Tora ya Tebelo le Tsogang!—Dimakasine Tsa Motlha wa Rona o o Potlakileng!
1 Mo go diragadiweng ga boperofeti jwa Baebele go na le ditiragalo tse di diregang tse di gamaregisang lefatshe! Fa re ntse re akanya ka se se diragalang go re dikologa mo lefatsheng le mo phuthegong ya puso ya Modimo, re tlhaloganya sentle gore go potlakile thata jang gore re rere “mafoko a a molemo” a Bogosi. (Mar. 13:10) Seno se dira gore re nne le lebaka la go batla go tswelela pele ka tlhoafalo mo bodireding jwa rona ka kgwedi ya April.
2 Botlhokwa jwa molaetsa wa rona bo gatelelwa ke tiro e e kgethegileng e re tla e dirang mo kgweding eno. Re lebeletse ka tlhoafalo go gololwa ga pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e re tla e anamisang ka April le May. Tora ya Tebelo le Tsogang! di tla bo di na le ditlhogo tse di tshwanelang sentle tse di gatelelang botlhokwa jwa boperofeti jo bo diragadiwang jwa ditiragalo tse di tshosang mo lefatsheng tse di tla re thusang go tlhagafala mo tirong eno mmogo le go tlhagolela kgatlhego mo tshimong ya rona. Ka April go tla bo go buelelwa peeletso ya Tora ya Tebelo. Bangwe ba ka tswa ba batla go tsamaisa peeletso ya Tora ya Tebelo mmogo le ya Tsogang! Re ka baakanyetsa jang puisano e e tla dirang gore batho ba kgatlhegele dimakasine?
3 Gongwe o ka kgona go dira puisano e e mosola ka go latela dikgato tseno tsa konokono: (1) Tlhopha setlhogo sengwe mo go nngwe ya dimakasine se o akanyang gore se tla kgatlha batho ba ba mo lefelong la lona. (2) Tlhopha polelo kana lokwalo lo lo nopotsweng mo setlhogong seno se o akanyang gore se tla tsosa kgatlhego ya mongantlo. (3) Baakanyetsa puisano e e khutshwane e e akaretsang tumediso e e botsalano, potso kana kgang e e gatelelang ntlha e e kgatlhang e e tswang mo Dikwalong, mme o kope mongantlo ka tlhoafalo gore a ikamogelele peeletso. Jaaka fa o ka bona, go dira seno go motlhofo thata e bile ga go a raraana. Gongwe o ka rata go kopana le mmoledi yo mongwe yo o dirang le ene mo bodireding mme lo baakanyetse puisano nngwe.
4 E re ka “Tsogang!” ya May 8 e botsa potso e e reng, “A Eno ke Metlha ya Bofelo?,” o ka nna wa sekaseka tshedimosetso e e kafa tlase ga setlhogo se se reng “Metlha ya Bofelo” mo tsebeng ya 13 mo bukeng ya “Go Fetolana.” O ka nna wa simolola ka go bolela jaana:
◼ “Re lo etetse jaana go tla go tlotla ka dilo tse di tshosang tse di diragalang go re dikologa. Ela tlhoko gore setlhogo seno se a reng . . .”
5 “Tora ya Tebelo” ya April 1 e botsa potso e e reng: “Bodumedi—A Ke Moila go Bua ka Jone?” Fa o tsamaisa makasine ono, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Gantsi go a tle go twe bodumedi ke kgang e go sa tshwanelang go buiwa ka yone ka go bo e ikganetsa thata. Wena o akanya eng ka seo?” Morago ga foo o bo o bua ka polelo nngwe mo setlhogong seo.
6 O ka tswa o dirisa “Tora ya Tebelo” ya April 15 e e nang le setlhogo se se reng “A Boammaaruri Jwa Bodumedi bo ka Bonwa?” Motho a ka nna a arabela sentle fa o simolola jaana:
◼ “E re ka go na le ditumelo tse di dintsi jaana gompieno, batho bangwe ba ipotsa gore a boammaaruri jwa bodumedi bo ka bonwa. Setlhogo seno se bontsha tsela nngwe e nna le wena re ka bonang karabo e e kgotsofatsang ya potso eno ka teng. . . .”
7 Pele ga fa o ya go rera, ke eng o sa ithapise le mmoledi yo mongwe ka puisano ya gago gore o e tlwaele? Gongwe lo ka kgona go thusana ka dikakantsho tse di molemo tse di ka lo thusang gore lo nne le matswela a a oketsegileng le gore lo nne pelokgale le go feta.
8 Jaaka fa bofelo jwa tsamaiso eno bo ntse bo atamela, e kete re ka dira maiteko a a oketsegileng go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go tswa mo go Babelona o Mogolo. (Tshen. 18:4) Tora ya Tebelo le Tsogang! di na le seabe se segolo mo tirong e e botlhokwatlhokwa eno. Re leboga Jehofa go bo a re file didirisiwa tse di molemo tseno!