LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/96 ts. 4-8
  • Thulaganyo ya 1997 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya 1997 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Ditlhogwana
  • Ditaelo
  • THULAGANYO
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 10/96 ts. 4-8

Thulaganyo ya 1997 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ditaelo

Ka 1997 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

DIBUKA TSA THUTO: Dikabelo di tla bo di tswa mo Baebeleng, Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo [jv-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” [si-TN], Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng [kl-TN], Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN] le “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa di fitlhelwa mo baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha [*td-TN].

Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo, le dikakgelo tsa go amogela ba ba leng gone mme se bo se tswelela jaana:

PUO NO. 1: Metsotso e le 15. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mme e tla bo e tsewa mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo kana “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.” Fa puo eno e tsewa mo bukeng ya Baboledi, e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 15 go sa bodiwe dipotso; fa e tsewa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe,” e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 10 go ya go e le 12 morago ga moo go bo go bodiwa dipotso tse di tsewang mo bukeng ka metsotso e le 3 go ya go e le 5. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne go neela puo eo yotlhe fela mme e nne go supa kafa tshedimosetso eo go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, go gatelelwa kafa e ka thusang phuthego ka teng. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng. Sebui se ka akgela ka ditshwantsho, dinepe le ditšhate tse di mo bukeng ya Baboledi le go ruta ka tsone.

Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba boloke nako. Go ka neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega kana fa sebui se kopile gore e neelwe.

DINTLHAKGOLO TSE DI TSWANG MO MMALONG WA BAEBELE: Metsotso e le 6. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o ka dirisang tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego sentle. Puo eno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o o abetsweng. O ka nna wa akaretsa tlhaloso ya gore ke eng se se mo dikgaolong tsotlhe tse o di abetsweng ka metsotswana e le 30 go ya go e le 60. Lefa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eo e le botlhokwa mo go rona le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Morago ga foo, molebedi wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti go ya kwa diphaposing tsa bone tse di farologaneng.

PUO NO. 2: Metsotso e le 5. Ke mmalo wa Baebele o o abilweng, e neelwe ke mokaulengwe. Seno se tla dirwa mo sekolong se segolo le mo ditlhopheng tse dingwe tsa sone tse dinnye. Gantsi dikabelo tsa mmalo di dikhutswane ka tsela e e lekaneng go letla moithuti go dira ditlhaloso tse dikhutswane fa a simolola le fa a konela. A ka nna a akaretsa tshedimosetso e e supang kafa ditiragalo tsa nako e e fetileng, boporofeti kana dithuto tsa motheo di leng botlhokwa ka gone le kafa go leng botlhokwa ka gone go dirisa melaometheo ya yone. O tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse a di abetsweng a sa kgaotse gope. Gone mme, moithuti a ka nna a umaka ditemana tse a tla di balang fa e le gore ditemana ga di latelane.

PUO NO. 3: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa kgaitsadi. Setlhogo sa puo eno se tla ntshiwa mo bukeng ya Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Seting e ka nna ya bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo, go dira loeto lwa go boela kana thuto ya legae ya Baebele, mme fa moithuti a neela puo eno, a ka nna a nna fa fatshe kana a ema ka maoto. Molebedi wa sekolo o tla rata thata go bona kafa moithuti a thusang mongantlo go akanya ka teng le go tlhaloganya tshedimosetso eo le kafa dikwalo di dirisiwang ka gone. Moithuti yo o e abelwang o tshwanetse a bo a kgona go bala. Molebedi wa sekolo o tla rulaganya gore go nne le mothusi a le mongwe mme lefa go ntse jalo go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Moithuti o tla swetsa gore a mongantlo a bale dirapa dingwe mo bukeng kgotsa nnyaa. Selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go akanyediwa thata go feta seting ke tsela e e mosola e tshedimosetso e dirisiwang ka yone.

PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa mokaulengwe kana kgaitsadi. E tla be e tsewa go tswa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo kana mo “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa e fitlhelwa mo baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Fa e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go nna puo e e neelwang go bareetsi botlhe. Gantsi go tla nna molemo gore mokaulengwe a baakanyetse puo ya gagwe a akantse ka bareetsi ba ba mo Holong ya Bogosi e le gore e tle e nne tshedimosetso ya mmatota le gore e tswele bao ba e utlwang mosola. Fa karolo eno e abetswe kgaitsadi, puo eno e tshwanetse ya neelwa jaaka go supilwe mo karolong ya Puo No. 3.

KGAKOLOLO LE DIKAKGELO: Fa moithuti mongwe le mongwe a sena go neela puo ya gagwe, molebedi wa sekolo o tla mo neela kgakololo e e mo tshwanelang, mme ga go tlhokege gore a latele thulaganyo ya kgakololo kgato ka kgato jaaka e bontshitswe mo pampitshaneng ya Kgakololo ya Puo. Go na le moo, o tshwanetse go ela tlhoko dintlha tse moithuti a tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone. Fa moithuti a tshwanelwa fela ke letshwao la “S” mme go sena ntlha epe e nngwe ya puo e e tshwailweng “T” kana “B” mogakolodi o tshwanetse gore a dire lesakana mo lebokosong lengwe, moo “S,” “T” kana “B” di kwalwang gone ka gale, e leng ntlha ya puo e moithuti a tshwanetseng go berekela mo go yone mo nakong e e tlang. O tla itsise moithuti ka seno mo maitseboeng ao a bo a bontsha ntlha ya puo mo pampitshaneng ya moithuti ya kabelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo (S-89). Batho ba ba neelang dipuo ba tshwanetse go nna kwa pele mo holong. Seno se tla boloka nako e bile se tla dira gore molebedi wa sekolo a kgone go neela moithuti mongwe le mongwe kgakololo ka tlhamalalo. Fa nako e letla, e ka re fa mogakolodi a sena go fa moithuti kgakololo e a e tlhokang, a a akgele ka dintlha tse di rutang le tse di ka thusang tse moithuti a sa di akaretsang. Molebedi wa sekolo o tshwanetse go ela tlhoko gore a se ka a dirisa metsotso e e fetang e le mebedi fa a neela kgakololo le dikakgelo dipe tse di khutshwane morago ga puo ya moithuti mongwe le mongwe. Fa mokaulengwe yo o neng a neela dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele a tlhoka kgakololo, o ka e neelwa kwa thoko.

GO BAAKANYETSA DIPUO: Pele ga a baakanyetsa puo, moithuti o tshwanetse go bala ka kelotlhoko setlhogo se se go Buka ya kaelo ya Sekolo se se amanang le ntlha e o berekelang mo go yone. Baithuti ba ba abelwang Puo No. 2 ba tshwanetse gore ba tlhophe setlhogo se se tshwanelang karolo ya Baebele e ba tlileng go e bala. Dipuo tse dingwe di tla neelwa go dumalana le setlhogo se se kwadilweng mo thulaganyong.

GO BOLOKA NAKO: Ga go na ope yo o tshwanetseng go ja nako, le fa e le kgakololo le dikakgelo tsa mogakolodi. Dipuo No. 2 go ya go 4 di tshwanetse go emisiwa ka botlhale fa nako e fedile. Motho yo o tlhophilweng go neela tlhagiso ya go emisa o tshwanetse go dira jalo ka bonako. Fa bakaulengwe ba ba neelang Puo No. 1 le dintlhakgolo tsa Baebele ba ja nako, ba tshwanetse go neelwa kgakololo kwa thoko. Thulaganyo yotlhe: metsotso e le 45, go sa akarediwe pina le thapelo.

TLHATLHOBO E E KWALWANG: Go tla nna le tlhatlhobo e e kwalwang nako le nako. Fa o baakanyetsa, boeletsa dintlha tse o di abetsweng mme o bo o konele mmalo wa Baebele o o mo thulaganyong. Baebele ke yone fela e e ka dirisiwang fa go kwalwa tlhatlhobo eno ya metsotso e le 25. Nako e e setseng e tla dirisediwa go tlotla ka dipotso le dikarabo. Moithuti mongwe le mongwe o tla itshwaela pampiri ya gagwe. Molebedi wa sekolo o tla tlotla ka dikarabo tsa dipotso tsa tlhatlhobo eo le bareetsi mme o tla tlhokomela dipotso tse di thatanyana mo go tsone, a thusa botlhe gore ba tlhaloganye dikarabo sentle. Fa maemo a phuthego ya lona a dira gore go tlhokege ka ntlha ya lebaka lengwe le le rileng, tlhatlhobo e e kwalwang e ka kwalwa beke morago ga eo e bontshitsweng mo thulaganyong.

DIPHUTHEGO TSE DIKGOLO: Diphuthego tse di nang le diithuti di le 50 kana go feta moo tse di ikwadisitseng mo sekolong di ka nna tsa rata go rulaganyetsa gore go nne le ditlhopha tse di oketsegileng tsa diithuti di neela dipuo tse di mo thulaganyong ba na le bagakolodi ba bangwe. Kafa tshwanelong, batho bao ba iseng ba kolobediwe bao ba tshelang go ya ka melaometheo ya Bokeresete le bone ba ka ikwadisa mo sekolong mme ba amogela dikabelo.

BAO BA SEYONG: Botlhe ba ba mo phuthegong ba ka bontsha ka moo ba anaanelang sekolo seno ka gone ka go leka gore ba nne gone mo thulaganyong ya beke nngwe le nngwe, ka go baakanyetsa dikabelo tsa bone sentle, le ka go nna le seabe mo dithulaganyong tse go bodiwang dipotso mo go tsone. Go solofelwa gore diithuti tsotlhe di tla tsaya dikabelo tsa tsone ka masisi tota. Fa seithuti se seyo ka nako eo se leng mo thulaganyong ka yone, moithaopi mongwe a ka nna a tsaya kabelo eo, a bontsha mokgwa ope o e ka dirisiwang ka one o a bonang o tshwanela ka nakonyana e khutshwane eo a e filweng ka yone. Kana molebedi wa sekolo a ka neela puo eo mme bareetsi ba nna le seabe mo go yone mo go tshwanelang teng.

THULAGANYO

*td-TN – “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa di fitlhelwa mo baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Jan. 6 Mmalo wa Baebele: Sekaria 1 go ya go 5

Pina No. 113

No. 1: Ketapele ya Sekaria (si-TN dits. 168-9 dir. 1-7)

No. 2: Sekaria 2:1-13

No. 3: Motho O ne A sa Direlwa go Swa (kl-TN dits. 53-5 dir. 1-3)

No. 4: Moya wa Lefatshe ke Eng, Mme ke ka Ntlha Yang Fa o Le Kotsi? (rs-TN ts. 304 ser. 3–ts. 306 ser. 1)

Jan. 13 Mmalo wa Baebele: Sekaria 6 go ya go 9

Pina No. 215

No. 1: Kafa Tiro ya Bogosi e Duelelwang Ka Gone (jv-TN ts. 340 ser. 1–ts. 343 ser. 4)

No. 2: Sekaria 7:1-14

No. 3: Maano a a Bosula (kl-TN dits. 55-6 dir. 4-7)

No. 4: Boikgodiso le Botsuolodi di Bontsha Moya wa Lefatshe (rs-TN ts. 306 dir. 2-3)

Jan. 20 Mmalo wa Baebele: Sekaria 10 go ya go 14

Pina No. 91

No. 1: Sekaria—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 171-2 dir. 23-7)

No. 2: Sekaria 12:1-14

No. 3: Kafa Satane a Diragatsang Maano a Gagwe ka Teng (kl-TN dits. 56-8 dir. 8-12)

No. 4: Moya wa Lefatshe o Rotloetsa Dikeletso Tsa Nama (rs-TN ts. 306 ser. 4)

Jan. 27 Mmalo wa Baebele: Malaki 1 go ya go 4

Pina No. 118

No. 1: Ketapele ya Malaki le Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 172-5 dir. 1-6, 13-17)

No. 2: Malaki 1:6-14

No. 3: Kafa Boleo le Loso di Neng Tsa Anama ka Teng (kl-TN dits. 58-9 dir. 13-15)

No. 4: Moya wa Lefatshe o Rotloetsa go Rata Dikhumo (rs-TN ts. 307 dir. 1-2)

Feb. 3 Mmalo wa Baebele: Mathaio 1 go ya go 3

Pina No. 191

No. 1: Ketapele ya Mathaio (si-TN dits. 175-7 dir. 1-10)

No. 2: Mathaio 2:1-15

No. 3: Ela Tlhoko Maretshwa a ga Satane (kl-TN dits. 59-60 dir. 16-18)

No. 4: Tlhabantshana Thata le Ditiro Tsa Nama (rs-TN ts. 307 ser. 3)

Feb. 10 Mmalo wa Baebele: Mathaio 4 le 5

Pina No. 36

No. 1: Go Duelela Ditshenyegelo Tsa Mafelo a go Kopanelwang mo go One le go Atolosiwa ga Dikago Tsa Bethele (jv-TN ts. 343 ser. 5–ts. 347 ser. 1; go ka lebiwa dikao tse di mo go dits. 352-401)

No. 2: Mathaio 4:1-17

No. 3: Nna le Tumelo Mme o Ipaakanyetse Kganetso (kl-TN dits. 60-1 dir. 19-21)

No. 4: Ikanye Jehofa e Seng Babusi ba Batho (rs-TN ts. 307 ser. 4–ts. 308 ser. 1)

Feb. 17 Mmalo wa Baebele: Mathaio 6 le 7

Pina No. 52

No. 1: Tiro ya Bogosi ga se Kgwebo (jv-TN ts. 348 ser. 1–ts. 351 ser. 6)

No. 2: Mathaio 7:1-14

No. 3: Paakanyetso ya Modimo ya go Boloka Batho (kl-TN dits. 62-3 dir. 1-5)

No. 4: Ke Mang yo o Tshwanetseng go Pegwa Molato Wa go Bo Batho ba Boga? (rs-TN ts. 323 dir. 2-4)

Feb. 24 Mmalo wa Baebele: Mathaio 8 le 9

Pina No. 211

No. 1: Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe (jv-TN ts. 404 ser. 1–ts. 408 ser. 3)

No. 2: Mathaio 8:1-17

No. 3: Lebaka La go Bo Mesia A ne A Tlile go Swa (kl-TN dits. 63-5 dir. 6-11)

No. 4: Pogo ya Batho E ne Ya Simolola Jang? (rs-TN ts. 324 dir. 1-2)

Mar. 3 Mmalo wa Baebele: Mathaio 10 le 11

Pina No. 224

No. 1: Kanaanelo E ne Ya ba Tlhotlheletsa Gore ba Bue (jv-TN ts. 409 ser. 1–ts. 414 ser. 3)

No. 2: Mathaio 11:1-15

No. 3: Kafa Thekololo e Neng ya Duelwa ka Teng (kl-TN dits. 65-8 dir. 12-16)

No. 4: Se Modimo o se Dirileng go Thusa Batho ba ba Bogang (rs-TN ts. 324 ser. 3–ts. 325 ser. 1)

Mar. 10 Mmalo wa Baebele: Mathaio 12 le 13

Pina No. 133

No. 1: Lesedi la Boammaaruri le Phatsima mo Lefatsheng Lotlhe (jv-TN ts. 414 ser. 4–ts. 422 ser. 3; go ka akarediwa tshobokanyo e e mo go ts. 422)

No. 2: Mathaio 12:22-37

No. 3: Thekololo ya ga Keresete le Wena (kl-TN dits. 68-9 dir. 17-20)

No. 4: Ke Goreng fa Modimo o Letlelela Pogo Gore e Tswelele? (rs-TN ts. 325 ser. 3–ts. 326 ser. 6)

Mar. 17 Mmalo wa Baebele: Mathaio 14 le 15

Pina No. 145

No. 1: Dingwaga Tsa Matlhotlhapelo Tsa Ntwa ya Lefatshe I Mme Morago ba Tlala Matlhagatlhaga Sesha (jv-TN ts. 423 ser. 1–ts. 427 ser. 2)

No. 2: Mathaio 14:1-22

No. 3: A Modimo ke Ene a Ikarabelang ka Pogo ya Batho? (kl-TN dits. 70-1 dir. 1-5)

No. 4: Seo re Tshwanetseng go se Itse ka Bogole jwa Tsalo (rs-TN ts. 327 dir. 1-4)

Mar. 24 Mmalo wa Baebele: Mathaio 16 le 17

Pina No. 151

No. 1: Badiredi ba ba Tlhaga ba Bolela Boammaaruri jo bo Botlhokwa Jwa Baebele (jv-TN ts. 427 ser. 3–ts. 432 ser. 2)

No. 2: Mathaio 17:14-27

No. 3: Di Tlhodilwe di Itekanetse, Go Gwetlhiwa ka go Senngwa Leina (kl-TN dits. 72-3 dir. 6-10)

No. 4: Ke Goreng Modimo o Dumelela “Dikudumedi Tsa Tlholego”? (rs-TN ts. 327 ser. 5–ts. 328 ser. 2)

Mar. 31 Mmalo wa Baebele: Mathaio 18 le 19

Pina No. 117

No. 1: Lesedi la Semoya le Phatsima mo Masimong a mo Afrika, Spain, le Portugal (jv-TN ts. 433 ser. 1–ts. 438 ser. 3)

No. 2: Mathaio 19:16-30

No. 3: Dikgwetlho Tsa Mmatota le Tsela ya ga Jehofa Ya go Di Rarabolola (kl-TN dits. 74-6 dir. 11-15)

No. 4: A Batho ba ba Bogang Botlhoko Ba a Bo ba Otlhaiwa ke Modimo? (rs-TN ts. 328 ser. 3–ts. 329 ser. 2)

Apr. 7 Mmalo wa Baebele: Mathaio 20 le 21

Pina No. 6

No. 1: Go ya Kwa Bathong ba ba Kwa Mafelong a a Kgakala le go Utlwa Modimo Lefa ba Lebane le Kganetso (jv-TN ts. 438 ser. 4–ts. 443 ser. 2; go ka akarediwa le tshobokanyo e e mo go ts. 443)

No. 2: Mathaio 20:1-16

No. 3: Ke Eng se se Supilweng ke go Letla ga Modimo Gore Pogo e Tswelele (kl-TN dits. 76-7 dir. 16-19)

No. 4: A go Bua ka Diteme go Supa Gore Motho O na Le Moya o o Boitshepo? (rs-TN ts. 147 ser. 1–ts. 148 ser. 1)

Apr. 14 Mmalo wa Baebele: Mathaio 22 le 23

Pina No. 172

No. 1: Ba Tshwaregile Thata ka go Rera Mafoko a a Molemo (jv-TN ts. 444 ser. 1–ts. 448 ser. 2)

No. 2: Mathaio 23:1-15

No. 3: O Eme mo Letlhakoreng la ga Mang? (kl-TN dits. 78-9 dir. 20-3)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga Ba ne Ba Bua ka Diteme? (rs-TN ts. 148 dir. 2-5)

Apr. 21 Mmalo wa Baebele: Mathaio 24 le 25

Pina No. 193

No. 1: Go Rera Kwa Yuropa le Mororo Ba ne Ba Bogisiwa ka Nako ya Ntwa (jv-TN ts. 448 ser. 3–ts. 454 ser. 2; fa nako e letla, akaretsa dikakgelo tse di khutshwane tsa Basupi ba ba ikanyegang, dits. 451-3)

No. 2: Mathaio 24:32-44

No. 3: Go Diragalang ka Batho ba ba Suleng Ba re Neng re ba Rata? (kl-TN dits. 80-2 dir. 1-6)

No. 4: Re ka ba Bona Jang ba ba Nang le Moya wa Modimo? (rs-TN ts. 149 dir. 2-5)

Apr. 28 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Sakaria 1 go ya go Mathaio 25

Pina No. 217

May 5 Mmalo wa Baebele: Mathaio 26

Pina No. 205

No. 1: Kgatelopele le Mororo go Ne go Na le Mathata ka Dinako Tsa Ntwa (jv-TN ts. 455 ser. 1–ts. 461 ser. 2; go ka akarediwa tshobokanyo e e mo go ts. 461)

No. 2: Mathaio 26:31-35, 69-75

No. 3: Se Tota se Kaiwang ke go Boela mo Loroleng (kl-TN dits. 82-3 dir. 7-10)

No. 4: Kafa Bakeresete ba Boammaaruri ba Kgethololwang ka Teng Gompieno (rs-TN ts. 149 ser. 6–ts. 150 ser. 1)

May 12 Mmalo wa Baebele: Mathaio 27 le 28

Pina No. 102

No. 1: Mathaio—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 180-1 dir. 29-33)

No. 2: Mathaio 27:11-26

No. 3: Boemo Jwa Baswi ke Bofe? (kl-TN dits. 83-4 dir. 11-14)

No. 4: Go Bua ka Diteme Go ne Go Tla Tsaya Lobaka lo lo Kae? (rs-TN ts. 150 ser. 2–ts. 151 ser. 2)

May 19 Mmalo wa Baebele: Mareko 1 le 2

Pina No. 185

No. 1: Ketapele ya Mareko (si-TN dits. 181-3 dir. 1-11)

No. 2: Mareko 1:12-28

No. 3: Batho Botlhe ba Jehofa a ba Gakologelwang ba Tla Tsosiwa (kl-TN dits. 85-7 dir. 15-18)

No. 4: Thuto ya Motheo ya Tharonngwe ke Eng Mme e Thaegile Jang? (rs-TN ts. 370 ser. 4–ts. 372 ser. 1)

May 26 Mmalo wa Baebele: Mareko 3 le 4

Pina No. 166

No. 1: Go Batla ba Sekadinku ka Botlalo (jv-TN ts. 462 ser. 1–ts. 466 ser. 2)

No. 2: Mareko 3:1-15

No. 3: Ba Tsosediwa Kae? (kl-TN dits. 88-9 dir. 19-22)

No. 4: A Moya o o Boitshepo ke Motho? (rs-TN ts. 372 ser. 2–ts. 373 ser. 1)

June 2 Mmalo wa Baebele: Mareko 5 le 6

Pina No. 42

No. 1: Go Ruta Thuto e e Nayang Botshelo (jv-TN ts. 466 ser. 3–ts. 470 ser. 2)

No. 2: Mareko 5:21-24, 35-43

No. 3: Bogosi Jwa Modimo le Boikaelelo Jwa Jone (kl-TN dits. 90-1 dir. 1-5)

No. 4: A Jesu le Jehofa ke Motho a le Mongwe? (rs-TN ts. 373 ser. 2–ts. 374 ser. 2)

June 9 Mmalo wa Baebele: Mareko 7 le 8

Pina No. 33

No. 1: Go Rera mo Ditlhaketlhakeng Tsa Pacific le Mororo Go na Le Kganetso (jv-TN ts. 470 ser. 3–ts. 474 ser. 4)

No. 2: Mareko 7:24-37

No. 3: Bogosi Jwa Modimo ke Puso e e Busang (kl-TN dits. 91-2 dir. 6-7)

No. 4: A Baebele e Ruta Gore Jehofa, Jesu le Moya o o Boitshepo ba a Lekana? (rs-TN ts. 375 ser. 1–ts. 376 ser. 4)

June 16 Mmalo wa Baebele: Mareko 9 le 10

Pina No. 111

No. 1: Molapo o Mogolo wa Boammaaruri o a Elela mo Afrika (jv-TN ts. 475 ser. 1–ts. 481 ser. 1)

No. 2: Mareko 9:14-29

No. 3: Kafa re Itseng ka Teng Gore Bogosi Jwa Modimo ke Jwa Mmatota (kl-TN dits. 92-3 dir. 8-11)

No. 4: A Baebele e Ruta Gore Mongwe le Mongwe Wa ba Go Tweng ba Karolo ya Tharonngwe ke Modimo? (rs-TN ts. 376 ser. 5–ts. 377 ser. 3)

June 23 Mmalo wa Baebele: Mareko 11 le 12

Pina No. 119

No. 1: Go Lemoga ba Eleng Dinku Tota (jv-TN ts. 481 ser. 2–ts. 484 ser. 5)

No. 2: Mareko 11:12-25

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Bogosi Jwa Modimo e le Jone Fela jo Batho ba ka Solofelang mo go Jone (kl-TN dits. 94-5 dir. 12-13)

No. 4: Badumelatharonngwe ba Dirisa Dikwalo Jang ka Tsela E e Sa Siamang (rs-TN ts. 377 ser. 4–ts. 379 ser. 2)

June 30 Mmalo wa Baebele: Mareko 13 le 14

Pina No. 127

No. 1: Badiri ba ba Oketsegileng ba Nna le Seabe mo Thobong (jv-TN ts. 485 ser. 1–ts. 488 ser. 2)

No. 2: Mareko 14:12-26

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Jesu A sa Ka a Simolola go Busa Morago Fela ga Gore a Tlhatlogele Kwa Legodimong (kl-TN dits. 95-6 dir. 14-15)

No. 4: Lebaka le Dikwalo Dingwe Tse di Lebisitseng go Jehofa di ka Dirisiwang Le mo Go Keresete (rs-TN ts. 379 ser. 3–ts. 380 ser. 1)

July 7 Mmalo wa Baebele: Mareko 15 le 16

Pina No. 187

No. 1: Mareko—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN ts. 186 dir. 31-3)

No. 2: Mareko 15:16-32

No. 3: Metlha ya Baditšhaba E ne Ya Simologa Leng Mme E ne Ya Fela Leng? (kl-TN dits. 96-7 dir. 16-18)

No. 4: Dikwalo Tse di sa Dirisiweng Sentle ke Badumelatharonngwe (rs-TN ts. 380 ser. 2–ts. 381 ser. 3)

July 14 Mmalo wa Baebele: Luke 1

Pina No. 189

No. 1: Ketapele ya Luke (si-TN dits. 187-8 dir. 1-9)

No. 2: Luke 1:5-17

No. 3: Eno ke Metlha ya Bofelo (kl-TN dits. 98-9 dir. 1-4)

No. 4: Lebaka le Johane 1:1 le 8:58 di sa Tshegetseng Tharonngwe (rs-TN ts. 381 ser. 4–ts. 383 ser. 4)

July 21 Mmalo wa Baebele: Luke 2 le 3

Pina No. 195

No. 1: Dinaga Tsa Botlhaba le Tsa Yuropa di Tlhagisa Babaki ba ba Oketsegileng ba ga Jehofa (jv-TN ts. 488 ser. 3–ts. 495 ser. 2)

No. 2: Luke 2:1-14

No. 3: Dikarolo Dingwe Tsa Metlha ya Bofelo ke Dife? (kl-TN dits. 99-103 dir. 5-7)

No. 4: Lebaka Leo go Tlhatlhoba Kgang Yotlhe ya Dikwalo go Leng Botlhokwa (rs-TN ts. 383 ser. 6–ts. 386 ser. 2)

July 28 Mmalo wa Baebele: Luke 4 le 5

Pina No. 156

No. 1: Kafa Batho ba Bantsi ba Fitlheletsweng ka Gone ka Mafoko a a Molemo (jv-TN ts. 495 ser. 3–ts. 500 ser. 5; go ka akarediwa tshobokanyo e e mo go ts. 501)

No. 2: Luke 4:31-44

No. 3: Boitsholo jo bo Maswe Jwa Batho jo go Boleletsweng Pele Gore bo Tla Nna Gone mo Metlheng ya Bofelo (kl-TN dits. 103-4 dir. 8-12)

No. 4: Jesu Keresete le Jehofa ke Batho ba ba Farologaneng (rs-TN ts. 386 ser. 3–ts. 388 ser. 3)

Aug. 4 Mmalo wa Baebele: Luke 6 le 7

Pina No. 201

No. 1: Dikopano Tse Dikgolo le Boitshwaro Jwa Bokeresete di ne Tsa Neela Bosupi (jv-TN ts. 502 ser. 1–ts. 508 ser. 1)

No. 2: Luke 6:37-49

No. 3: Dikarolo Tse Pedi Tse di Kgethegileng Tsa Metlha ya Bofelo (kl-TN ts. 105 dir. 13-14)

No. 4: Jesu Ga a Ka a Itsosa mo Baswing, E Bile Ga a Ka a Ipolela Gore o Lekana le Modimo (rs-TN ts. 388 ser. 4–ts. 389 ser. 2)

Aug. 11 Mmalo wa Baebele: Luke 8 le 9

Pina No. 143

No. 1: Masimo a Siametse go Rojwa (jv-TN ts. 508 ser. 2–ts. 513 ser. 1)

No. 2: Luke 9:23-36

No. 3: Tsaya Kgato fa o Utlwa Bosupi Jwa Gore Eno ke Metlha ya Bofelo (kl-TN dits. 106-7 dir. 15-17)

No. 4: Lebaka Leo go Ngaparela mo Tumelong ya Tharonngwe go Leng Kotsi (rs-TN ts. 389 ser. 3–ts. 390 ser. 2)

Aug. 18 Mmalo wa Baebele: Luke 10 le 11

Pina No. 34

No. 1: Go Neela Bosupi go Batho Gongwe le Gongwe le ka Nako Nngwe le Nngwe fa go Kgonega (jv-TN ts. 513 ser. 2–ts. 517 ser. 2)

No. 2: Luke 11:37-51

No. 3: Meya e e Boikepo Ruri e Teng! (kl-TN ts. 108 dir. 1-3)

No. 4: Ke Goreng Go na Le Boikepo jo bo Kana Kana? (rs-TN ts. 91 ser. 4–ts. 92 ser. 3)

Aug. 25 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Mathaio 26 go ya go Luke 11

Pina No. 155

Sept. 1 Mmalo wa Baebele: Luke 12 le 13

Pina No. 123

No. 1: Jehofa o Akofisa Tiro (jv-TN ts. 517 ser. 3–ts. 520 ser. 2; o ka nna wa akaretsa le tshobokanyo e e mo go ts. 520)

No. 2: Luke 13:1-17

No. 3: Baengele ba ba Bosula Ba ne Ba Ema mo Letlhakoreng la ga Satane (kl-TN ts. 109 dir. 4-5)

No. 4: Ke Goreng Modimo o Dumelela Boikepo? (rs-TN ts. 92 ser. 4–ts. 94 ser. 1)

Sept. 8 Mmalo wa Baebele: Luke 14 go ya go 16

Pina No. 29

No. 1: Barongwa ba ba Tlhoafetseng le Seabe sa Sekolo sa Gileade (jv-TN ts. 521 ser. 1–ts. 524 ser. 3)

No. 2: Luke 14:1-14

No. 3: Ganana le Mefuta Yotlhe ya Tirisabadimo (kl-TN ts. 111 dir. 6-8)

No. 4: Kafa re Sologetsweng Molemo ka Gone ke go Dumelela ga Modimo Boikepo (rs-TN ts. 94 dir. 2-3)

Sept. 15 Mmalo wa Baebele: Luke 17 le 18

Pina No. 131

No. 1: Kafa Barongwa ba Gileade ba Neng ba Farologane ka Gone (jv-TN ts. 525 ser. 1–ts. 531 ser. 4)

No. 2: Luke 17:22-37

No. 3: Lebaka La go Bo Baebele e Kgala Tirisabadimo (kl-TN dits. 112-13 dir. 9-11)

No. 4: Kafa Baebele e Lebang Basadi ka Gone (rs-TN ts. 47 ser. 4–ts. 48 ser. 1)

Sept. 22 Mmalo wa Baebele: Luke 19 le 20

Pina No. 204

No. 1: Go Ithuta Puo e Ntšha le go Simolola Ditshimo Tse Disha (jv-TN ts. 532 ser. 1–ts. 537 ser. 2)

No. 2: Luke 19:11-27

No. 3: Baebele e Senola ka fa Meya e e Boikepo e Dirang ka Gone (kl-TN dits. 113-14 dir. 12-13)

No. 4: A go Neelwa ga Banna Botlhogo go Kgaphela Basadi Ntle? (rs-TN ts. 48 ser. 2–ts. 49 ser. 1)

Sept. 29 Mmalo wa Baebele: Luke 21 le 22

Pina No. 86

No. 1: Ka fa Lorato le Tlhoafalo ya Barongwa di Tsweleditseng Tiro ya Bogosi ka Gone (jv-TN ts. 537 ser. 3–ts. 541 ser. 2)

No. 2: Luke 22:24-38

No. 3: Kafa Motho a ka Gananang le Meya e e Boikepo ka Teng (kl-TN dits. 114-15 dir. 14-15)

No. 4: A Basadi ba Tshwanetse go Nna Badiredi? (rs-TN ts. 49 dir. 2-3)

Oct. 6 Mmalo wa Baebele: Luke 23 le 24

Pina No. 218

No. 1: Luke—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 192-3 ser. 30-5)

No. 2: Luke 23:32-49

No. 3: Se o Ka se Dirang go Nonotsha Tumelo ya Gago (kl-TN dits. 115-16 dir. 16-17)

No. 4: Ke ka Baka Lang fa Basadi ba Bakeresete ba Rwala Sengwe mo Tlhogong mo Dipakeng Dingwe? (rs-TN ts. 50 dir. 1-2)

Oct. 13 Mmalo wa Baebele: Johane 1 go ya go 3

Pina No. 31

No. 1: Ketapele ya Johane (si-TN dits. 193-5 dir. 1-9)

No. 2: Johane 1:19-34

No. 3: Nnang lo Ntse lo Lwa Kgatlhanong le Meya e e Boikepo (kl-TN dits. 116-17 dir. 18-20)

No. 4: A Basadi ba Tshwanetse go Itshasa Ditlolo-ntlafatsi Kana go Rwala Mekgabo ya Gouta? (rs-TN ts. 51 ser. 1–ts. 52 ser. 1)

Oct. 20 Mmalo wa Baebele: Johane 4 le 5

Pina No. 10

No. 1: Go Tshwarega ka go Direla Jehofa go sa Kgathalasege Kganetso (jv-TN ts. 541 ser. 3–ts. 546 ser. 6)

No. 2: Johane 4:39-54

No. 3: Go Tshela Botshelo Jwa Bomodimo go Lere Boitumelo (kl-TN dits. 118-19 dir. 1-4)

No. 4: Isagwe ya Lefatshe Leno ke Eng Mmogo le Mmusi wa Lone? (rs-TN ts. 224 ser. 1–ts. 225 ser. 2)

Oct. 27 Mmalo wa Baebele: Johane 6 le 7

Pina No. 150

No. 1: Thata ya Mafoko a a Molemo (jv-TN ts. 547 ser. 1–ts. 551 ser. 2)

No. 2: Johane 6:52-71

No. 3: Go Ikanyega go Felela ka Boitumelo (kl-TN dits. 119-20 dir. 5-6)

No. 4: Bakeresete ba Boammaaruri ba Tshwanetse go Leba Lefatshe Jang? (rs-TN ts. 225 ser. 3–ts. 226 ser. 4)

Nov. 3 Mmalo wa Baebele: Johane 8 le 9

Pina No. 121

No. 1: Go Fitlhelela ‘Ditshimo Tse go Leng Thata go Fitlha Kwa go Tsone’ ka Mafoko a a Molemo (jv-TN ts. 551 ser. 3–ts. 553 ser. 4)

No. 2: Johane 9:18-34

No. 3: Go Aba ka Bopelotshweu go Lere Boitumelo (kl-TN ts. 120 dir. 7-8)

No. 4: *td-TN 23A Ke ba ba 144 000 Fela ba ba Yang Legodimong

Nov. 10 Mmalo wa Baebele: Johane 10 le 11

Pina No. 162

No. 1: Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo (jv-TN ts. 556 ser. 1–ts. 560 ser. 3)

No. 2: Johane 10:22-39

No. 3: Tlhokomela Tsela e o Akanyang ka Yone Mme o Tile se se Bosula (kl-TN ts. 121 dir. 9-10)

No. 4: *td-TN 11B Molelo ke Tshwantshetso ya go Nyelelediwa Ruri

Nov. 17 Mmalo wa Baebele: Johane 12 le 13

No. 1: Kafa Boikarabelo Jwa go Neela Bosupi bo Neng Jwa Diragadiwa ka Gone (jv-TN ts. 561 ser. 1–ts. 565 ser 2)

No. 2: Johane 12:1-16

No. 3: Go Ikanyega go Molekane wa Gago go Lere Boitumelo mo Lenyalong (kl-TN dits. 122-3 dir. 11-13)

No. 4: *td-TN 28A Meletlo ya Ngwaga le Ngwaga le Batlhanka ba Boammaaruri ba ga Jehofa

Nov. 24 Mmalo wa Baebele: Johane 14 go ya go 16

Pina No. 3

No. 1: Go Rera mo Mafelong a Botlhe le go Ithuta go Tlhalosa Tumelo ya Rona (jv-TN ts. 565 ser. 3–ts. 570 ser. 2)

No. 2: Johane 16:1-16

No. 3: Lo Seka Lwa Nna ba Lefatshe (kl-TN dits. 123-5 dir. 14-15)

No. 4: *td-TN 12B Go Obamela Ditshwantsho E ne E le Seru go Baiseraele

Dec. 1 Mmalo wa Baebele: Johane 17 le 18

Pina No. 96

No. 1: Selo se Basupi ba Boammaaruri ba Modimo ba Itsegeng ka Sone (jv-TN ts. 570 ser. 3–ts. 574 ser. 4)

No. 2: Johane 18:1-14

No. 3: Ke Eng fa Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Keteke Keresemose kana Malatsi a Botsalo (kl-TN ts. 126 dir. 16-17)

No. 4: *td-TN 5A Go na le Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri

Dec. 8 Mmalo wa Baebele: Johane 19 go ya go 21

Pina No. 87

No. 1: Johane—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 198-9 dir. 30-5)

No. 2: Johane 19:25-37

No. 3: Nnang lo Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa (kl-TN ts. 127 ser. 18)

No. 4: *td-TN 15A Go Itsise Leina la Modimo

Dec. 15 Mmalo wa Baebele: Ditiro 1 go ya go 3

Pina No. 55

No. 1: Ketapele ya Ditiro (si-TN dits. 199-200 dir. 1-8)

No. 2: Ditiro 1:1-14

No. 3: Kafa Melaometheo ya Baebele e Dirang ka Teng mo Tirong le mo Boitlosobodutung (kl-TN dits. 127-8 dir. 19-20)

No. 4: *td-TN 15C Dinonofo Tse di Kgolo Tsa Modimo ke Dife?

Dec. 22 Mmalo wa Baebele: Ditiro 4 go ya go 6

Pina No. 2

No. 1: Go Gatisa Dibuka Tsa Baebele Tse di Dirisiwang mo Bodireding (jv-TN ts. 575 ser. 1–ts. 579 ser. 3)

No. 2: Ditiro 5:27-42

No. 3: Bontsha go Tlotla Botshelo le Madi (kl-TN dits. 128-9 dir. 21-3)

No. 4: *td-TN 4A Basupi ba ga Jehofa ba Simologile Kae?

Dec. 29 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Luke 12 go ya go Ditiro 6

Pina No. 177

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela