ne a na le lebaka la go bo a re tlhōdile. Batho ba ba ileng ba batla go itse lebaka leo ba ile ba ithuta Lefoko le le kwadilweng la Modimo, Baebele. Ke rata go go naya tshono eo.” Mo tlhalosetse gore thulaganyo ya rona ya thuto ya mahala ya Baebele e tshwarwa jang, o bo o dira dithulaganyo tsa go simolola thuto.

6 Go simolola ka tsela eno e e tlhotlheletsang go ka gomotsa ba ba ileng ba swelwa ke batho ba ba ba ratang:

◼ “Ke direla batho botlhe ba ba ileng ba swelwa ke batho ba ba ba ratang sengwe. E re ka seno e ka nna nngwe ya dilo tse di thata go di itshokela, go ilwe ga gatisiwa boroutšhara jono jwa, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Bo thusitse dimilione tsa batho. Ke rata go go bontsha gore bo a reng ka selo se se itumedisang se Jesu Keresete a neng a se solofetsa. [Bala serapa sa botlhano mo go tsebe 26, go akaretsa le Johane 5:21, 28, 29.] Ela tlhoko setshwantsho seno se se mo go tsebe 29 se se tshwantshang pego ya Efangele ya fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo baswing. Fa e le gore o ka rata go bala boroutšhara jono jo bo gomotsang, ke tla rata go go bo tlogelela ka moneelo wa R1,20.”

7 Fa o boela, o ka mmontsha gape setshwantsho se se mo go tsebe 29 ya boroutšhara jwa “Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala” mme o bo o re:

◼ “Gopola motlotlo wa rona wa fa Keresete a ne a tsosa Lasaro. [Bala mafoko a setlhogo a a mo go tsebe 28, o bo o tlotla ka dintlha tse di kafa tlase ga setlhogwana sa “A Tota go Diragetse?”] Fa o rata go dumela gore o ka kgona go bona gape motho yo o mo ratang yo o tlhokafetseng, mma ke go thuse go dumela mo tsholofetsong ya tsogo.” Ithaopele go mo tshwarela thuto ya legae ya Baebele.

8 E ke te re ka dira bojotlhe jwa rona mo dikgweding tse di kwa pele go etsa Jesu ka go “gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—Isa. 61:2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela