Batsadi ba ba Itumetseng!
1 Fa e le gore o mosha yo o nnang mo lelapeng la Bokeresete, go na le tsela e e kgethegileng e o ka itumedisang batsadi ba gago ka yone. Fa o latela tsela ya tshiamo, ‘rraago le mmaago ba tla itumela.’ (Dia. 23:22-25) Ka tlwaelo fela batsadi ba gago ba go batlela dilo tsotlhe tse di molemo. Ga go na sepe se se tla ba itumedisang go feta fa o ka dira gore boammaaruri e nne jwa gago le go neela botshelo jwa gago mo go Jehofa.
2 O tshwanetse go leboga thata go bo o na le batsadi ba ba mo boammaaruring. Fa e sa le o tsholwa, ba ile ba go jesa, ba go apesa, ba go fa lefelo le o nnang mo go lone le go go tlhokomela ka dinako tsa fa o ne o lwala. Mme se se botlhokwa le go feta, ba ne ba leka go go ruta ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo; thapiso eno e ka dira gore o bone botshelo jo bo sa khutleng. (Baef. 6:1-4) O ka supa jang kanaanelo ya gago?
3 Dira Gore Boammaaruri e Nne Jwa Gago: Batsadi ba gago ba lekile go go ruta gore o tseye boammaaruri masisi, o gatele pele semoyeng, le gore o atamalane le mokgatlho wa ga Jehofa. O ka supa gore o anaanela seno ka go kgatlhegela thuto ya lelapa o sa patelediwe. Bontsha gore o batla go nna teng kwa dipokanong ka bowena fela ka go ipaakanya o sa bolelelwe gore lelapa le fitlhe ka nako. Nna le batsadi ba gago ka nako ya dipokano, mme o reetse ka kelotlhoko le go bala mo dikgatisong tse di ithutiwang. Leka ka natla gore o nne le seabe kwa dipokanong ka go akgela. Itshupe gore o moithuti yo o iketleeditseng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka go amogela dikabelo le go di dira ka bojotlhe. Ithaopele go thusa go dira ditiro dingwe mo Holong ya Bogosi koo thuso ya gago e tlhokegang gone. Fa o dira ditiro tse di ntseng jalo go ka go thusa gore o tlhome pelo ya gago mo dilong tse di siametseng bomoya jwa gago.
4 Itlhomele Mekgele ya go Gatela Pele: Leka go nna le seabe se se botoka mo tirelong ya tshimo, o supa gore o batla go nna mmoledi. Bala mmalo wa Baebele wa beke le beke ka metlha kana se se botoka go feta seo, bala Baebele yotlhe ka bowena fela. Ititeye sehuba gore o tla dira se se batlegang gore o siamele go ineela le go kolobediwa. Batsadi ba gago ba ka go thusa go rulaganya dithuto tsa gago tsa sekolo sentle e le gore o tle o kgone go bona thapiso e e tla go thusang gore o nne le seabe se segolo mo tirelong ya ga Jehofa. Dira ka natla gore o itsege ka tsela e e tla dirang gore batho ba bangwe ba go buelele gore o kgone go bona ditshiamelo tse di kgethegileng tse di ntseng jaaka go nna mmulatsela kana go direla kwa Bethele. (Dit. 16:1, 2) Go fitlhelela mekgele go ka go thusa gore o ‘dumalane le dilo tse di molemo, gore o ke o . . . tladiwe maungo a tshiamo.’—Bafil. 1:10, 11.
5 Bosha ke nako ya go ithuta, go nna le maitemogelo, le go ithuta go dirisana le batho ba bangwe. Ke nako ya gore o itumelele botshelo o sa tshwenyege e bile o sena maikarabelo a motho a nnang le one fa o nna mogolo. Solomone o ne a bolela jaana: “Itumele, wena lekau, mo bokaung jwa gago; a pelo ya gago e go jese monate mo metlheng ya bokau jwa gago.” (Mor. 11:9) Fa o tlhoma pelo ya gago mo go direleng Jehofa mo bosheng jwa gago, o tla bona masego a a tla nnelang ruri.—1 Ditir. 28:9.
6 Fa o ‘latela tshiamo’ go na le “dithato tsa bokau,” o tla thusa batsadi ba gago gore ba se ka ba rwala morwalo wa go tlhobaela le go utlwa botlhoko. (2 Tim. 2:22) O tla itumedisa le pelo ya gago. (Dia. 12:25) Go feta moo, o tla itumedisa Mmopi wa gago, e bong Jehofa Modimo.—Dia. 27:11.