LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/95 ts. 3-4
  • “Go Dira mo Gontsi mo Tirong ya Morena”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Go Dira mo Gontsi mo Tirong ya Morena”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsamaisa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Letsholo le le Kgethegileng ka October 16–November 12!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • ‘Tlhoafalelang Ditiro Tse di Molemo’ ka April!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 4/95 ts. 3-4

“Go Dira mo Gontsi mo Tirong ya Morena”

1 Tota re na le thulaganyo ya dilo tse dintsi tsa puso ya Modimo tse re lebeletseng go di dira ka April le May! Ka April 14 re tla bo re keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Re tshwanetse go kgothatsa batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng gore ba nne teng mo tiragalong e e botlhokwa eno: batho ba re ba itseng ba dikgwebo, ba losika ba ba sa dumeleng, balekane ba sekolo, batho ba ba sa tswang go kgatlhega le baithuti ba Baebele. Dira lenaane la batho ba o ikaeletseng go ba laletsa gore o se ka wa fosa ope wa bone.

2 Mo bekeng e e latelang re tla kgothatsa batho botlhe ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong gore ba tle go reetsa puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ka April 23, ya setlhogo se se reng “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse.” Go solofelwa gore batho ba bantsi ba ba kgatlhegang ba ba tla utlwang molaetsa o o tlhamaletseng ono ba tla bona botlhokwa jwa go kopanela ka metlha le phuthego, e seng fela ka dinako tse di kgethegileng.

3 Go Tla Gololwa Pampitshana e e Kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosi: Selo se se botlhokwatlhokwa se se tla diragalang ka pokano ya April 23 e tla bo e le go gololwa ga pampitshana e e tshwanelang sentle ya ditsebe tse nne ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34 e e tla tsamaisiwang gongwe le gongwe go fitlha ka May 14. A ga o dumalane gore go tla bo go na le “go dira mo gontsi mo tirong ya Morena” ka nako eno ya Segopotso?—1 Bakor. 15:58, NW.

4 Go tla romelwa dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi kwa phuthegong nngwe le nngwe. Dibokoso tse di tsentseng dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi di tshwanetse go bewa mo lefelong le le bolokesegileng mme ga di a tshwanela go bulwa go fitlhela ka nako ya fa thulaganyo ya April 23 e konelwa. Ka nako eo bakaulengwe le batho botlhe ba tla fiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi gore ba e anamise. Kwa bokhutlong jwa dipokano tsa phuthego, dikopano tsa potologo, kana dithulaganyo tsa letsatsi la kopano e e kgethegileng ka April 23, mongwe le mongwe yo o leng teng o tla fiwa pampitshana gore a tle a itlwaelanye le diteng tsa yone gore a tle a ipaakanyetse go e tsamaisa.

5 Bagolwane ba Tla Nna le mo Gontsi go go Dira: Mo tshimologong ya kgwedi eno bagolwane ba tshwanetse gore ba kopane gore ba buisane ka dilo tse di tla dirwang ka letsholo le le kgethegileng leno. Diphuthego di tshwanetse go leka go dira tshimo ya tsone yotlhe e di e abetsweng. Pele ga letsholo leno le fela, dirang maiteko a a kgethegileng go dira mafelo a a ntseng a sa dirwe mo dikgweding tse thataro tse di fetileng. Ka ntlha ya tiro e e botlhokwa eno, re batla go beela nako e ntsi ka mo re ka kgonang ka teng kwa thoko gore re e dirise mo bodireding. Kwantle ga pelaelo go tla nna le baboledi ba ba oketsegileng ba ba tla ikwadisang jaaka babulatsela ba ba thusang. Ka mo go bonalang ka teng go tla nna le baithuti ba Baebele ba le bantsi ba ba tla re thusang jaaka bao ba sa tswang go amogelwa jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang. A bo re tla itumela jang ne fa re dira mmogo mo tirong ya Morena!

6 Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go neela bosupi ka ditlhopha ka Matlhatso le ka Sontaga. Mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng o tshwanetse go kgothadiwa gore a nne le seabe ka botlalo. Mo godimo ga tiro e e dirwang ka mafelobeke, go tshwanetse ga rulaganngwa gore go neelwe bosupi maitseboa bobotlana gangwe mo bekeng ka nako ya letsholo leno. Bangwe ba ka tswa ba rata go kopanela mo tirelong morago ga sekolo gore ba tle ba fe baithuti ba ba batlang go nna le seabe ka mo go oketsegileng sebaka.

7 Go tshwanetse ga rulaganngwa dipokano tsa tirelo ya tshimo gore baboledi le babulatsela ba tle ba kgone go simolola go sa le gale mo bodireding letsatsi lengwe le lengwe. Dipokano tseno di tshwanetse tsa nna dikhutshwane. Mo go nngwe le nngwe go tshwanetse ga bontshiwa ka moo go ka neelwang puisano e e motlhofo ka teng ka pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Baboledi ba tshwanetse gape gore ba nne le ditokololo tsa dimakasine tsa bosheng tse ba ka di tsamaisang mo bathong ba ba kgatlhegang. Dipokano tsa tirelo tse di tshwarwang maitseboa di ka nna tsa akaretsa kakantsho e le nngwe kana di le pedi tse di bontshang ka moo motho a ka dirang ka teng loeto lwa go boela mo mothong yo o tsereng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Lefa go ntse jalo, baboledi bangwe ba ka tswa ba batla go nna le seabe mo go di anamiseng mo mosong le motshegare wa maitseboa. Ka ntlha ya seo, molebedi wa tirelo o tla tlhomamisa gore go na le tshimo e e lekaneng. Go tshwanetse ga kwalwa leina le aterese ya mongwe le mongwe yo o neng a kgatlhega mo rekotong ya go tsamaya ka ntlo le ntlo. Go ka nna ga kwalwa gape le dintlha tsa botlhokwa tsa puisano e khutshwane e lo nnileng le yone mo kholomong ya dikakgelo. Seno se tla go thusa gore o dire loeto lwa go boela moragonyana mo bekeng kana mo kgweding.

8 Fa phuthego e nngwe e thusa e nngwe go dira tshimo ya yone, maina le diaterese tsa batho ba ba kgatlhegang di tshwanetse tsa neelwa phuthego e e leng tshimo ya yone.

9 Batsadi, a lo dira maiteko a go thusa bana ba lona gore e nne baboledi ba ba sa kolobediwang? Go ile ga tlhokomelwa gore mo diphuthegong dingwe, bana ba ba itshwereng sentle ba nnile ba ntse ba tsamaya le batsadi ba bone ba ba ineetseng mo tirelong ka dingwaga di le mmalwa, mme bana bao ba dira sentle thata mo go seno, le mororo ba ise ba nne baboledi ba mafoko a a molemo. Batsadi ba tshwanetse go tlhatlhoba gore a tota bana ba bone ba tshwanelegela tshiamelo eno. Bagolwane ba babedi ba ka nna ba tlotla ka dintlha tsotlhe le tlhogo ya lelapa mme ba tlhotlhomise gore a ngwana a ka tsewa jaaka mmoledi yo o sa kolobediwang.—om-TN dits. 99-100.

10 A go na le baboledi bape mo phuthegong ya lona ba ba sa tlholeng ba ntshetsa Jehofa tshupelo ya pako ka tlhoafalo? (Baheb. 13:15) Batho bangwe ba ba ka tswang ba tsidifetse ba ka nna ba bo ba kgobegile marapo kana ba ngodiegisiwa ke ditlhobaelo tsa botshelo le mororo ba ntse ba tswelela pele ba tshegeditse melao ya Baebele e e malebana le boitsholo. Fa mongwe wa bagolwane a ka ba etela fela ka tsela e e botsalano go ka nna ga ba tlhotlheletsa gore ba boe ba kopanele gape ka metlha le phuthego, mme ka nako e e tshwanelang ba boe gape ba nne matlhagatlhaga mo bodireding.

11 Mongwe le Mongwe a ka Nna le Seabe mo Tirong e e Itumedisang Eno: A mongwe wa lona bana kana basha lo go fitlhela go le thata go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo? Mme go tweng ka lona ba ba sa tswang go kopanela ba lo iseng lo nne le boitemogelo jo bo kalo mo tirong ya go rera? Lo tla itumelela tiro e e kgethegileng eno ya go tsamaisa pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi thata! Go tlhokega fela gore o neele puisano e e motlhofo.

O ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:

◼ “Mo kgweding eno re anamisa molaetsa o o botlhokwa thata mo dinageng di le 232 mo lefatsheng lotlhe. Molaetsa ono o botlhokwa ka gonne o re neela mabaka a a utlwalang a gore re dumele gore mathata a re lebaneng le one gompieno a ka rarabololwa. Re ka rata gore le wena o nne le pampitshana ya gago.”

Kana o ka nna wa leka seno:

◼“Mo kgweding eno baithaopi ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba anamisa molaetsa o o botlhokwa ka dipuo di le dintsi. O gatiseditswe batho botlhe ba ba ratang go bona mathata otlhe a re lebaneng le one gompieno a rarabolotswe. Pampitshana eno ke ya gago ka namana.”

Puisano e e motlhofo eno e ka tswa e le e e go siametseng:

◼ “Re kgothaletsa mongwe le mongwe go bala molaetsa o o botlhokwa ono o o reng [bala setlhogo sa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi]. Ela tlhoko gore ya reng mo tsebeng eno ya 2 malebana le mathata a a oketsegang a . . . [bala mola o o o tlhophileng go tswa mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi]. Re tlhomamisega gore o tla itumelela go bala molaetsa o o tshwanelang sentle ono. Pampitshana eno ke ya gago.”

12 Nna le kgatlhego e e kgethegileng mo go mongwe le mongwe yo o tsayang pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Bua ka bonya le ka tsela e e utlwalang sentle; ga go tlhokege gore o itlhaganele mo puisanong ya gago. Re batla go dira tshimo ya rona ka botlalo le go tlhomamisa gore re naya mongwe le mongwe yo o kgatlhegelang go bala pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi khopi ya gagwe. Fa go sena ope kwa gae, tshwaya rekoto ya gago ya go tsamaya ka ntlo le ntlo ka kelotlhoko gore o tle o kgone go boa gape gore o tsamaisetse mongantlo pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi e ka nna ya dirisiwa fa go neelwa bosupi jwa mmila fa motho a kgatlhegela go e bala, mme ga di a tshwanela go abiwa fela go sa tlhaolwe e kete ke dipampitshana tsa taletso. Go na le moo, atamela motho yo o fetang ka tsela, mme o mo tlhalosetse ka molaetsa o o botlhokwa o o tsamaisiwang. Dirisa pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi fa o neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo, fa o le mo loetong, kana fa o neela motho yo o dirang le ene bosupi ka nako ya gago ya dijo. Batho ba ba koafetseng mo mmeleng le ba ba sa kgoneng go tswela kwa ntle kana ba sa kgone fela ka ntlha ya mabaka a mangwe ba ka nna ba e tsamaisetsa baeng, dingaka le baoki, barekisi, le batho ba bangwe ba ba tlang mo matlong a bone.

13 O tla dira maeto a go boela a le kae ka nako ya letsholo leno? Kwantle ga pelaelo a tla bo a le mantsi thata, ka gore batho botlhe ba ba neng ba kgatlhegela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ba tshwanetse go etelwa gape. Mo loetong lwa gago lwa ntlha, go tla nna molemo thata fa o ka tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi fela. Mme morago ga foo, fa o boela, o ka nna wa akgela go se kae ka moo molaetsa o o mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi o tshwanelang sentle ka gone. Reetsa ka kelotlhoko fa mongantlo a tlhalosa ka moo ene a ikutlwang ka teng ka se a se badileng. Tsela e a akgelang ka yone e tla go thusa gore o tle o kgone go itse gore o ka mo tsamaisetsa dimakasine dife tsa bosheng le gore gongwe o ka ipaakanyetsa jang go tsweletsa motlotlo pele. Fa motho a arabela sentle fa o boela, leka go simolola thuto ya Baebele.—1 Bakor. 3:6, 7.

14 ‘Tiro ya Lona E ka Se Nne ya Lefela mo Moreneng’: A tiro eno yotlhe e tla nna le mosola? Paulo o ne a tlhomamisetsa Bakorinthe jaana: ‘Tiro ya lona e ka se nne ya lefela mo Moreneng.’ (1 Bakor. 15:58) Mo dingwageng tse di fetileng, maiteko a rona a go anamisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi a ile a segofadiwa thata. Fa banyalani bangwe ba sena go fudugela mo foleteng nngwe e e neng e sena batho, ba ne ba fitlhela khopi ya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ya kgalenyana mo llaeng nngwe. E ne e le yone fela selo se se neng se setse mo foleteng eo. Fa ba sena go e bala, ba ne ba ikgolaganya le phuthego ya lefelo leo mme ba kopa thuto ya Baebele. Ba ne ba simolola go nna teng mo dipokanong tsotlhe mme moragonyana ba bolela fa ba batla go kolobediwa. Gongwe pampitshana nngwe e o e tlogelang e tla nna le matswela a a tshwanang!—Bona gape le Awake! ya November 8, 1976, tsebe 15.

15 Re na le tiro e e seng kana ka sepe e e re lebaneng. Mokgele wa rona ke gore phuthego nngwe le nngwe e bo e dirile tshimo ya yone yotlhe e e e abetsweng ka May 14 kana fa kgwedi e fela fa e le gore go tlhokega gore go okediwe nako ya go anamisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Go setse go dirilwe diphuthelwana tse di tla romelwang gore mmulatsela mongwe le mongwe yo o thusang le wa ka metlha a bone dikhopi di le 250 tsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Mmoledi mongwe le mongwe wa phuthego o tla fiwa dipampitshana tse di ka nnang 50. Baboledi le babulatsela ba tshwanetse go tsaya fela dipampitshana tse ba tla kgonang go di tsamaisa mme ba tshwanetse go busa tse di setseng gore batho ba bangwe ba di dirise. Fa go dirisanwa mmogo seno se tla tlhomamisa gore molaetsa o o botlhokwa ono o anamisiwe kgakala ka mo go ka kgonegang ka teng. Fa e le gore diphuthego dingwe tse di abetsweng tshimo e kgolo ga di a kgona go dira tshimo ya tsone yotlhe mo bogareng jwa May mme go santse go na le dipampitshana tse di setseng, go tla nna molemo fa di ka laletsa diphuthego tse di gaufi gore di tle go thusa. Mo diphuthegong tse dingwe, thuso e e tlhokegang mo phuthegong e ka neelwa fa baboledi ba ka oketsa tiro ya bone ka go ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang kana ka go nna le seabe ka mo go oketsegileng mo bodireding.

16 Go tlhokega gore re ineele ka botlalo mo go Jehofa gore re tle re kgone go fetsa tiro ya rona. (Bakol. 3:23) Matshelo a batho a amega mo go seno. Batho ba ka se itlhokomolose gore maemo a lefatshe a lebile kae gompieno. Ga go sa tlhole go na le nako. Ba tshwanetse gore ba dumele gore motho ga a kgone go rarabolola mathata a lefatshe. Modimo a ka kgona. Batho ba ba batlang go bona masego a Modimo ba tshwanetse gore ba tseye kgato e e tlhamaletseng, ba se ka ba diega, ba dire se a se batlang.

17 Fa letsholo le le kgethegileng leno le fela ka May 14, a re tla repisa? Nnyaa! Re tla nna re tshwaregile re dira go ya kafa kgakololong e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela