LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/96 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa May

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa May
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka May 6
  • Beke e e Simololang ka May 13
  • Beke e e Simololang ka May 20
  • Beke e e Simololang ka May 27
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 5/96 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa May

Beke e e Simololang ka May 6

Pina 153

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: “Dira ka Pelo Yotlhe!” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla sekaseka setlhogo se se reng “Dintlha Tseo Lelapa le ka Buisanang ka Tsone,” go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 1982, tsebe ya 12 [w81 10/15 25].

20 mets: “Bua Boammaaruri le wa Gaeno.” Dipotso le dikarabo. Sekaseka dipuisano tse di akantshitsweng. Kgothaletsa batho ba basha gore ba nne le seabe mo go tsamaiseng dimakasine, ba simolola ka go dirisa dipuisano tse dikhutshwane. Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse di akaretsang puisano e e malebana le “Boikaelelo jwa Tora ya Tebelo” mo tsebeng ya 2.

Pina 148 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 13

Pina 63

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

20 mets: “Ga re Ise Re ko Re Nne le Dilo Tse Dintsi Jaana Tsa Semoya!” Dipotso le dikarabo. Dira gore go nne le baboledi ba le babedi kana ba le bararo, go akaretsa le mosha wa dingwaga tsa bolesome gore ba tlhalose masego mangwe a ba nnileng le one. Konela ka go bontsha kafa go nna le kanaanelo e e oketsegileng go re tlhotlheletsang ka teng gore re tlhoafale mo tirong e e boitshepo.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e di tlhokang. Kana puo e e neelwang ke mogolwane ka setlhogo se se reng “Ke Ka Ntlha Yang Fa go Bua Maaka Go le Bonolo Jaana?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 15, 1992, ditsebe 21-3.

Pina 193 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 20

Pina 126

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo go tsamaiseng dimakasine.

20 mets: “Tswelela Pele o Bua Boammaaruri.” Gatelela botlhokwa jwa go dira maeto a go boela ka mokgele wa go simolola dithuto. Buelela dipeeletso mo bathong ba ba ratang go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse dikhutshwane.

15 mets: “A o Tshwaregile Thata?” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla, akaretsa dikakgelo go tswa mo makasineng wa Tsogang! wa June 8, 1990, ditsebe 29-31. Dira gore mmoledi a le mongwe kana ba le babedi ba tlhalose ka bokhutshwane gore bone ba dirileng gore ba tle ba atlege ka thulaganyo ya bone e e tletseng ya puso ya Modimo.

Pina 28 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 27

Pina 121

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gopotsa baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya May ka bonako.

15 mets: Go tsamaisiwa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka June. Molebedi wa tirelo o tlhalosa pele lebaka la go bo buka ya Kitso e ile ya gatisiwa. Morago go foo, o boeletsa dintlhakgolo dingwe tsa yone le baboledi ba babedi kana ba le bararo ba ba nang le bokgoni. Buka eno e araba dipotso tse di malebana le isagwe ya rona, go boga ga batho, Bogosi jwa Modimo, boitsholo jwa bomodimo, botshelo jwa lelapa, le melemo ya thapelo. Batho ba babedi ba ba farologaneng mo setlhopheng seo ba supa tsela e e ka dirisiwang go simolola thuto e ka tswa e le ka loeto lwa ntlha kana fa go dirwa loeto lwa go boela. Morago ga foo molebedi wa tirelo o tlotla ka dintlha tse di latelang. Go tlhokega gore re tshware dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele ka nakwana e khutshwane go feta pele. Buka eno e diretswe segolobogolo lone lebaka leo. E tlhalosa boammaaruri ka tsela e e molemo le e e tshwanetseng. Dipotso tsa serapa sengwe le sengwe le tse di kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe di re thusa go tlhoma mogopolo wa rona mo dintlheng tse dikgolo. Buka eno gape e na le dikarabo tsa dipotso tse di bodiwang batho ba ba sa tswang go ineela ba ba batlang go kolobediwa. Kgothaletsa botlhe go itlhomela mokgele wa go simolola dithuto ka June.

10 mets: Lebokoso la Dipotso. Le bale mme o bo o tlotla ka lone le bareetsi.

15 mets: Nna le Seabe sa go Dira Maeto a go Boela Beke Nngwe le Nngwe. Motlotlo o o kgothatsang ka molebedi wa tirelo kana mogolwane mongwe yo o dirang maeto a go boela ka metlha. Balebedi ba le mmalwa ba ba etang ba ile ba bolela gore go na le bakaulengwe ba le mmalwa fela ba ba dirang maeto a go boela. Maemo a ntse jang mo phuthegong ya lona? Tlhalosa dipalo tsa gone. Tirelo ya Rona ya Bogosi e na le setlhogo sengwe kgwedi nngwe le nngwe se se buang ka karolo eno e e botlhokwa ya bodiredi jwa rona. A lo dirisa dikakantsho tseno? Gape go etswe tlhoko gore ke batshwari ba le mmalwa fela ba thuto ya buka ba ba tlhomamisang gore baboledi ba dira maeto a go boela le gore ba dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng e e kafa morago ga Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe gore ba amege thata ka go dira maeto a go boela, ba iketleeditse go dirisa mo e ka nang sephatlo sa ura mo tirelong ya tshimo go dira maeto a go boela. Fa nako e letla, boeletsa tshedimosetso e e mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona mo ditsebeng 88-9.

Pina 155 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela