LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/97 ts. 8
  • Ke ka Ntlha Yang Fa ba Go Dira?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang Fa ba Go Dira?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Eno ke Nako ya go Rera!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 4/97 ts. 8

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Go Dira?

1 Go ile ga bolelelwa pele ka Keresete gore ‘tlhoafalo ya ntlo ya Modimo e tla mo ja.’ (Pes. 69:9) Go tlhoafalela kobamelo ya boammaaruri ga ga Jesu go ile ga mo pateletsa go baya bodiredi kwa pele. (Luke 4:43; Joh. 18:37) Tlhoafalo yone eno ya go naya bosupi ka ga boammaaruri e bontshiwa gompieno mo bodireding jwa Basupi ba ga Jehofa. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo palogare ya batho ba le 645-509 mo lefatsheng lotlhe ba ile ba nna le seabe mo tirelong nngwe ya bobulatsela kgwedi le kgwedi. Ka ntlha ya boineelo jwa rona go Modimo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go akanyetsa ka thapelo gore a o ka rulaganya maemo a gagwe gore a tle a kgone go direla e le mmulatsela yo o thusang kana wa ka metlha.—Pes. 110:3; Mor. 12:1; Bar. 12:1.

2 E re ka re tshela mo tsamaisong ya dilo e e ratang dikhumo ka bogagapa, batho ba le bantsi mo lefatsheng ga ba kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang motho a ka bereka thata jaana mo bodireding a dira tiro e e sa mo tlisetseng madi kana kgalaletso epe. Ke ka ntlha yang fa babulatsela ba go dira? Ba itse gore ba dira tiro e e bolokang matshelo. E re ka ba tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa thata le bengkabone, ba ikutlwa ba patelesega thata go thusa go boloka matshelo. (Bar. 1:14-16; 1 Tim. 2:4; 4:16) Banyalani bangwe ba babulatsela ba ne ba tlhalosa sentle jaana: “Ke ka ntlha yang fa re bula tsela? A re ka tlhalosetsa Jehofa lebaka la go bo re sa bule tsela?”

3 Kgaitsadi yo mongwe o ne a kwala jaana ka tshwetso ya gagwe ya go simolola go bula tsela: “Nna le monna wa me re ile ra swetsa go tshela ka tuelo ya motho a le mongwe fela, se se neng se raya gore re itime dilo tse re sa di tlhokeng. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re segofatsa thata, a se ke a re tlogela mo khumanegong kana gore re tlhoke sengwe. . . . Ke ile ka bona lebaka la mmatota la go tshela—go thusa ba ba tlhokang go itse gore Jehofa, Modimo wa boammaaruri, ga a kgakala le ba ba mmatlang.” E re ka ba lemoga ka tsela e dinako tse di potlakileng ka teng, babulatsela ba kgotsofalela dilo tse di tlhokegang fela tsa botshelo fa ba ntse ba batla dikhumo tsa semoya tse di tla nnelang ruri.—1 Tim. 6:8, 18, 19.

4 Fa maemo a gago ka namana a go letla, ke eng fa o sa kopanele le makgolo a a dikete a bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago lefatshe ka bophara ba ba bulang tsela? Ka go dira jalo o ka nna le boitumelo jo ba nang le jone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela