Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R41,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi tse thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R20,50. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Dira maiteko a a kgethegileng go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa mpho e ganwa. Mo tshimong e e berekiwang mo gare ga beke le mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa, go ka nna ga tsamaisiwa le boroutšhara jo bosha jwa Modimo o Batla Gore re Direng? June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00. Tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa magae tsa Baebele. July le August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe di le 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Diphuthego di tla itsisiwe ka lekwalo gore go tla tsamaisiwa mpho efe kwa tshimong e e sa abiwang.
◼ Botlhe ba ba kopanelang le phuthego ba tshwanetse gore fa ba romela dipeeletso tse disha le tse di ntšhafadiwang tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! go akaretsa le tsa bone ka bobone, ba di romele ka phuthego.
◼ Letsholo la tshimo e e sa abiwang le tla nna ka dikgwedi tsa August go ya go October 1997. Baboledi le babulatsela ba kgothadiwa go ema thulaganyo eno nokeng, ka go dira jalo ba tla tlhomamisa gore ba le bantsi kwa tshimong e e sa abiwang ba neelwe bosupi jo bo feletseng. Ngogola letsholo leno le ile la engwa nokeng ka tsela e e molemo thata mme ga nna le matswela a a molemo. Baboledi ba ba 8382 ba ile ba bega jaana: dibuka di le 8729; dibukana di le 27-731; diura di le 74 464; dipeeletso di le 31; dimakasine di le 25 060; maeto a go boela a le 5100; le dithuto tsa Baebele di le 442.
◼ Mokgatlho ga o romele diotara tse baboledi ba di romelang ka bobone. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go dira kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga otara ya kgwedi ya dibuka tsa phuthego e romelwa kwa Mokgatlhong gore ba ba batlang go otara dibuka tsa bone ka namana ba kgone go itsise mokaulengwe yo o dirisanang le dibuka. Tsweetswee gakologelwang gore ke dibuka dife tse e leng dilwana tsa setoko se se laolwang.
◼ Diphuthego di gakololwa gore di se ka tsa dirisa dibidio tsa Mokgatlho kwa dipokanong tsa phuthego mo boemong jwa thulaganyo e e tlwaelegileng. Dibidio tseno di ile tsa gololwa gore di dirisiwe mo tshimong, e seng kwa dipokanong tsa phuthego. Metswedi ya tshedimosetso, dikolo le diyunibesithi di ka bontsha dibidio tsa Mokgatlho fa fela di ka itsise gore di dirilwe ke Mokgatlho le fa ba di bontsha kwa ntle ga go fetola sepe mo go tsone. Diselaete tse di gatisitsweng ke Mokgatlho di ka nna tsa bontshiwa kwa dipokanong tsa phuthego.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 1996. Dibolumo tseno di tla nna gone ka Seesemane, Sejeremane le Sepotokisi. Madi a tsone ga a a tshwanela go romelwa le diotara fa phuthego ya lona e na le akhaonto ya dibuka kwa Mokgatlhong. Molato wa tsone o tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego. Dibolumo tseno di tla tlhaga e le “Back Ordered” mo teng ga invoice ya phuthego go fitlha di nna teng le go romelwa. Diphuthego tse di nang le molato mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka kwa Mokgatlhong di tshwanetse go romela madi le diotara tsa tsone. Dibolumo ke dilwana tsa setoko se se laolwang mme di tla duedisiwa R26,00 nngwe le nngwe ya tsone mo phuthegong, mo bathong botlhe le mo babulatseleng.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:
Watch Tower Publications Index 1986-1995 (phuthego le batho botlhe: R24,00; babulatsela: R17,50)—Seesemane
◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Teng:
Modimo o Batla Gore re Direng? (phuthego le batho botlhe: R10,00; babulatsela: R9,00)—Seburu, Seesemane, Sefora, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu